Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 123


Tsetlana 123

Tiro ya baitshepi mabapi le batshwenyi ba bone, jaaka e kwadilwe pele ke Moperofeti Joseph Smith, fa a ne a le legolegwa mo kgolegelong kwa Liberty, Missouri. Tsetlana e ke bontlha bongwe go tswa mo lokwalong go Kereke letsatsi Mopitlo 20, 1839 (bona setlhogo sa tsetlana 121).

1–6, Baitshepi ba tshwanetse go kgobokanya le go anamisa pego ya go boga le dipogiso tsa bone; 7–10, One mowa oo o o rulagantseng ditumelo tse e seng tsone le gone o gogela mo go tshwenngweng ga Baitshepi; 11–17, Bontsi mo gare ga diphuthego tsotlhe bo santse bo tlaa amogela boammaaruri.

1 Mme gape, re eletsa go le gopotsa go ela tlhoko tshwanelo ya baitshepi botlhe ba ba phuthang kitso yotlhe ya nnete, le dipogisego le dikgobololo tse ba di bogisitsweng ke batho ba Kgaolo e;

2 Mme le gone ya dithoto tsotlhe le palo ya ditshenyegelo tse ba di boneng, tsotlhe tsa maina le dikgobalo, ga mmogo le dithoto;

3 Mme le gone maina a batho botlhe ba ba nnileng le seabe mo dipatikong tsa bone, go yeng ka fa ba ka kgonang go a bona le go a itse.

4 Mme gongwe komiti e ka tlhomiwa go batla dilo tse, le go tsaya dipolelo le mekwalo ya tumalano; mme le gone go phutha dikanamiso tsa go senngwa leina tse di anamisitsweng;

5 Le tsotlhe tse di mo makasineng, le mo dibukeng tsa kitso, le tsotlhe ditso tsa ditshenyo tseo di anamisitsweng, mme di kwalwa, le ke bo mang, le go neela tsotlhe tse di tshwaragantsweng ka mowa o o maswe wa bolotsana wa boikepo le boleo le morwalo wa dipolao tse di ntseng di dirwa mo bathong ba—

6 Gore re seka ra anamisa fela mo lefatsheng lotlhe, mme re di neele ditlhogo tsa badiredi ba puso mo lefifing lotlhe le mmala wa molete, jaaka boiteko jwa bofelo jo re bo laoletsweng ke Rraetsho wa Legodimo, pele fa re ka lopa ka botlalo le ka gotlhe tsholofetso eo e e tlaa mmitsang go tswa mo boiphitlhelong jwa gagwe; mme le gone gore tšhaba yotlhe e ka sala e sena seipato pele a ka romela thata ya maatla a letsogo la gagwe.

7 Ke tiro e e tshwanetseng e re tlhokang go e direla Modimo, baengele, ba re tlaa tlisiwang go ema le bone, mme le gone mo go rona, le basadi ba rona le bana, ba ba dirilweng gore ba khubame ka khutsafalo, bohutsana, le tlalelo, ka fa tlase ga seatla se se hutsang sa polao, bopatiki, le patiko, re tlamelwa le go gwetlhwa le go tshegediwa ke tlhotlheletso ya Mowa oo o o nitamisitseng ditumelo tsa borraabone, ba ba amogetseng maaka, mo dipelong tsa bana, mme o tladitse lefatshe ka phuduego, mme o ntse o thatafala thata, e bile jaanong ruri ke motswedi wa sotlhe sebodu, mme lefatshe lotlhe le duma ka fa tlase ga bokete jwa boikepo jwa one.

8 Ke jokwe ya tshipi, ke sebofo se se thata; ruri ke dihaka, le dikeetane, le dikgole, le mefiri ya molete.

9 Ke gone ka moo ke tiro e e tshwanetseng e re tlhokang go e dira, e seng fela mo basading ba rona le bana, mme le mo batlholagading le dikhutsana, bao banna ba bone le bo rraabone ba bolailweng ka fa tlase ga seatla sa one sa tshipi;

10 Ditiro tse di lefifi le tse di ntshofatsang di lekaneng go dira molete ka bo one gore o tsipoge, le go ema ka kgakgamalo le go setlhafala, le diatla tsa ga diabole tota go roroma le go tetesela.

11 Mme le gone ke tiro e e tshwanetseng e re tlhokang go e direla tshika yotlhe e e golang, le mo go botlhe ba ba itshekileng mo pelong—

12 Gonne go na le ba le bantsi ba ba santseng ba le mo lefatsheng mo gare ga tsotlhe diphuthego, makoko, le makgamu, ba ba timeditsweng ke boferefere jwa batho, ka moo ba laletse go tsietsa, mme ba fela ba thibetsweng boammaaruri ka ntlha ya gore ga ba itse ko ba ka bo bonang teng—

13 Ke gone ka moo, re tshwanetse go neela matshelo a rona mo go tsiseng mo leseding dilo tsotlhe tse di fitlhegileng tsa lefifi, jaaka fa re di itse; mme ka boammaaruri di bonatshega go tswa kwa legodimong—

14 Tse di tshwanetse ke gone di dirwe ka tlhwaafalo e kgolo.

15 A motho ope a se di kae jaaka dilo tse di potlana; gonne go gontsi mo go tlang mo isagong, malebang le baitshepi, mo go ikaegileng ka dilo tse.

16 Lo a itse, bakaulengwe, gore sekepe se se tona se thusiwa thata ke lefetlho le lennye ka nako ya matsubutsubu, ka go tshegediwa mo seemong sa phefo le makhubu.

17 Ke gone ka moo, bakaulengwe ba ba rategang, a re direng ka go itumela dilo tsotlhe tse di mo thateng ya rona; mme ke gone re ka ema ka tlhomamo, ka tsholofelo e kgolo, go bona poloko ya Modimo, le gore letsogo la gagwe le senolwe.