Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 35


Tsetlana 35

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith le Sidney Rigdon, kwa kgotsa gaufi le Fayette, New York, Sedimonthole 7, 1830. Ka nako e, Moperofeti o ne a tshwaraganye go batlile letsatsi le letsatsi mo go direng thanolo ya Baebele. Thanolo e simolotswe go sale gale ka Seetebosigo 1830, mme botlhe Oliver Cowdery le John Whitmer ba ne ba dirile jaaka bakwadi. E re ka jaanong ba ne ba bileditswe ditiro tse dingwe, Sidney Rigdon o ne a biditswe ka go tlhomo ya selegodimo go dira jaaka mokwadi wa Moperofeti mo tirong e (bona temana 20). Jaaka ketapele ya tshupo ya tshenolo e, Ditso tsa ga Joseph Smith di bolela: “Ka Sedimonthole Sidney Rigdon o ne a tla [a tswa Ohio] go botsa Morena, mme a patilwe ke Edward Partridge. … ka bokhutshwane morago ga go goroga ga bakaulengwe ba babedi ba, ga bua jaana Morena.”

1–2, Ka fa batho ba ka nnang barwa Modimo ka teng; 3–7, Sidney Rigdon o bileditswe go kolobetsa le go neela Mowa o o Boitshepo; 8–12, Ditshupo le dikgakgamatso di dirwa ka tumelo; 13–16, Batlhanka ba Modimo ba tlaa photha ditšhaba ka thata ya Mowa; 17–19, Joseph Smith o tshwere dilotlele tsa masaitsiweng; 20–21, Baitshenkedwi ba tlaa itshokela letsatsi la go tla ga Morena; 22–27, Iseraele o tlaa bolokwa.

1 Reetsang lentswe la Morena Modimo wa lona, e bong Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo, yo o tsela ya gagwe e leng tikologo e le nngwe ya bo sa khutleng, ke ntse ke ene wa gompieno le wa maabane, le wa bosenang bokhutlo.

2 Ke Jeso Keresete, Morwa Modimo, yo ke neng ke bapoletsweng dibe tsa lefatshe, e bong botlhe ba ba tlaa dumelang mo leineng la me, gore ba ka nna bana ba Modimo, le e leng ba le bangwefela le nna fela jaaka ke le mongwefela le Rara, jaaka Rara le nna re le mongwe fela, gore re ka nna bangwefela.

3 Bonang, ammaaruri, ammaaruri, ke raya motlhanka wa me Sidney, Ke ntse ke go lebile le ditiro tsa gago. Ke utlwile dithapelo tsa gago, mme ke go baakanyeditse tiro e bogolo segolo.

4 O sego, gonne o tlaa dira dilo tse dikgolo. Bona o rometswe, fela jaaka Johane, go baakanya tsela fa pele ga me, le fa pele ga ga Elija yo a tlaa tlang, mme e o a sa e itseng.

5 O ne wa kolobeletsa boikotlhao ka metsi, mme ga ba a amogela Mowa o o Boitshepo;

6 Mme jaanong ke go neela taelo, gore o kolobetse ka metsi, mme ba tlaa amogela Mowa o o Boitshepo ka go bewa diatla, fela jaaka baaposetole ba bogologolo.

7 Mme go tlaa diragala gore go nne le tiro e kgolo mo lefatsheng, le e leng mo gare ga Baditšhaba, gonne boeleele jwa bone le makgapha a bone di tlaa bonadiwa mo matlhong a batho botlhe.

8 Gonne Ke nna Modimo, mme letsogo la me ga le a khutshwafala; mme ke tlaa supa dikgakgamatso, ditshupo, le metlholo, mo go bao botlhe ba ba dumelang mo leineng la me.

9 Mme le fa e le mang yo o tlaa kopang mo leineng la me ka tumelo, ba tlaa kgoromeletsa mewa e e bosula ntle; ba tlaa fodisa balwetse; ba tlaa dira gore difofu di amogele pono, le bosusu ba utlwe, le dimumu di bue, le digole di tsamaye.

10 Mme nako e etla ka pela e mo go yone dilo tse dikgolo di tlaa supiwang mo baneng ba batho;

11 Mme kwa ntle ga tumelo ga go kitla go supiwa sepe fa e se fela ditshwafalo mo Babilone, ene yo o dirileng gore ditšhaba tsotlhe di nwe mofine wa tšhakgalo ya kgokafalo ya gagwe.

12 Mme ga gona bape ba ba dirang molemo fa e se ba ba ipaakanyeditseng go amogela botlalo jwa efangele ya me, e ke e rometseng mo tshikenge.

13 Ke gone, ke bitsa dilo tse di bokowa tsa lefatshe, bao ba ba sa rutegang e bile ba nyadiwa, go photha ditšhaba ka thata ya Mowa wa me;

14 Mme letsogo la bone e tlaa nna letsogo la me, mme Ke tlaa nna thebe le thejane ya bone; mme Ke tlaa tlama matheka a bone, mme ba tlaa ntwela senna; mme baba ba bone ba tlaa nna ka fa tlase ga dinao tsa bone; mme ke tlaa ba kgemetha ka tšhaka mo boemong jwa bone, mme ka molelo wa kgalefo ya me ke tlaa ba dibela.

15 Mme bahumanegi le ba ba bonolo ba tlaa rerelwa efangele, mme ba tlaa lebelela nako ya go tla ga me, gonne e atametse—

16 Mme ba tlaa ithuta setshwantsho sa setlhare sa mofeige, gonne le fela jaanong selemo se setse se le gaufi.

17 Mme ke rometse botlalo jwa efangele ya me ka seatla sa motlhanka wa me Joseph; mme mo bokoeng ke mo segofaditse;

18 Mme ke mo neetse dilotlele tsa bosaitsiweng jwa dilo tseo tse di kannweng, e bong dilo tse di neng di le gone mo motheong ya lefatshe, le dilo tse di tlaa tlang go tswa mo nakong e go fitlha nako ya go tla ga me, fa a nna mo go nna, mme fa go sa nna jalo, yo mongwe ke tlaa mo tlhoma mo boemong jwa gagwe.

19 Ke gone, mo lebelele gore tumelo ya gagwe e se tlhaele, mme di tlaa neelwa ka Mogomotsi, Mowa o o Boitshepo, o o itseng dilo tsotlhe.

20 Mme ke go e neela taelo—gore o mo kwalele; mme dikwalo tse di boitshepo di tlaa senolwa, fela jaaka di ntse mo sehubeng sa me, go isa polokong ya baitshinkedwi ba me;

21 Gonne ba tlaa utlwa lentswe la me, e bile ba tlaa mpona, mme ga ba kitla ba robala, mme ba tlaa itshokela letsatsi la go tla ga me; gonne ba tlaa itshekisiwa, fela jaaka ke itshekile.

22 Mme jaanong Ke a go raya, ema ema le ene, mme o tlaa tsamaya le wena; se mo tlogele, mme ruri dilo tse di tlaa diragadiwa.

23 Mme e re ka o sa kwale, bona, o tlaa neelwa go perofesa; mme wena o tlaa rera efangele ya me le go bitsa baperofeti ba ba boitshepo go tlhomamisa mafoko a gagwe, jaaka a tlaa a neelwa.

24 Tshegetsa ditaelo le dikgolagano tsotlhe tse o itlamileng ka tsone; mme ke tlaa dira gore magodimo a tshikinyegele molemo wa gago; mme Satane o tlaa roroma mme Sione o tlaa ipela mo dithabeng mme a tlhogonolofale;

25 Mme Iseraele o tlaa bolokwa mo nakong ya me e e tshwanetseng; mme ka dilotlele tse ke di neetseng ba tlaa gogwa, mme ga o kake wa tlhola o tlhabisiwa ditlhong.

26 Thamang mo dipelong tsa lona mme le itumele, thekololo ya lona e gaufi.

27 Se boifeng, letsomanyane le lennye, bogosi ke jwa lona go fitlha ke tla. Bonang, ke tla ka pela. Fela jalo. Amene.