Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 43


Tsetlana 43

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Tlhakole 1831. Ka nako e maloko mangwe a Kereke ba ne ba tshwentswe ke batho ba ka phoso ba neng ba ipateletsa go nna basenodi. Moperofeti a botsa Morena mme a amogela molaetsa o o o neng o lebagantswe le bagolwane ba Kereke. Karolo ya ntlha e itebagantse le dikgang tsa go laolwa ga Kereke; karolo ya bofelo e na le ditlhagiso tseo bagolwane ba tshwanetseng go di neela ditšhaba tsa lefatshe.

1–7, Ditshenolo le ditaelo di tla fela ka motho yo o tlhomilweng; 8–14, Baitshepi ba itshepisiwa ka go dira ka boitshepo jotlhe fa pele ga Morena; 15–22, Bagolwane ba romelwa go bolela boikotlhao le go baakanyetsa batho letsatsi le legolo la Morena; 23–28, Morena o bitsa batho ka lentswe la Gagwe le ka dithata tsa tlholego; 29–35, Lebaka la dingwaga tse di sekete le go bofiwa ga ga Satane di tlaa tla.

1 Ao tlhwayang tsebe, lona bagolwane ba kereke ya me, mme lo sekegele mafoko ame tsebe a Ke tlaa a buang le lona.

2 Gonne bonang, ammaaruri, ammaaruri, Ke a lo raya, gore lo amogetse taelo ya molao mo kerekeng ya me, ka ene yo Ke mo tlhomileng mo go lona go amogela ditaelo le ditshenolo mo seatleng sa me.

3 Mme se lo tlaa se itse ruri—gore ga go na ope yo mongwe yo o tlhomilweng mo go lona go amogela ditaelo le ditshenolo go fitlha a tsewa, fa a nna mo go nna.

4 Mme, ammaaruri, ammaaruri, Ke a lo raya, gore ga go ope o sele yo o tlaa tlhomiwang mo neong e fa e se fela ka ene; gonne fa e tsewa mo go ene ga a kitla a nna le thata fa e se fela go tlhomiwa yo mongwe mo boemong jwa gagwe.

5 Mme se e tlaa nna molao mo go lona, gore lo se amogele dithuto ka ope tse di tlaa tlang fa pele ga lona jaaka ditshenolo kgotsa ditaelo;

6 Mme se ke a se lo neela gore lo ka se tsiediwe, gore lo itse gore ga se tsa me.

7 Gonne ammaaruri Ke a lo raya, gore ene yo o tlhomilweng ke nna o tlaa tsena ka kgoro mme a tlhomiwe jaaka ke lo boleletse pele, go ruta ditshenolo tseo tse lo di amogetseng mme lo tlaa di amogela ka ene yo Ke mo tlhomileng.

8 Mme jaanong, bonang, Ke lo neela taelo, gore fa lo phuthegile lo tlaa rutana le go nonotshana maikutlo, gore lo ka itse gore lo ka dira jaang le go kaela kereke ya me, gore lo ka dira jang mo dintlheng tsa molao wa me le ditaelo, tse ke di neetseng.

9 Mme jaana lo tlaa rutega mabapi le molao wa kereke ya me, mme lo itshephisiwe ka seo se lo se amogetseng, mme lo tlaa itlama go dira ka boitshepo jotlhe fa pele ga me—

10 Gore e re ka lo dira se, kgalalelo e tlaa okelediwa mo bogosing jo lo bo amogetseng. Mme e re ka lo sa go dire, go tlaa tsewa, le e leng seo se lo se amogetseng.

11 Tlosetsang ruri tshiamololo e e mo gare ga lona; e itshepiseng fa pele ga me;

12 Mme fa lo eletsa dikgalalelo tsa bogosi, tlhomang motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., mme lo mo tshegetseng fa pele ga me ka thapelo ya tumelo.

13 Mme gape, Ke a lo raya, gore fa lo eletsa masaitsiweng a bogosi, mo tlameleng ka dijo le diaparo, le sengwe le sengwe se a se tlhokang go diragatsa tiro e Ke mo e laetseng;

14 Mme fa lo sa go dire o tlaa nna le bone ba ba mo amogetseng, gore ke ka ipolokela batho ba ba itshekileng fa pele ga me.

15 Gape Ka re, tlhwayang ditsebe lona bagolwane ba kereke ya me, ba ke lo tlhomileng: Ga lo romelwe go rutiwa, mme go ruta bana ba batho dilo tse ke di tsentseng mo diatleng tsa lona ka thata ya Mowa wa me;

16 Mme lo tlaa rutiwa go tswa kwa godimo. E itshepiseng mme lo tlaa apesiwa ka nonofo, gore lo neele fela jaaka Ke buile.

17 Tlhwayang tsebe lona, gonne, bonang, letsatsi le legolo la Morena le atametse.

18 Gonne letsatsi le etla leo Morena a tlaa ntshang lentswe la gagwe go tswa kwa legodimong; magodimo a tlaa tshikinyega mme lefatshe le tlaa roroma, mme porompeta ya Modimo e tlaa utlwala ka boleele e gelebetega, mme e tlaa raya ditšhaba tse di robetseng: Lona baitshepi tsogang mme lo tshele; lona baleofi nnang le robetse go fitlha Ke bitsa gape.

19 Ke gone tlamang matheka a lona e sere kgotsa lo fitlhelwe mo gare ga baikepi.

20 Tsholetsang mantswe a lona mme lo se rekegele. Bitsang ditšhaba gore di ikwatlhaye, bagolo le ba ba botlana, ba ba golegilweng le ba ba gololesegileng, lo re: Ipaakanyetseng letsatsi le legolo la Morena;

21 Gonne fa Nna, yo ke leng monna, ke tsholetsa lentswe la me mme ke lo bitsa gore lo ikwatlhaye, mme lo ntlhoile, lo tlaa reng fa letsatsi le tla fa ditumo tsa maru di ntsha dikodu tsa tsone go tswa dikhutlong tsa lefatshe, di bua mo ditsebeng tsa botlhe ba ba tshelang, di re—Ikwatlhayeng, mme lo ipaakanyetse letsatsi le legolo la Morena?

22 Ee, mme gape, fa magadima a ratha go tswa botlhaba go ya bophirima, mme a ntsha dikodu tsa o ne mo go botlhe ba ba tshelang, le dira ditsebe tsa botlhe go suma bao ba utlwang, a bua mafoko a—Ikwatlhayeng, gonne letsatsi le legolo la Morena le fitlhile?

23 Mme gape, Morena o tlaa ntsha lentswe la gagwe go tswa kwa legodimong, a re: reetsang, Ao! Lona ditšhaba tsa lefatshe, mme utlwang mafoko a Modimo yo o lo tlhodileng.

24 Ao!, lona ditšhaba tsa lefatshe, Ke ratile gantsi jang go le phuta jaaka koko e phutha dikokwana tsa yone ka fa tlase ga diphuka tsa yone, mme lo ganne!

25 Ke lo biditse gantsi jang ka molomo wa batlhanka ba me, le ka tirelo ya baengele, le ka lentswe la me, le ka kodu ya ditumo tsa maru le ka tumo ya magadima, le ka lentswe la matsubutsubu, le ka lentswe la thoromo ya lefatshe, le sefako se segolo, le ka lentswe la mauba le dikgogodi tsa mefuta yotlhe, le ka go gelebetega mo gogolo ga porompeta, le ka lentswe la katlholo, le ka lentswe la kutlwelobotlhoko letsatsi lotlhe, le ka lentswe la kgalalelo le tlotlo le mahumo a botshelo jo bo sa khutleng, me ke kabo ke lo bolokile ka poloko e e sa khutleng, mme lo ganne!

26 Bonang, letsatsi le tlile, le mo go lone senwelo sa bogale jwa tšhakgalo ya me se tletseng.

27 Bonang, ammaaruri Ke a lo raya, gore a ke mafoko a Morena Modimo wa lona.

28 Ke gone, dirang, dirang mo tshimong ya me ya mofine lwa bofelo—lwa bofelo bitsang banni ba lefatshe.

29 Gonne mo nakong ya me e e tshwanetseng ke tlaa tla mo lefatsheng ka katlholo, mme batho ba me ba tlaa rekololwa mme ba tlaa busa le nna mo lefatsheng.

30 Gonne lebaka la Dingwaga tse di sekete le legolo, le ke buileng ka tsone ka molomo wa batlhanka ba me, le tlaa tla.

31 Gonne Satane o tlaa golegwa, mme fa a gololwa gape o tlaa busa fela ka lobakanyana mme morago go tle bokhutlo jwa lefatshe.

32 Mme ene yo o tshelelang mo tshiamong o tlaa fetolwa ka ponyo ya leitlho, mme lefatshe le tlaa feta jaaka e kete ka molelo.

33 Mme baikepi ba tlaa tsamaela mo molelong o o sa timeng, mme bokhutlo jwa bone ga go motho ope yo o bo itseng mo lefatsheng, le fa e le ka metlha go ka bo itse, go fitlha ba tla fa pele ga me mo katlholong.

34 Tlhwaelang tsebe mafoko a. Bonang, Ke nna Jeso Keresete, Mmoloki wa lefatshe. Bolokang dilo tse mo dipelong tsa lona, mme a bomasisi jwa bosakhutleng bo nne mo ditlhaloganyong tsa lona.

35 Nnang boikgapho. Tshegetsang ditaelo tsotlhe tsa me. Fela jalo. Amene.