Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 92


Tsetlana 92

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Mopitlo 15, 1833. Tshenolo e kaela FrederickĀ G. Williams, yo o mo bosheng a tlhomilweng mogakolodi wa ga Joseph Smith, mo ditirong tsa gagwe mo United Firm (bona ditlhogo tsa ditsetlanaĀ 78 le 82).

1ā€“2, Morena o neela taelo mabapi le go nna leloko la thulaganyo e e kopanetsweng.

1 Ammaaruri, go bua jaana Morena, Ke neela (united order)thulaganyo e e kopanetsweng, e e rulagantsweng go dumalana le taelo e e neetsweng go le pele, tshenolo le taelo mabapi le motlhanka wa me FrederickĀ G. Williams, gore lo tlaa mo amogela mo thulaganyong. Se ke se rayang a le mongwe Ke se raya botlhe.

2 Mme gape, Ke a go raya motlhanka wa me FrederickĀ G. Williams, o tlaa nna leloko le le matlhagatlhaga mo thulaganyong e; mme e re ka o le boikanyego mo go tshegetseng ditaelo tsotlhe tsa pele o tlaa segofadiwa ka bosenang bokhutlo. Amene.