Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 4


Tsetlana 4

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith mo go rraagwe, Joseph Smith Sr., kwa Harmony, Pennsylvania, Tlhakole 1829.

1–4, Tirelo ya bopelokgale e boloka badiredi ba Morena; 5–6, Boleng jwa bomodimo bo ba nitamisetsa tirelo; 7, Dilo tsa Modimo di tshwanetse go batliwa.

1 Jaanong bonang, tiro e e gakgamatsang e tloga e tla mo gare ga bana ba batho.

2 Ke gone ka moo, Ao! Lona bao ba lo tsenang mo tirelong ya Modimo, bonang gore le mo direla ka dipelo tsotlhe tsa lona, maatla, tlhaloganyo le nonofo, gore lo ka ema lo sena molato fa pele ga Modimo ka letsatsing la bofelo.

3 Ke gone ka moo, fa lo eletsa go direla Modimo lo bilediwa tiro;

4 Gonne bonang tshimo e setse e le tshweu go robiwa; mme bonang, ene yo o latlhelang sekele ka maatla a gagwe, ene yoo o ipeela mo mabolokelong gore a se nyelele, mme o tlisa poloko mo moweng wa gagwe;

5 Mme tumelo, tsholofelo, lorato le lerato, ka leitlho le le bonang fela kgalalelo ya Modimo, di mo nitamisetsa tiro e.

6 Gakologelwang tumelo, bomolemo, kitso, tekano, bopelotelele, bopelonomi jwa bakaulengwe, semodimo, lorato, boikokobetso, tlhwaafalo.

7 Kopang, mme lo tlaa amogela; kokotang, mme lo tlaa bulelwa. Amene.