Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 81


Tsetlana 81

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Hiram, Ohio, Mopitlo 15, 1832. Frederick G. Williams o bileditswe go nna moperesiti yo mogolo le mogakolodi mo Boporesidenteng jwa Boperesiti jo Bogolo. Ditshupo tsa ditso di supa gore fa tshenolo e e amogelwa ka Mopitlo 1832, e bileditse Jesse Gause mo ofising ya bogakolodi go Joseph Smith mo Boporesidenteng. Le fa gontse jalo, e rile a palelwa ke go tswelela ka mokgwa o o lekanang le tlhomo ya gagwe, pitso ka pela ya fitisediwa go Frederick G. Williams. Tshenolo (ka letsatsi la Mopitlo 1832) e tshwanetse go tsewa jaaka kgato ya go rulaganya Boporesidentse jwa Ntlha, bogolosegolo pitso ya go ofisi ya bogakolodi mo setlhopheng seo le go tlhalosa seriti sa tlhomo. Mokaulengwe Gause o dirile ka nakwana mme a kgaolwa mo Kerekeng ka Sedimonthole 1832. Mokaulengwe Williams o ne a tlhomiwa go ofisi e e kailweng Mopitlo 18, 1833.

1–2, Dilotlele tsa bogosi ka metlha di tshegediwa ke Boporesidente jwa Ntlha; 3–7, Fa Frederick G. Williams a le boikanyego mo tirelong ya gagwe, o tlaa nna le botshelo jo bo sa khutleng.

1 Ammaaruri, ammaaruri, Ke a go raya motlhanka wa me Frederick G. Williams: Reetsa lentswe la ene yo o buang, lefoko la Morena Modimo wa gago, mme o utlwe pitso e o biditsweng ka yone, e bong ya go nna moperesiti mogolo mo kerekeng ya me, le mogakolodi wa motlhanka wa me Joseph Smith, Jun.;

2 Yo Ke mo neetseng dilotlele tsa bogosi, tse ka metlha e leng tsa Boporesidente jwa Boperesiti jo Bogolo:

3 Ke gone ka moo, ammaaruri Ke a mo amogela mme ke tlaa mo segofatsa, mme le gone le wena, e re ka o le boikanyego mo kgakololong, mo ofising e Ke go tlhomileng mo go yone, mo thapelong ka metlha, lo ntsha lentswe le mo pelong ya gago, mo pontsheng le mo bothokong, le gone mo tirelong ya gago ya go bolela efangele mo lefatsheng la batshidi, le mo gare ga bakaulengwe ba gago.

4 Mme mo go direng dilo tse o tlaa dira molemo o mogolo bogolo mo beng ka wena, mme o tlaa godisa kgalalelo ya ene yo e leng Morena wa gago.

5 Ke gone, nna boikanyego; ema mo ofising e Ke go e laoletseng; thusa ba ba bokowa, tsholetsa mabogo a a lepeletseng, mme o thatafatse mangole a a reketlang.

6 Mme fa o le boikanyego go ya bokhutlong o tlaa nna le serwalo sa bosasweng, le botshelo jo bo sa khutleng mo mannong a Ke lo a baakanyeditseng mo ntlong ya ga Rara.

7 Bonang, mme lebang, a ke mafoko a ga Alefa le Omega, e bong Jeso Keresete. Amene.