Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 91


Tsetlana 91

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa kirtland, Ohio, Mopitlo 9, 1833. Moperofeti o ne ka nako e a tshwaragane le go ranola Kgolagano e Kgologolo. Fa a fitlha mo karolong eo ya mekwalo ya bogologolo e e bidiwang Apokirifa, a lopa Morena mme a amogela taelo e.

1–3, Apokirifa e ranotswe totatota ka tshiamo mme e na le mafoko a a tsentsweng mo mokwalong ka diatla tsa batho a a seng boammaaruri; 4–6, e thusa bao ba ba sedifaditsweng ka Mowa.

1 Ammaaruri, go bua jaana Morena le lona mabapi le Apokirifa—Go na le dilo tse dintsi tse di mo go yone tseo di boammaaruri, mme bontsi e ranotswe ka tshiamo;

2 Go na le dilo tse dintsi mo go yone tse di seng boammaaruri, tse e leng mafoko a tsentsweng mo mokwalong ka diatla tsa batho.

3 Ammaaruri, ke a lo raya, gore ga go batlege gore Apokirifa e ranolwe.

4 Ke gone ka moo, a yo o e balang, a tlhaloganye, gonne Mowa o bonatsha boammaaruri;

5 Mme le fa e le mang yo o sedifaditsweng ke Mowa o tlaa amogela thuso go tswa mo go one;

6 Mme le fa e le mang yo o sa amogeleng ka Mowa, ga a ka ke a thusega. Ke gone ka moo ga go batlege gore e ranolwe. Amene.