Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 107


Tsetlana 107

Tshenolo ka boperesiti, e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, e ka ne e le ka Moranang 1835. Le ntswa tsetlana e e ne e gatisitswe ka 1835, ditshupo tsa ditso di rurifatsa gore bontsi jwa di ditemana 60 go ya go 100 di akaretsa tshenolo e e neetsweng ka Joseph Smith Ngwanaetsele 11, 1831. Tsetlana e e ne e tshwaragantswe le thulagnyo ya Khoramo ya ba ba Lesome le Bobedi tlhakole le Mopitlo 1835. e kete Moperofeti o e ntshitse mo ponalong ya bao ba neng ba baakanyetsa go emelela Motsheganong 3, 1835, mo thomong ya ntlha ya khoramo.

1–6, Go na le maperesiti a mabedi, Melekiseteke le jwa ga Arone; 7–12, Bao ba ba nang le Boperesiti jwa ga Melekiseteke ba na le thata go direla mo ofising tsotlhe mo Kerekeng; 13–17, Bobishopo ba okamela Boperesiti jwa ga Arone, jo bo direlang ditlhomo tse di kwa ntle; 18–20, Boperesiti jwa ga Melekiseteke bo tshegetsa dilotlele tsa ditshegofatso tsotlhe tsa semowa; Boperesiti jwa ga Arone bo tshegetsa dilotlele tsa tirelo ya baengele; 21–38, Boporesidente jwa Ntlha, Ba ba Lesome le Bobedi, le Ba ba Masome a Supa ba dira dikhoramo tse di okamelang, bao ditshwetso tsa bone di tshwanetseng go dirwa ka kutlwano le tshiamo; 39–52, Thulaganyo ya bopatiriaka e tlhomamisitswe go tswa kwa go Atamo go ya kwa go Noa; 53–57, Baitshepi ba bagologolo ba phuthaganetse kwa Adam-ondi-Ahman, mme Morena a iponatsa mo go bone; 58–67, Ba ba Lesome le Bobedi ba tshwanetse go rulaganya badiredi ba kereke; 68–76, Bobishopo ba direla jaaka baatlhodi ba kakaretso mo Iseraele; 77–84, Boporesidente jwa Ntlha le Ba ba Lesome le Bobedi ba dira kgotla e e kgolo go gaisa ya tsheko mo Kerekeng; 85–100, Boporesidente ba Boperesiti ba laola dikhoramo tsa bone tse di tsamaelanang.

1 Mo kerekeng, go na le, boperesiti jo bobedi, e bong, Melekiseteke le jwa ga Arone, go akaretsa Boperesiti jwa ga Lefitiko.

2 Ka ntlha yang jwa ntlha bo bidiwa Boperesiti jwa ga Melekiseteke ke ka ntlha ya gore Melekiseteke e ne e le moperesiti yo mogolo.

3 Pele ga letsatsi la gagwe bo ne bo bidiwa Boperesiti jo bo Boitshepo, ka fa thulaganyong ya Morwa Modimo.

4 Mme ka go tlotla kgotsa go ikobela leina la Motshidi yo Mogolo bogolo, go tila go boaboeletsa leina la gagwe kgapetsa kgapetsa, yone, kereke, mo metlheng ya bogologolo ya bitsa boperesiti jo ka Melekiseteke, kgotsa Boperesiti jwa ga Melekiseteke.

5 Ditaolo tsotlhe tse dingwe kgotsa diofisi mo kerekeng ke ditlaleletso tsa boperesiti jo.

6 Mme go na le makgaoganyane a mabedi kgotsa ditlhogo tse dikgolo—e nngwe ke Boperesiti jwa ga Melekiseteke, mme jo bongwe ke jwa ga Arone kgotsa Boperesiti jwa ga Lefitiko.

7 Ofisi ya bagolwane e tla ka fa tlase ga boperesiti jwa ga Melekiseteke.

8 Boperesiti jwa ga Melekiseteke bo tshegetsa tshwanelo ya boporesidente, e bile bo na le thata le taolo godimo ga tsotlhe diofisi mo kerekeng mo dingwageng tsotlhe tsa lefatshe, go direla mo dilong tsa semowa.

9 Boporesidente ba Boperesiti jo Bogolo, ka fa thulaganyong ya ga Melekiseteke, ba na le tshwanelo ya go direla mo diofising tsotlhe tsa kereke.

10 Baperesiti ba Bagolo ka fa thulaganyong ya Boperesiti jwa ga Melekiseteke ba na le tshwanelo ya go direla mo dipitsong tsa bone, ka fa tlase ga taelo ya boporesidente, mo go direleng mo dilong tsa semowa, mme le gone mo ofising ya bagolwane, moporesiti (wa thulaganyo ya ga Lefitiko), moruti, motiakone, le leloko.

11 Mogolwane o na le tshwanelo ya go direla mo boemong jwa gagwe fa moperesiti yo mogolo a seo.

12 Moperesiti yo mogolo le mogolwane ba direla mo dilong tsa semowa, go dumalana le dikgolagano le ditaelo tsa kereke; e bile ba na le tshwanelo ya go direla mo diofising tsotlhe tse tsa kereke fa go sena balaodi ba bagolo.

13 Boperesiti jwa bobedi bo bidiwa Boperesiti jwa ga Arone, ka ntlha ya gore bo ne bo tlhomilwe mo go Arone le peo ya gagwe, go ya ka ditshika tsotlhe tsa bone.

14 Ka ntlha yang bo bidiwa boperesiti jo bo potlana ke ka ntlha ya gore ke tlaleletso go jo bogolo, kgotsa Boperesiti jwa ga Melekiseteke, mme bo na le thata go neela ditlhomo tsa ka fa ntle.

15 Bo bishopo ke boporesidente jwa boperesiti jo, e bile ba tshegetsa dilotlele kgotsa taolo ya jone.

16 Ga go na monna ope yoo nang le tshwanelo ka fa molaong mo ofising e, go tshegetsa dilotlele tsa boperesiti jo, fa e se fela e le kokomana ya ga Arone tota.

17 Mme jaaka moperesiti yo mogolo wa Boperesiti jwa ga Melekiseteke a na le taolo go direla mo diofising tsotlhe tse di potlana, o ka direla mo ofising ya bishopo fa go sena kokomane ya ga Arone tota, fa fela a biditswe le go lomololwa le go tlhomiwa mo thateng e ka diatla tsa Boporesidente jwa Boperesiti jwa ga Melekiseteke.

18 Thata le taolo ya jo bo fa godimo, kgotsa Boperesiti jwa ga Melekiseteke, ke go tshegetsa dilotlele tsotlhe tsa ditshegofatso tsa semowa mo kerekeng—

19 Go nna le tshiamelo ya go amogela masaitsiweng a bogosi jwa legodimo, go bulegelwa ke magodimo, go buisana le phuthego kakaretso le kereke ya Motsalwapele, le go itumelela kabalano le bo leng teng jwa Modimo Rara, le Jeso motshereganyi wa kgolagano e ntsha.

20 Thata le taolo ya jo bo bo potlana, kgotsa Boperesiti jwa ga Arone, ke go tshegetsa dilotlele tsa tirelo ya baengele, le go direla mo ditlhomong tsa ka fa ntle, lokwalo la efangele, kolobetso ya boikotlhao go phimolo ya dibe, go dumalana le dikgolagano le ditaelo.

21 Ka tlhokego go na le diporesidente, kgotsa badiredi ba ba okametseng e le matlhogela, kgotsa ba tlhomilwe ka, kgotsa go tswa mo gare ga bao ba ba tlhomilweng mo diofising tse di mokawana mo maperesiting a mabedi a.

22 Go tswa mo Boperesiting jwa ga Melekiseteke, Baperesiti ba Bagolo ba ba Okametseng ba le bararo, ba ba itshenketsweng ke setlhopha, ba tlhomilwe le go tlhomiwa mo ofising eo, ba kokotlelwa ka boikanyego, tumelo, le thapelo ya kereke, ba dira khoramo ya Boporesidente jwa Kereke.

23 Ba ba lesome le bobedi ba bagolwane ba ba tsamayang ba biditswe go nna Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi, kgotsa basupi ba ba tlhaolegileng ba leina la ga Keresete mo lefatsheng lotlhe—jaana ba farologana le badiredi ba bangwe mo kerekeng mo ditirong tsa di pitso tsa bone.

24 Mme ba dira khoramo, e e lekanang mo taolong le thata go boporesidente ba bararo ba ba umakilweng go le pele.

25 Ba ba Masome a supa le bone ba bileditswe go rera efangele, le go nna basupi ba ba tlhaolegileng kwa go Baditšhaba le mo lefatsheng lotlhe—jaana ba farologana le badiredi ba bangwe mo kerekeng ka ditiro tsa pitso tsa bone.

26 Mme ba dira khoramo, e e lekanang ka taolo go ya basupi ba ba tlhaolegileng ba ba Lesome le Bobedi kgotsa Baaposetole ba ba sa tswang go nankolwa.

27 Mme tshwetso nngwe le nngwe e e dirwang ke epe ya dikhoramo tse e tshwanetse go nna ka lentswe le le lengwefela la tsone; ke gore, mongwe le mongwe wa leloko mo khoramong nngwe le nngwe o tshwanetse go dumalana le ditshwetso tsa yone, gore ba dire ditshwetso ka thata yone eo kgotsa boleng nngwe ka e nngwe—

28 Bontsi jwa bone bo ka dira khoramo fa diemo di paledisa go ka nna ka go sele—

29 Fa e se fela se e le lebaka, ditshwetso tsa bone ga di a tshwanelwa ke ditshegofatso tse di tshwanang le tsa ditshwetso tsa khoramo ya boporesidente ba bararo di neng di ntse bogologolo, ba ba neng ba tlhomilwe ka fa thulaganyong ya ga Melekiseteke, e bile e ne e le basiami le batho ba ba boitshepo.

30 Ditshwetso tsa dikhoramo tse, kgotsa tsa epe ya tsone, di tshwanetse go dirwa ka tshiamo yotlhe, mo boitshepong, le boingotlo jwa pelo, pelonolo le boitshoko, le mo tumelong, le bomolemo, le kitso, tekano, bopelotelele, semodimo, bopelotlhomogi mo bakaulengweng, le lorato;

31 Gonne tsholofetso ke gore, fa dilo tse di atile mo go bone ga ba kitla ba nna le botlhoka leungo mo kitsong ya Morena.

32 Mme fa go ka diragala gore tshwetso epe ya dikhoramo tse e dirwe mo tshiamololong, e ka tsisiwa fa pele ga phuthego kakaretso ya dikhoramo tse di mokawana, tse di tlhamang bolaodi jwa semowa jwa kereke; fa go sa nna jalo ga go ka ke ga nna le boikuelo go tswa mo tshwetsong ya bone.

33 Ba ba Lesome le Bobedi ke Baokamedi ba ba Tsamai ba Lekgotla le Legolo, go dira ka leina la Morena, ka fa tlase ga kaelo ya Boporesidente jwa Kereke, go dumalana le tsamaiso ya legodimo, go aga kereke le go laola merero yotlhe ya yone mo ditšhabeng tsotlhe lantlha kwa go Baditšhaba mme la bobedi go Bajuta.

34 Ba ba Masome a supa ba tlaa dira mo leing la Morena, ka fa tlase ga kaelo ya ba ba Lesome le Bobedi kgotsa lekgotla le legolo la batsamai, mo go ageng kereke le go laola merero yotlhe ya yone mo ditšhabeng tsotlhe, lantlha kwa go Baditšhaba mme la bobedi go Bajuta—

35 Ba ba lesome le Bobedi ba romiwang, ba tshotse dilotlele, go bula kgoro ka go bolela efangele ya ga Jeso Keresete, mme lantlha kwa go Baditšhaba mme ke gone go Bajuta.

36 Makgotla a magolo a se nnela ruri, kwa dimapong tsa Sione, a dira khoramo e e lekanang ka taolo mo mererong ya kereke, mo ditshwetsong tsotlhe tsa bone, go khoramo ya boporesidente, kgotsa ya Lekgotla le legolo la batsamai.

37 Lekgotla le legolo mo Sione le dira khoramo e e lekanang ka taolo mo mererong ya kereke, mo ditshwetsong tsotlhe tsa yone, go Lekgotla la ba ba Lesome le Bobedi kwa dimapong tsa Sione.

38 Ke tiro ya Lekgotla le legolo la batsamai go bitsa ba ba Masome a supa, fa ba tlhoka thuso, go tlatsa dipitso tse di farologanyeng tsa go rera le mo tirelong ya efangele, mo boemong jwa bape ba bangwe.

39 Ke tiro ya ba ba Lesome le Bobedi, mo makaleng otlhe a matona a kereke, go tlhoma badiredi ba baefangedi jaaka ba tlaa kaelwa ka tshenolo—

40 Thulaganyo ya boperesiti jo e ne e tlhomamisitswe go neelwa go tswa go rre go morwa, mme ka tshwanelo ke ya kokomane ya peo tota e e itshenketsweng, mo go ba ditsholofetso di neng di dirilwe.

41 Thulaganyo e e rulagantswe mo malatsing a ga Atamo, mme e tlile tlase ka matsalo a bone ka tsela e e latelang:

42 Go tswa ka Atamo go ya go Sethe, yo o tlhomilweng ke Atamo a le dingwaga di le masome a marataro le boferabongwe, mme a segofaditswe ke ene dingwaga tse tharo pele ga loso la gagwe(Atamo), mme a amogela tsholofetso ya Modimo ka rraaagwe, gore kokomana ya gagwe e ka itshenkelwa ke Morena, le gore e ka dibelwa go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe;

43 Gonne (Sethe) e ne e le monna yo o boitekanelo, e bile setshwano sa gagwe se ne se le mo setshwanong tota sa ga rraagwe, mo e leng gore o ne a lebega jaaka rraagwe mo dilong tsotlhe, mme o ne a ka farologanngwa le ene fela ka dingwaga tsa gagwe.

44 Enose o ne a tlhomiwa a le dingwaga dile lekgolo le masome a mararo le bone le dikgwedi tse nne, ka seatla sa ga Atamo.

45 Modimo o ne a bitsa Kaene mo nageng a le dingwaga tse di masome a mane; mme a kopana le Atamo a le mo loetong go ya kwa lefelong la Shedolamaka. O ne a le dingwaga di le masome a ferang bobedi le bosupa fa a ne a amogela go tlhomiwa ga gagwe.

46 Mahalaleele o ne a le dingwaga tse di makgolo a mane le masome a ferangbongwe le borataro le malatsi a le supa fa a ne a tlhomiwa ka seatla sa ga Atamo, yo o neng a mo segofatsa.

47 Jarete o ne a le dingwaga tse di makgolo a mabedi fa a ne a tlhomiwa ka fa tlase ga seatla sa ga Atamo, yo o le ene a neng a mo segofatsa.

48 Enoko o ne a le dingwaga tse di masome a mabedi le botlhano fa a ne a tlhomiwa ka fa tlase ga seatla sa ga Atamo; mme o ne a le masome a marataro le botlhano mme Atamo a mo segofatsa.

49 Mme a bona Morena, mme a tsamaya le ene, e bile a le fa pele ga sefatlhogo sa gagwe ka ga le; mme o tsamaile le Modimo dingwaga di le makgolo a mararo le masome a marataro le botlhano, go mo dira dingwaga tse di makgolo a mane le masome a mararo fa a ne a fetolwa ponalo ya mmele go tswa mo lefatsheng go ya legodimong.

50 Methusela o ne a le dingwaga tse di lekgolo fa a ne a tlhomiwa ka fa tlase ga seatla sa ga Atamo.

51 Lameke o ne a le dingwaga tse di masome a mararo le bobedi fa a ne a tlhomiwa ka fa tlase ga seatla sa ga Sethe.

52 Noa o ne a le dingwaga tse di lesome fa a ne a tlhomiwa ka fa tlase ga seatla sa ga Methusela.

53 Ngwaga tse tharo pele ga loso la ga Atamo, o biditse Sethe, Enose, Kaene, Mahalaleele, Jarete, Enoko, le Methusela, ba botlhe e neng e le baperesiti ba bagolo, le masalela a kokomane ya gagwe ba ba neng ba siameng, mo lefikeng la Adam-ondi-Ahman, mme koo a ba naya ditshegofatso tsa gagwe tsa bofelo.

54 Mme Morena a bonala mo go bone, mme ba emelela ba segofatsa Atamo, mme ba mmitsa Mikaele, kgosana, moengele yo mogolo.

55 Mme Morena a neela Atamo kgomotso, mme a mo raya a re: Ke go tlhomile go nna tlhogo; matshwititshwiti a ditšhaba a tlaa tswa mo go wena, mme o kgosana mo go bone ka bosenang bokhutlo.

56 Mme Atamo a emelela mo gare ga phuthego; mme, le fa go ntse jalo o ne a setse a tsofetse, a tletse ka Mowa o o Boitshepo, a bolelela pele sengwe le sengwe se se tlaa diragalelang kokomana ya gagwe go fitlha ka tshika e e tlaa tlang.

57 Dilo tseno tsotlhe di ne di kwadilwe mo bukeng ya ga Enoko, mme go tlaa pakwa ka tsone mo nakong e e tshwanetseng.

58 Ke tiro ya ba ba Lesome le Bobedi, le bone, go tlhoma le go rulaganya botlhe ba bangwe badiredi ba kereke, go dumalana le tshenolo e e reng:

59 Go kereke ya ga Keresete mo lefatsheng la Sione, mo tlaleletsong ya melao ya kereke mabapi le tiro ya kereke—

60 Ammaaruri, Ke a lo raya, go bua Morena wa Masomosomo, go tlhoka bagolwane ba ba okametseng go okamela bao ba e leng ba ofisi ya bogolwane;

61 Le bone baperesiti go okamela bao e leng ba ofisi ya boperesiti;

62 Le bone baruti go okamela bao e leng ba ofisi ya moruti, ka mokgwa o o tshwanang, mme le gone batiakone—

63 Ke gone, go tswa ka motiakone go ya go moruti, le go tswa ka moruti go ya go moperesiti, le go tswa ka moperesiti go ya go mogolwane, ka bongwe jaaka ba tlhomilwe, go ya ka dikgolagano le ditaelo tsa kereke.

64 Ke gone go tla Boperesiti jo Bogolo, jo bogolo segolo go jotlhe.

65 Ke gone, go tlhoka gore a le mongwe a tlhomiwe mo Boperesiting jo Bogolo go okamela boperesiti, mme o tlaa bidiwa Poresidente ya Boperesiti jo Bogolo jwa Kereke;

66 Kgotsa, ka mafoko a mangwe, Mookamedi wa Boperesiti jo Bogolo mo Boperesitngi jo Bogolo jwa Kereke.

67 Go tswa mo go bone go tla tirelo ya ditao le ditshegofatso mo kerekeng, ka go baya diatla.

68 Ke gone, ofisi ya ga bishopo ga e lekane le yone; gonne ofisi ya ga bishopo e mo tirelong ya dilo tsotlhe tsa lobaka lono fela;

69 Le fa go ntse jalo bishopo o tshwanetse go itshenkelwa go tswa mo Boperesiting jo Bogolo, fa e se fela e le kokomana tota ya ga Arone;

70 Gonne fa e se fela e le kokomana tota ya ga Arone ga a ka ke a tshegetsa dilotlele tsa boperesiti joo.

71 Le fa go ntse jalo, moperesiti yo mogolo, ke gore, ka fa thulaganyong ya ga Melekiseteke, o ka lomololwa go direla dilo tsa lobaka lono fela, a na le kitso ya tsone ka Mowa wa boammaaruri;

72 Le gone go nna moatlhodi mo Iseraele, go dira tiro ya kereke, go nna mo katlholong mo baleofing ka bopak jaaka bo tlaa bewa fa pele ga gagwe go ya ka melao, ka thuso ya bagakolodi ba gagwe, bao a ba itshenketseng kgotsa a tlaa ba itshenkela mo gare ga bagolwane ba kereke.

73 Se ke tiro ya ga bishopo yo e seng kokomane tota ya ga Arone, mme a tlhomilwe mo Boperesiting jo Bogolo ka fa thulaganyong ya ga Melekiseteke.

74 Jaana o tlaa nna moatlhodi, e bong moatlhodi ka kakaretso mo gare ga banni ba Sione, kgotsa mo lomapong la Sione, kgotsa mo lekaleng lepe la kereke kwa a tlaa lomololwang mo tirelong e, go fitlha melelwane ya Sione e katolosiwa e bile go tlhokega gore go nne le bobishopo kgotsa baatlhodi mo Sione kgotsa golo go sele.

75 Mme e re ka go na le bobishopo bangwe ba ba tlhomilweng ba tlaa dira mo ofising yone eo.

76 Mme kokomana tota ya ga Arone e na le tshwanelo ka fa molaong mo boporesidenteng jwa boperesiti jo, mo dilotleleng tsa tirelo, go dira mo ofising ya bishopo ka bo nosi, a sena bagakolodi, fa e se fela ka ntlha ya gore Poresidente ya Boperesiti jo Bogolo, ka fa thulaganyong ya Melekiseteke, o a lekwa, go nna jaaka moatlhodi mo Iseraele.

77 Mme tshwetso ya epe ano makgotla, e dumalana le taelo e e reng:

78 Gape, ammaaruri, ke a lo raya tiro e e botlhokwa thata ya kereke, le diemo tse di thata tsa kereke, e re ka go sena kgotsofatso mo ditshwetsong tsa ga bishopo kgotsa baatlhodi, e tlaa neelwa le go isiwa kwa lekgotleng la kereke, fa pele ga Boporesidente jwa Boperesiti jo Bogolo.

79 Mme Boporesidente ba lekgotla la Boperesiti jo Bogolo bo tlaa nna le thata go bitsa bapersesiti ba bangwe ba bagolo, e bong ba ba lesome le bobedi, go thusa jaaka bagakolodi; mme jalo Boporesidente jwa Boperesiti jo Bogolo le bagakolodi ba bone ba tlaa nna le thata go tsaya tshwetso ya bopaki go ya ka melao ya kereke.

80 Mme morago ga tshwetso e e tlaa setlhole e gakologelwa fa pele ga Morena; gonne se ke lekgotla le legolo la kereke ya Modimo, le tshwetso ya bofelo ya marara mo dilong tsa semowa.

81 Ga gona motho ope yo e leng wa kereke yo o a ka rebolwang mo lekgotleng la kereke.

82 Mme fela fa Poresidente wa Boperesiti jo Bogolo a ka leofa, o tlaa gakologelwa fa pele ga lekgotla la kakaretso la kereke, le le tlaa thusiwang ke bagakolodi ba ba lesome le bobedi ba Boperesiti jo Bogolo;

83 Mme tshwetso ya bone mo tlhogong ya gagwe e tlaa nna bokhutlo jwa dikganetsanyo mabapi le ene.

84 Jaana, ga go ope yo o ilediwang tshiamiso le melao ya Modimo, gore dilo tsotlhe di ka dirwa ka thulaganyo le ka tshisibalo fa pele ga gagwe, go ya ka boammaaruri le tshiamo.

85 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, tiro ya poresidente mo ofising ya botiakone ke go okamela batiakone ba le lesome le bobedi, go nna mo lekgotleng le bone, le go ba ruta tiro ya bone, go nonotshana maikutlo, jaaka go neetswe go ya ka dikgolagano.

86 Mme le gone tiro ya poresidente mo ofising ya baruti ke go okamela baruti ba le masome a mabedi le bone, le go nna mo lekgotleng le bone, go ba ruta ditiro tsa ofisi ya bone, jaaka go neetswe mo dikgolaganong.

87 Le gone tiro ya poresidente mo Boperesiting jwa ga Arone ke go okamela baperesiti ba le masome a mane le bo fera bobedi, le go nna mo lekgotleng le bone, go ba ruta ditiro tsa ofisi ya bone, jaaka go neetswe mo dikgolaganong—

88 Poresidente e e tshwanetse go nna bishopo; gonne se ke nngwe ya ditiro tsa boperesiti jo.

89 Gape, tiro ya poresidente mo ofising ya bagolwane ke go okamela bagolwane ba le masome a ferang bongwe le borataro, le go nna mo lekgotleng le bone, le go ba ruta go ya ka dikgolagano.

90 Boporesidente jo ke jo bo pharologanyo go tswa mo go jwa ba ba masome a supa, mme bo direletswe bao ba ba sa tsamayeng mo lefatsheng lotlhe.

91 Mme gape, tiro ya Poresidente ya ofisi ya Boperesiti jo Bogolo ke go okamela kereke ka bophara, le go nna jaaka Moše—

92 Bonang, fano ke tlhalefo; ee, go nna molebi, moranodi, le moperofeti, a na le dineo tsotlhe tsa Modimo tse a di neelang mo tlhogong ya kereke.

93 Mme ke go ya ka ponatshegelo e e supang thulaganyo ya ba ba Masome a supa, gore ba nne le boporesidente ba ba supa go ba okamela, ba itshenketswe mo palong ya ba ba masome a supa;

94 Mme poresidente ya bosupa wa boporesidente ba o okamela ba barataro;

95 Mme boporesidente ba ba supa ba tlaa itshenkela ba bangwe ba ba masome a supa kwa ntle ga ba masome a supa ba ntlha ba e leng ba bone, mme ba tlaa ba okamela;

96 Mme le gone ba ba bangwe ba ba masome a supa, go fitlha ga supa go masome a supa, fa tiro mo tshimong ya mofine ka tlhokego e batla seo.

97 Mme ba ba masome a supa ba tlaa nna badiredi ba ba tsamayang, lantlha go Baditšhaba le gone go Bajuta.

98 Le mororo badiredi bangwe ba kereke, ba e seng ba ba Lesome le bobedi, le fa e le ba ba Masome a supa, ga ba ka fa tlase ga maikarabelo a go tsamaya mo gare ga ditšhaba tsotlhe, mme ba tshwanetse go tsamaya jaaka diemo tsa bone di tlaa letla, le fa go ntse jalo ba ka tshegetsa bodiredi jo bogolo jwa maikarabelo a magolo jaaka bone mo kerekeng.

99 Ke gone, jaanong a monna mongwe le mongwe a ithute tiro ya gagwe, le go dira mo bodireding jo a bo tlhometsweng, ka tlhwaafalo yotlhe.

100 Yoo setshwakga ga a kitla a kaiwa a tshwanetse go ema, mme ene yo o sa ithuteng tiro ya gagwe e bile a sa itshupe a amogelesega ga a kitla a kaiwa a tshwanetse go ema. Fela jalo. Amene.