Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 57


Tsetlana 57

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, mo Sione, Jackson County, Missouri, Phukwi 20 1831. Mo go obameleng taelo ya Morena go ya kwa Missouri, kwa a tlaa senolang “lefatshe la boswa jwalona” (tsetlana 52), bagolwane ba ne ba tsere loeto go tswa Ohio go ya mololwaneng o o ka kwa bophirima jwa Missouri. Joseph Smith a akanya ka seemo sa Balamane mme a gakgamala: “Naga e tlaa thunya leng jaaka sethunya? Sione o tla a agiwa leng mo kgalalelong ya gagwe, mme tempele ya Gago e tlaa ema fa kae, e mo go yone ditšhaba tsotlhe di tlaa tlang mo malatsing a bofelo?” Kgabagare a amogela tshenolo e.

1–3, Independence, Missiouri, ke lefelo la Toropo ya Sione le tempele; 4–7, Baitshepi ba tshwanetse go reka mafatshe mme ba amogela boswa mo kgaolong eo; 8–16, Sidney Gilbert o tshwanetse go simolola lebentlele, William W. Phelps o tshwanetse go nna mogatisi, mme Oliver Cowdery o tshwanetse go dira dipaakanyo mo mokwalong go o bakanyetsa kanamiso.

1 Tlhwayang tsebe, Ao! lona bagolwane ba kereke ya me, go bua Morena Modimo wa lona, bao le iphuthileng mmogo, go ya ka ditaelo tsa me, mo lefatsheng le, le e leng lefatshe la Missiouri, le e leng lefatshe le ke le laoletseng mme ke le tshwaetse kokoano ya baitshepi.

2 Ke gone, se ke lefatshe la tsholofetso, le lefelo la toropo ya Sione.

3 Mme go bua jaana Morena Modimo wa lona, fa lo rata go amogela tlhalefo se ke tlhalefo. Bonang, lefelo le jaanong le bidiwang Independence ke legare la lefelo; mme lefelo la tempele le ikadile ka kwa bophirima, mo setsheng se se seng kgakala le ntlong ya tshekelo.

4 Ke gone, ke tlhalefo gore lefatshe le rekiwe ke baitshepi, mme le gone le karolo nngwe le nngwe ya lefatshe e e ikadileng ka kwa bophirima, le go ya kwa molelwane o o fetang o tlhamalala fa gare ga Bajuta le Baditšhaba;

5 Mme le gone karolo nngwe le nngwe ya lefatshe e e mo molelwaneg e e mo lefelong le le tletseng tlhaga, e re ka barutwana ba me ba nonotsheditswe go reka mafatshe. Bonang, se ke tlhalefo, gore ba ka amogelela boswa jo bo sa khutleng.

6 Mme a motlhanka wa me Sidney Gilbert a eme mo ofising e Ke mo e laoletseng, go amogela madi, go nna moemedi wa kereke, go reka lefatshe mo dikgaolong tsotlhe tse di mo tikologong, e re ka go ka dirwa mo tshiamong, le jaaka tlhalefo e tlaa kaela.

7 Mme a motlhanka wa me Edward Partridge a eme mo ofising e Ke mo e laoletseng, mme a kgaoganyetse baitshepi boswa jwa bone, fela jaaka Ke laetse; mme le bone bao ba a ba tlhomileng go mo thusa.

8 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, a motlhanka wa me Sidney Gilbert a itlhomamise mo lefelong le, mme a simolole lebentlele, gore a ka rekisa dilwana kwa ntle ga tsietso, gore a ka amogela madi go reka mafatshe gore go nne molemo mo baitsheping, le gore a ka amogela dilo dingwe le dingwe tse barutwana ba ka di tlhokang go ba tlhomamisa mo bosweng jwa bone.

9 Mme le gone a motlhanka wa me Sidney Gilbert a amogele setlankana—bonang se ke tlhalefo, mme le fa e le mang yoo balang a a tlhaloganye—gore a ka romela dilwana le gone kwa bathong, e bong ka ba a ba itshenkelang ba e leng bakwaledi ba a ba thapileng go mo thusa;

10 Mme jaana a tlamele baitshepi ba me, gore efangele ya me e tle e rerelwe bao ba ba ntseng mo lefifing mo lefelong le le mo moriting wa loso.

11 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, a motlhanka wa me William W. Phelps a tlhomiwe mo lefelong le mme a tlhomamisiwe e le mogatisi wa kereke.

12 Mme bonang, fa lefatshe le amogela mekwalo ya gagwe—bonang se ke tlhalefo—a a amogele sengwe le sengwe se a ka se amogelang mo tshiamong, go nna molemo wa baitshepi.

13 Mme a motlhanka wa me Oliver Cowdery a mo thuse, fela jaaka Ke laetse, mo lefelong lengwe le lengwe le Ke tlaa le mo laolelang, go dira moriti, le go baakanya, le go tlhopha, gore dilo tsotlhe di ka siama fa pele ga me, jaaka go tlaa rurifadiwa ke Mowa ka ene.

14 Mme jaana a bao ba Ke buileng ka bone ba tlhomiwe mo lefatsheng la Sione, ka bofefo jo bo ka nnang, le ba malwapa a bone, go dira dilo tseo fela jaaka Ke buile.

15 Mme jaanong mabapi le go phuthega—A bishopo le moemedi ba dire dipaakanyo tsa malwapa ao a a laotsweng go tla mo lefatsheng le, fa di sena go diragala, mme ba ba tlhome mo bosweng jwa bone.

16 Mme mo masaleleng a botlhe bagolwane le maloko ditaelo tse dingwe di tlaa neelwa morago ga fa. Fela jalo. Amene