Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 74


Tsetlana 74

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, kwa Wayne Count, New York, ka 1830. Le e leng pele ga go rulaganngwa ga Kereke, dipotso di ne di tsogile ka ga mokgwa o o siameng wa kolobetso, wa gogela Moperofeti go batla dikarabo mo setlhogong. Ditso tsa ga Joseph Smith di bolela gore tshenolo e ke tlhaloso ya Bakorintha 7:14, lokwalo le le boitshepo le gantsi le neng le dirisiwa go siamisa kolobetso ya losea.

1–5, Paulo o gakolola Kereke mo letsatsing la gagwe gore e se ka ya tshegetsa molao wa ga Moše; 6–7, Bana ba bannye ba boitshepo mme ba itshepisitswe ka Tetlanyo.

1 Gonne monna yo o sa dumeleng o itshepisiwa ke mosadi, le mosadi yo o sa dumeleng o itshepisiwa ke monna; fa gone go sa nna jalo bana ba lona ba kabo ba sa leswafala, a mme jaanong ba boitshepo.

2 Jaanong, mo malatsing a baaposetole molao wa go rupa o ne o le teng mo gare ga Bajuta botlhe ba ba sa dumeleng mo efangeleng ya ga Jeso Keresete.

3 Mme ga diragala gore go tsoge kganetsano mo gare ga batho mabapi le molao wa go rupa, gonne monna yo o sa dumeleng o ne a eletsa gore bana ba gagwe ba rupe mme ba nne ka fa tlase ga molao wa ga Moše, molao o o neng o diragaditswe.

4 Mme ga diragala gore bana, ba golele ka fa tlase ga molao wa ga Moše, ba elatlhoko ngwao ya borraabone mme ba sa dumele efangele ya ga Keresete, ka moo ba nna ba se boitshepo.

5 Ke gone, ka lebaka le moaposetole a kwalela kereke, a ba neela taelo, e seng ya Morena, mme ya gagwe, gore modumedi ga a tshwanela go tshwaragana le yo o sa dumeleng; fa e se fela molao wa ga Moše o ka tloswa mo gare ga bone,

6 Gore bana ba bone ba sale ba sa rupa; le gore ngwao e tle e tloswe, e e reng bana ba bannye ga ba boitshepo gonne go ne go le teng mo gare ga Bajuta;

7 Mme bana ba bannye ba boitshepo, ba itshepisitswe ka tetlanyo ya ga Jeso Keresete; mme se ke se dikwalo tse di boitshepo di se tlhalosang.