Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 8


Tsetlana 8

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith mo go Oliver Cowdery, kwa Harmony, Pennsylvania, Moranang 1829. Ka nako ya thanolo ya Buka ya ga Momone, Oliver, yo o neng a tsweletse go dira jaaka mokwadi, a kwala ka piletso ya Moperofeti, a eletsa go neelwa neo ya thanolo. Morena o fetola topo ya gagwe ka go naya tshenolo e.

1–5, Tshenolo e tla ka thata ya Mowa o o Boitshepo; 6–12, Kitso ya masaitsiweng a Modimo le thata ya go ranola dipego tsa bogologolo di tla ka tumelo.

1 Oliver Cowdery, ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, gore ka nnete jaaka Morena a tshedile, yo e leng Modimo wa gago le Morekolodi wa gago, fela jalo ruri o tlaa amogela kitso ya sengwe le sengwe se o tlaa se lopang ka tumelo, ka pelo e e tshepegang, o dumela gore o tlaa amogela kitso mabapi le megabo ya ditshupo tse di kgologolo, tsa bogologolo, tse di nang le dikarolo tsa lefoko la me le le boitshepo tse di builweng ka ponatshegelo ya Mowa wa me.

2 Ee, bona, ke tlaa go bolelela mo tlhaloganyong ya gago le mo pelong ya gago, ka Mowa o o Boitshepo, o o tlaa tlang mo go wena le go nna mo pelong ya gago.

3 Jaanong, bona, se ke Mowa wa tshenolo; bona, se ke Mowa o Moše a ntshitseng bana ba Iseraele ka one kwa Lewatleng le Lehibidu mo lefatsheng le le omeletseng.

4 Ke gone ka moo se ke neo ya gago; e dirise, mme o sego, gonne e tlaa go golola mo diatleng tsa baba ba gago, fa, go ne go sa nna jalo, ba ne ba ka go bolaya le go gogela mowa wa gago mo tshenyegong.

5 Ao, gakologelwa mafoko a, mme o tshegetse ditaelo tsa me. Gakologelwa, se ke neo ya gago.

6 Jaanong se ga se yotlhe neo ya gago; gonne o na le neo e nngwe, e e leng neo ya ga Arone; bona, e go boleletse dilo tse dintsi;

7 Bona, ga go na thata e nngwe, fa e se thata ya Modimo, e e ka dirang gore neo e ya ga Arone e nne le wena.

8 Ke gone ka moo, se tlhobaele, gonne ke neo ya Modimo; mme o tlaa e tshegetsa mo diatleng tsa gago, le go dira ditiro tse di gakgamatsang; mme ga go thata epe e e nonofetseng go e tlosa mo diatleng tsa gago, gonne ke tiro ya Modimo.

9 Mme, ke gone ka moo, sengwe le sengwe se o tlaa se lopang mo go nna go se go bolelela ka mokgwa oo, seo ke tlaa se go naya, mme o tlaa nna le kitso mabapi le sone.

10 Gakologelwa gore fa o sena tumelo ga o ka ke wa dira sepe; ke gone ka moo lopa ka tumelo. Se tshameke ka dilo tse; se lope seo se o sa tshwanelang go se lopa.

11 Lopa gore o ka itse masitsiweng a Modimo, le gore o ka ranola le go amogela kitso go tswa mo go tsotlhe ditshupo tsa bogologolo tse di ntseng di fitlhilwe, tse di boitshepo; mme go ya ka tumelo ya gago go tlaa dirwa mo go wena.

12 Bona, ke nna yo ke e buileng, mme ke ene yoo o buileng le wena go tswa kwa tshimologong. Amene.