Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 100


Tsetlana 100

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith le Sidney Rigdon, kwa Perrysburg, New York, Phalane 12, 1833. Bakaulengwe ba babedi, ka ba ne ba seo mo malwapeng a bone malatsi a le mmalwa, ba utlwa ba tshwenyegile ka ga bone.

1–4, Joseph le Sidney ba tshwanetse go rera efangele go poloko ya mewa; 5–8, Ba tlaa neelwa mo oureng eo se ba tshwanetseng go se bua; 9–12, Sidney o tshwanetse go nna mmueledi mme Joseph o tshwanetse go nna mosenodi mme a le maatla mo bopaking; 13–17, Morena o tlaa tsosa batho ba ba itshekileng, mme ba ba kutlo ba tlaa bolokwa.

1 Ammaaruri, go bua jaana Morena mo go lona, ditsala tsa me Sidney le Joseph, malwapa a lona a tsogile sentle; a mo diatleng tsa me, mme Ke tlaa dira ka bone ka fa ke bonang go le molemo mo go nna; gonne mo go nna go na le thata yotlhe.

2 Ke gone ka moo, ntshaleng morago, mme lo reetse kgakololo e ke tlaa lo e neelang.

3 Bonang, mme lebang, Ke na le batho ba le bantsi mo lefelong le, mo dikgaolong tse di mo tikologong; mme kgoro ya tiro e tlaa bulwa mo dikgaolong tse di mo tikologong mo lefatsheng le le ka kwa botlhaba.

4 Ke gone ka moo, Nna, Morena, ke lo leseleditse gore lo tle mo lefelong le, gonne jaana go ne go le molemo mo go nna ka ga poloko ya mewa.

5 Ke gone ka moo, ammaaruri ke a lo raya, tsholetsang mantswe a lona mo bathong ba, buang dikakanyo tse ke tlaa di tsenyang mo dipelong tsa lona, mme ga lo kitla lo tlhabiwa ke ditlhong fa pele ga batho.

6 Gonne lo tlaa neelwa mo oureng eo tota, ee, mo sebakeng seo fela, se lo tlaa se buang.

7 Mme ke lo neela taelo, gore lo bue le fa e le eng selo se lo se buang mo leineng la me, ka tshisibalo ya pelo, ka Mowa o o bonolo, mo dilong tsotlhe.

8 Mme Ke lo neela tsholofetso, gore e re ka lo tlaa dira se Mowa o o Boitshepo o tlaa goromelediwang go supa tshupo ya dilo tsotlhe le fa e le eng se lo tlaa se buang.

9 Mme go tshwanetse mo go nna gore wena, motlhanka wa me Sidney, o nne mmueledi wa batho ba; ee, ammaaruri, Ke tlaa go tlhoma mo pitsong e, e bong go nna mmueledi wa motlhanka wa me Joseph.

10 Mme Ke tlaa mo neela thata go nna maatla mo bopaking.

11 Mme ke tlaa go neela thata go nna maatla mo go atoloseng tsotlhe dikwalo tse di boitshepo, gore o tle o nne mmueledi wa gagwe, mme o tlaa nna mosenodi wa gago, gore o tle o itse boammaruri jwa dilo tsotlhe tse e leng dilo tsa bogosi jwa me mo lefatsheng.

12 Ke gone ka moo, tswelelang le loeto la lona mme a dipelong tsa lona di ipele; gonne bonang, mme lebang, Ke na le lona go ya bokhutlong.

13 Mme jaanong ke lo neela lefoko mabapi le Sione. Sione o tlaa rekololwa, le ntswa a tlaa otlhaiwa ka lobakanyana.

14 Bakaulengwe ba lona, batlhanka ba me Orson Hyde le John Gould, ba mo diatleng tsa me; e re ka ba tshegetsa ditaelo tsa me ba tlaa bolokwa.

15 Ke gone ka moo, a dipelo tsa lona di gomodiwe, gonne dilo tsotlhe di tlaa dirisanya mmogo go ba direla molemo bao ba ba tsamayang ka thokgamo, le go itshepisiwa ga kereke.

16 Gonne Ke tlaa itsosetsa batho ba ba itshekileng, ba ba tlaa ntirelang mo tshiamong;

17 Mme bao botlhe ba ba bitsang leina la Morena, mme ba tshegetsa ditaelo tsa gagwe, ba tlaa bolokwa. Fela jalo. Amene.