Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 25


Tsetlana 25

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Harmony, Pennsylvania, Phukwi 1830 (bona setlhogo sa tsetlana 24). Tshenolo e e bonatsha thato ya Morena mo go Emma Smith, mosadi wa Moperofeti.

1–6, Emma Smith, mohumagadi wa moitshenkedwi, o bileditswe go thusa le go gomotsa monna wa gagwe; 7–11, O bileditswe le gone go kwala, go atolosa dikwalo tse di boitshepo, le go tlhopha difela; 12–14, Pina ya mosiami ke thapelo mo go Morena; 15–16, Melawana ya kutlo e e mo tshenolong e e ama botlhe.

1 Utlwa lentswe la Morena Modimo wa gago, fa ke bua le wena, Emma Smith, morwadiake; gonne ammaruri ke a go raya, botlhe bao ba ba amogelang efangele ya me ke barwa le barwadiake mo bogosing jwa me.

2 Tshenolo ke a go e neela mabapi le thato ya me; mme fa o le boikanyego le go tsamaya mo ditseleng tsa bomolemo fa pele ga me, ke tlaa dibela botshelo jwa gago, mme o tlaa amogela boswa mo Sione.

3 Bona, dibe tsa gago o di itshwaretswe, mme o mohumagadi wa moitshenkedwi, yo ke mmiditseng.

4 Se ngongorege ka ntlha ya dilo tse o sa di bonang, gonne o ganetswe ka tsone le lefatshe, se e leng tlhalefo mo go nna mo nakong e e tlang.

5 Mme ofisi ya pitso ya gago ke go gomotsa motlhanka wa me, Joseph Smith, Jun., monna wa gago, mo dipogisegong tsa gagwe, ka mafoko a a gomotsang, ka mowa o o bonolo.

6 Mme o tlaa tsamaya le ene ka nako ya tsamao ya gagwe, mme o nne mokwadi wa gagwe, fa go santse go sena ope go nna mokwadi wa gagwe, gore ke ka romela motlhanka wa me, Oliver Cowdery, gongwe le gongwe kwa ke ratang teng.

7 Mme o tlaa tlhomiwa ka fa tlase ga seatla sa gagwe go atolosa dikwalo tse di boitshepo, le go kgothatsa kereke, ka fa o tlaa neelwang ke Mowa wa me.

8 Gonne o tlaa baya diatla tsa gagwe mo go wena, mme o tlaa amogela Mowa o o Boitshepo, mme o tlaa dirisa nako ya gago go kwala, le go ithuta thata.

9 Mme ga o tlhoke go boifa, gonne monna wa gago o tlaa go thusa mo kerekeng; gonne mo go bone ke pitso ya gagwe, gore dilo tsotlhe ba ka di senolelwa, le fa e le eng se ke se ratang, go ya ka tumelo ya bone.

10 Mme ammaaruri ke a go raya gore o tlaa beela fa thoko dilo tsa lefatshe le, mme o batle dilo tse di botoka.

11 Mme o tlaa go neelwa, le gone, go dira tlhaolo ya difela tse di boitshepo, jaaka o tlaa go neelwa, mo go kgatlhisang mo go nna, go tshegediwa mo kerekeng ya me.

12 Gonne Mowa wa me o natefelelwa ke kopelo ya pelo; ee, kopelo ya mosiami ke thapelo mo go nna, mme e tlaa arabiwa ka tshegofatso mo ditlhogong tsa bone.

13 Ke gone, thama mo pelong ya gago mme o itumele, mme o ngaparele dikgolagano tse o di dirileng.

14 Tswelela ka mowa o o bonolo, mme o itise mo boikgogomosong. A mowa wa gago o itumele mo monneng wa gago le kgalalelo e e tlaa tlang mo go ene.

15 Tshegetsa ditaelo tsa me ka gale, mme korone ya tshiamo o tlaa e amogela. Mme fa e se o dira se, kwa ke teng ga o ka ke wa tla.

16 Mme ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, gore se ke lentswe la me mo go botlhe. Amene.