Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 27


Tsetlana 27

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, kwa Harmony, Pennsylvania, Phatwe 1830. Mo paakanyetsong ya tirelo ya bodumedi e ko go yone sakaramente ya senkgwe le mofine di neng di tlaa segofadiwa le go neelwa, Joseph o ne a bolola go ya go tsaya mofine. O ne a kopantshiwa ke morongwa wa selegodimo mme a amogela tshenolo e, e bontlha bongwe jwa yone bo neng jwa kwalwa ka nako e o mme mo go setseng ka Lwetse yo o latelang. Metsi jaanong a dirisiwa mo boemong jwa mofine mo ditirelong tsa sakaramente tsa Kereke.

1–4, Matshwao a a tshwanetseng go dirisiwa mo go jeng sakaremente a bewa pele; 5–14, Keresete le batlhanka ba Gagwe go tswa ditebalebelo tsotlhe ba tshwanetse go ja sakaramente; 15–18, Aparang seaparo sotlhe sa phemelo sa Modimo.

1 Reetsang lentswe la ga Jeso Keresete, Morena wa lona, Modimo wa lona, le Morekolodi wa lona, yo lefoko la gagwe le tshedileng e bile le le tlhaga.

2 Gonne, bonang, ke a lo raya, ga go re sepe gore lo ja eng kgotsa gore lo nwa eng fa lo o ja sakaramente, fa go diragala gore se lo se dira ka leitlho le le bonang fela kgalalelo ya me—lo gakologelwa fa pele ga ga Rara mmele wa me o lo o ntsheditsweng, le madi ame a a tshololetsweng boitshwarelo jwa dibe tsa lona.

3 Ke gone, ke lo neela taelo, gore lo se reke mofine le fa e le seno se se bogale sa baba ba lona;

4 Ke gone, lo seka lwa nwa ope fa e se o mosha o o dirilweng mo gare ga lona; ee, mo go jo bogosi jwa ga Rara jo bo tlaa agiwang mo lefatsheng.

5 Bonang, se ke tlhalefo mo go nna, mme ke gone, se gakgamaleng, gonne oura e etla eo ke tlaa nwang leungo la mofine le lona mo lefatsheng, le Moroni, yo ke mo rometseng mo go lona go senola Buka ya ga Momone, e e nang le botlalo jwa efangele ya me e e sa khutleng, yo ke mo neetseng dilotlele tsa tshupo ya thobane ya ga Eforeime;

6 Mme le gone Elayase, yo Ke mo neetseng dilotlele tsa go diragatsa tsosoloso ya dilo tsotlhe tse di builweng ka molomo wa botlhe baperofeti ba ba boitshepo e sale lefatshe le simologa, mabapi le malatsi a bofelo;

7 Mme le gone Johane morwa Sakaria, ene Sakaria yo a (Eliase) neng a mo etela le go mo neela tsholofetso ya gore o tlaa nna le morwa, mme leina la gagwe e tlaa nna Johane, le gore o tlaa tlala ka mowa wa ga Eliase;

8 Ene Johane yo ke mo rometseng mo go lona, batlhanka ba me, Joseph Smith, Jun., le Oliver Cowdery, go le tlhoma mo boperesiti jwa ntlha jo le bo amogetseng, gore lo bidiwe le go tlhomiwa fela jaaka Arone;

9 Mme le gone Elija, yo ke mo neetseng dilotlele tsa thata ya go sokololela dipelo tsa borrabana mo baneng, le dipelo tsa bana mo go borraabone, gore lefatshe lotlhe le seka la itewa ka phutso;

10 Mme le gone le Josefa le Jakobe, le Isake, le Aberahame, borraalona, ba ditsholofetso di setseng mo go bone;

11 Mme le gone le Mikaele, kgotsa Atamo, rre wa botlhe, kgosana ya botlhe, mogologolo wa malatsi;

12 Mme le gone le Petere, le Jakobe, le Johane, ba ke ba rometseng kwa go lona, ba ka bone ke lo tlhomileng le go le tlhomamisa go nna baaposetole, le basupi ba ba tlhaolegileng ba leina la me, le go tshola dilotlele tsa tirelo ya lona le tsa dilo tse di tshwanang le tse ke di ba senoletseng;

13 Ba ke lo neetseng dilotlele tsa bogosi, le tebalebelo ya efangele mo motlheng wa bofelo; le ya botlalo jwa metlha, tse ke tlaa sobokanyetsang dilo tsotlhe mo go tsone, e bong tse di kwa legodimong, le tse di mo lefatsheng;

14 Mme le gone le bao botlhe ba Rara wa me a ba nneetseng go tswa mo lefatsheng.

15 Ke gone, thamang mo dipelong tsa lona mme lo itumeleng, mme lo tlame matheka a lona, mme lo apareng tsotlhe diaparo tsa me tsa phemelo, gore lo nonofele go ema mo letsatsing la bosula, lo dirile gotlhe, gore lo ka nonofela go ema.

16 Emang, ke gone ka moo, lo itlamile matheka ka boammaruri, lo apere seiphemelo sehubeng sa tshiamo, le mo dinaong le rwele iketleetso ya efangele ya kagiso, e ke rometseng baengele ba me go lo e neela;

17 Lo tsaya thebe ya tumelo e lo tlaa nonofelang go tima metswi yotlhe e e molelo ya baikepi ka yone;

18 Mme tsayang tlhoro ya phemelo ya poloko, le tšhaka ya Mowa wa me, o ke tlaa o goromeletsang mo go lona, le lefoko la me le ke lo le senolelang, mme lo dumalane mabapi le dilo tsotlhe le fa e ka bo e le eng se lo se lopang mo go nna, mme lo nne boikanyego go fitlha ke tla, mme lo tlaa tsholediwa, gore kwa ke leng le lona lo nne teng. Amene.