Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 114


Tsetlana 114

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Far West, Missouri, Moranang 11, 1838.

1–2, Diofisi le dipitso tsa kereke tse di tshegeditsweng ke bao ba ba seng boikanyego di tlaa neelwa ba bangwe.

1 Ammaaruri go bua jaana Morena: Ke tlhalefo mo motlhankeng wa me David W. Patten, gore a rulaganye tiro ya gagwe yotlhe ka bofefo jo a bo kgonang, mme a rekise dithoto tsa gagwe tse di rekisiwang tsa gagwe, gore a ka diragatsa thomo ya gagwe mo go nna dikgakologo tse di latelang, a patilwe ke ba bangwe, e bong ba ba lesome le bobedi a ikakaretsa, go paka ka leina la me le go supa mafoko a a molemo mo lefatsheng lotlhe.

2 Gonne ammaaruri go bua jaana Morena, gore e re ka go na le bao mo gare ga lona ba ba itatolang leina la me, ba bangwe ba tlaa tlhomiwa mo boemong jwa bone le go amogela bobishopo jwa bone. Amene.