Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 76


Tsetlana 76

Ponatshegelo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith le Sidney Rigdon, kwa Hiram, Ohio, Tlhakole 16, 1832. Jaaka ketapele mo tshupong ya ponatshegelo e, Ditso tsa ga Joseph Smith di bolela: “Mo go boeng ga me go tswa kwa khonferenseng kwa Amherst, Ka simolola gape go ranola Dikwalo tse di Boitshepo. Go tswa ka ditshenolong tse di farologanyeng tse di neng di amogetswe, gone go lebega gore dintlha tse dintsi tse di botlhokwa mabapi le poloko ya motho di ne di tserwe mo Baebeleng, kgotsa di latlhegile pele ga e kokoangwa. Gone go itshupa ka bo gone gore ke bofe boammaaruri jo bo tlogetsweng, gore fa Modimo a duela mongwe le mongwe go ya ka ditiro tse di dirilweng mo mmeleng lefoko ‘Legodimo,’ le batho ba le dirisang go tlhalosa legae la bo sa khutleng la Baitshepi, le tshwanetse go akaretsa magosi a mantsi go na le le lengwe. Ka tsamaelano, … fa re ne re ranola Efangele ya ga Moitshepi Johane, nna le Mogolwane Rigdon ra bona ponatshegelo e e latelang.” Ka nako e ponatshegelo e ne ya neelwa, Moperofeti o ne a ranola Johane 5:29.

1–4, Morena ke Modimo; 5–10, Masaitsiweng a bogosi a tlaa senolelwa botlhe ba ba boikanyego; 11–17, Botlhe ba tlaa tswa mo tsogong ya baswi ya basiami kgotsa ya ba ba sa siamang; 18–24, Banni ba mafatshe a mantsi ke ba tsalwa ba barwa le barwadie Modimo ka Tetlanyo ya ga Jeso Keresete; 25–29, Moengele wa Modimo o ne a wa mme a nna diabole; 30–49, Barwa tatlhego ba boga khutso ya bosakhutleng; ba bangwe botlhe ba amogela dilekanyo tse dingwe tsa poloko; 50–70, Kgalalelo le tuelo ya ditshedi tsa kgalalelo ya bosakhutleng mo bogosing jwa selesetiale e a tlhalosiwa; 71–80, Bao ba tlaa ruang bogosi jwa theresetiale ba a tlhalosiwa; 81–113, Seemo sa bao ba mo dikgalalelong tsa thelesetiale, theresetiale, le selesetiale di a tlhaloswa; 114–119, Ba ba boikanyego ba ka bona le go tlhaloganya masaitsiweng a bogosi jwa Modimo ka thata ya Mowa o o Boitshepo.

1 Utlwang, Ao! lona magodimo, mme lo sekege tsebe, Ao! lefatshe, mme lo itumele lona banni ba lone, gonne Morena ke Modimo, mme kwa ntle ga gagwe ga gona Mmoloki.

2 Tlhalefo ya gagwe e kgolo, dikgakgamatso ke ditsela tsa gagwe, mme katlhamo ya ditiro tsa gagwe ga go ope yo o ka e lemogang.

3 Maikaelelo a gagwe ga a palelwe, ga go na le fa e le bape ba ba ka thibang seatla sa gagwe.

4 Go tswa bosakhutleng go ya bosakhutleng o ntse jaaka a ntse fela, mme dingwaga tsa gagwe ga di kitla di fela.

5 Gonne go bua jaana Morena—Nna, Morena, ke kutlwelobotlhoko le pelotshweu mo go ba ba mpoifang, mme ke natefelelwa ke go tlotla bao ba ba ntirelang ka tshiamo le ka boammaaruri go ya bokhutlong.

6 Tuelo ya bone e tlaa nna kgolo le kgalalelo ya bone e tlaa nna ya bo sa khutleng.

7 Mme mo go bone Ke tlaa senola masaitsiweng otlhe, ee, masaitsiweng otlhe a a fitlhegileng a bogosi jwa me go tswa metlheng ya bogologolo, le mo metlheng e e tlang, Ke tlaa ba itsise keletso ya go rata ga me mabapi le dilo tsotlhe tse e leng tsa bogosi jwa me.

8 Ee, le e leng dikgakgamatso tsa bosakhutleng ba tlaa di itse, le dilo tse di tlaa tlang Ke tlaa ba di supegetsa, le e leng dilo tsa tshika tse dintsi.

9 Mme tlhalefo ya bone e tlaa nna kgolo, le go tlhaloganya ga bone go fitlhe kwa legodimong; e bile fa pele ga bone tlhalefo ya matlhale e tlaa nyelela, mme go tlhaloganya ga senokopela e tla nna lefela.

10 Gonne ka Mowa wa me Ke tlaa ba sedifatsa, mme ka thata ya me Ke tlaa ba itsise diphiri tsa thato ya me—ee, le e leng dilo tse leitlho le iseng le di bone, le tsebe e sa di utlwa, le tse di iseng di tsene mo pelong ya motho.

11 Rona, Joseph Smith, Jun., le Sidney Rigdon, fa re ne re le mo Moweng mo letsatsing la bo lesome le borataro la Tlhakole, mo ngwageng wa Morena wa rona sekete le makgolo a ferang bobedi le masome a mararo le bobedi—

12 Ka thata ya Mowa matlho a rona a ne a bulwa le ditlhaloganyo tsa rona tsa sedifadiwa, gore re ka bona le go tlhaloganya dilo tsa Modimo—

13 E bong dilo tse di sale di nna go tswa kwa tshimologong pele ga lefatshe le ise le nne, tse di neng di tlhomilwe ke Rara, ka Morwa yoo Tsetsweng a le Esi, yo a neng a le mo sehubeng sa ga Rara, le e leng go tswa kwa tshimologong;

14 Yo re supang tshupho ka ene; mme tshupo e re e supang ke botlalo jwa efangele ya ga Jeso Keresete, yo e leng Morwa, yoo re mmoneng mme re bile re buile le ene mo ponatshegelong ya selegodimo.

15 Gonne fa re ne re santse re dira tiro ya thanolo, e Morena a neng a re e laoletse, re ne ra fitlha mo temaneng ya masome a mabedi le bo ferabongwe ya kgaolo ya botlhano ya ga Johane, e re neng ra e neelwa jaaka go latela—

16 E e bua ka ga tsogo ya baswi, mabapi le bao ba tlaa utlwang lentswe la Morwa Motho:

17 Mme batla a tswa; bone ba ba dirileng molemo, mo tsogong ya basiami; mme bao ba dirileng bosula, mo tsogong ya ba ba sa siamang.

18 Jaanong se sa dira gore re gakgamale, gonne re ne re e neetswe ke Mowa.

19 Mme fa re tlhatlhanya ka dilo tse, Morena a kgoma matlho a go tlhaloganya ga rona mme a bulega, mme kgalalelo ya Morena ya phatsima mo tikologong.

20 Mme ra bona kgalalelo ya Morwa, mo letsogong la moja la ga Rara, mme ra amogela botlalo jwa gagwe;

21 Mme ra bona baengele ba ba boitshepo, le bone ba ba itshepisitsweng fa pele ga setilo sa gagwe sa bogosi, ba obamela Modimo, le Kwana, ba ba mo obamela ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae.

22 Mme jaanong, morago ga bopaki jo bontsi jo bo neetsweng ka ene, se ke bopaki, jwa bofelo jwa otlhe, jo re bo neelang ka ene: Gore o tshedile!

23 Gonne re mmone, le e leng mo letsogong la moja la Modimo; mme re utlwile lentswe le supa tshupo e gore ke ene Morwa yo oTsetsweng a le Esi wa ga Rara—

24 Gore ka ene, le go ya ka ene, le mo go ene, mafatshe a teng mme a ne a bopiwa, mme banni ba ba mo go one ke barwa le barwadie ba ba tsetsweng ke Modimo.

25 Mme se le sone re se bone, mme re supa tshupo, gore moengele wa Modimo yo o neng a le mo taolong mo bo leng teng jwa Modimo, yo o neng a tsogologela Morwa yo o Tsetsweng a le Esi yo Rara a mo ratileng le yo o neng a le mo sehubeng sa ga Rara, o ne a kobelwa tlase go tswa kwa bo leng teng jwa Modimo le Morwa,

26 Mme o ne a bidiwa Tatlhego, gonne magodimo a ne a mo lelela—e ne e le Lusifa, morwa moso.

27 Mme re bone, mme bonang, o wele! o wele, e bong morwa moso!

28 Mme jaaka rene re le mo Moweng, Morena o ne a re laela gore re kwale ponatshegelo; gonne re bone Satane, noga e le ya bogologolo, e bong diabole, yo o neng a tsogologela Modimo, mme a batlile go tsaya bogosi jwa Modimo wa rona le Keresete wa gagwe—

29 Ke gone, o dira ntwa le baitshepi ba Modimo, mme o ba dikaganyeditse.

30 Mme ra bona ponatshegelo ya dipogo tsa ba a neng a tlhabana le bone mme a ba fentse, gonne jaana go ne ga tla lentswe la Morena go rona:

31 Go bua jaana Morena mabapi le botlhe ba ba itseng thata ya me, mme ba dirilwe batlhakanedi ba yone, mme ba iteseleditse go fenngwa ka thata ya ga diabole, le go latola boammaaruri le go nyatsa thata ya me—

32 Ba na ke bone ba e leng barwa tatlhego, ba ka bone Ke rileng go ka bo gole botoka fa ba ka bo ba sa tsholwa;

33 Gonne ke dijana tsa kgalefo, tse di atlholetsweng go boga kgalefo ya Modimo, le diabole le baengele ba gagwe mo bosakhutleng;

34 Mabapi le ba Ke rileng ga gona boitshwarelo mo lefatsheng le le fa e le mo lefatsheng le le tlang—

35 Ka ba latotse Mowa o o Boitshepo fa ba sena go o amogela, mme ka ba latotse Morwa yoo Tsetsweng a le Esi wa ga Rara, ka ba mo ipapoletse mme ba mo tlhabisa ditlhong mo pontsheng.

36 Bano ke bone ba ba tlaa yang kwa bodibeng jwa molelo le selefura, le diabole le baengele ba gagwe—

37 Mme ke bone fela ba loso lwa bobedi le tlaa nnang le thata nngwe le nngwe mo go bone;

38 Ee, ammaaruri, bone fela ba ba se kitlang ba rekololwa mo nakong e e tshwanetseng ya Morena, morago ga dipogisego tsa kgalefo ya gagwe.

39 Gonne botlhe ba bangwe ba tlaa tlisiwa ka tsogo ya baswi, ka phenyo le kgalalelo ya Kwana, yo o bolailweng, yo a neng a le mo sehubeng sa ga Rara pele ga mafatshe a dirwa.

40 Mme se ke efangele, mafoko a a molemo, a lentswe go tswa magodimong le a supileng mo go rona—

41 Gore o tlile mo lefatsheng, e bong Jeso, go bapolelwa lefatshe, le go rwala dibe tsa lefatshe, le go itshepisa lefatshe, le go le ntlafatsa mo tshiamololong yotlhe;

42 Gore ka ene botlhe ba ka bolokwa bao ba Rara a neng a ba beileng mo thateng ya gagwe mme ba dirilwe ke ene;

43 Ba ba galaletsang Rara, le go boloka ditiro tsotlhe tsa diatla tsa gagwe, fa e se fela barwa tatlhego ba ba latolang Morwa morago ga Rara a sena go mo senola.

44 Ke gone, o boloka botlhe fa e se bone fela—ba tlaa ya kwa katlholong e e sa khutleng, e e leng katlholo ya bosakhutleng, e leng katlholo ya bo sa khutleng, go busa le diabole le baengele ba gagwe ka bosakhutleng, kwa seboko sa bone se sa sweng, le kwa molelo o sa timeng, se e leng tlhokofatso ya bone—

45 Mme bokhutlo jwa tsone, le fa e le lefelo la tsone, le fa e le tlhokofatso ya tsone, ga go motho ope yo o e itseng;

46 Le gone e ne e ise e senolwe, ga e ise, le fa e le go tlaa e senolelwa motho, fa e se fela go bone ba ba dirilweng batlhakanedi ba yone;

47 Le fa gontse jalo, Nna, Morena, ke e supa ka pono mo go ba le bantsi, mme ke akofe ke e khutlise gape;

48 Ke gone, bokhutlo, bophara, botelele, boteng, bohutsana jwa teng, ga ba bo tlhaloganye, le fa e le motho ope fa e se fela bao ba ba laoletsweng tshekiso e.

49 Mme re utlwile lentswe, le re: Kwalang ponatshagelo e, gonne bonang, se ke bokhutlo jwa ponatshegelo ya dipogisego tsa moikepi.

50 Mme gape re a supa—gonne re bone e bile re utlwile, mme se ke bopaki jwa efangele ya ga Keresete mabapi le bao ba ba tlaa tlang mo tsogong ya basiami—

51 Ba na ke bone ba ba amogetseng bopaki jwa ga Jeso, e bile ba dumetse mo leineng la gagwe mme ba kolobeditswe ka fa mokgweng wa phitlho ya gagwe, ba fitlhilwe mo metsing mo leineng la gagwe, mme se go ya ka taelo e a e neetseng—

52 Gore ka go tshegetsa ditaelo ba ka tlhapisiwa le go ntlafadiwa go tswa mo dibeng tsa bone tsotlhe, mme ba amogela Mowa o o Boitshepo ka go bewa diatla ke yo o tlhomilweng le go kanelwa mo thateng e;

53 Mme ba ba fenyang ka tumelo, mme ba kannwe ka Mowa o o Boitshepo wa tsholofetso, yo Rara a o tshololetseng mo go botlhe bao ba ba siameng mme ba le boammaaruri.

54 Ba na ke bone ba e leng kereke ya Motsalwapele.

55 Ba na ke bone bao ba Rara a beileng dilo tsotlhe mo diatleng tsa bone—

56 Ba na ke bone bao ba e leng baperesiti le dikgosi, ba ba amogetseng botlalo jwa gagwe, le kgalalelo ya gagwe;

57 Mme ke baperesiti ba Mogodimogodimo, ka fa thulaganyong ya ga Melekiseteke, e e neng e le ka fa thulaganyong ya ga Enoko, e e neng e le ka fa thulaganyong ya Morwa yo o Tsetsweng a le Esi.

58 Ke gone, jaaka go kwadilwe, ke medimo, e bong barwa Modimo—

59 Ke gone, dilo tsotlhe ke tsa bone, le fa e le mo botshelo kgotsa mo losong, kgotsa dilo tsa gompieno, kgotsa dilo tse di tlang, tsotlhe ke tsa bone mme ke ba ga Keresete mme Keresete ke wa Modimo.

60 Mme ba tlaa fenya dilo tsotlhe.

61 Le gone, a go se nne le ope yo o galaletsa motho, mme bogolo a galaletse Modimo, yoo tlaa fenyang baba botlhe ka fa tlase ga dinao tsa gagwe.

62 Bano ba tlaa nna mo boleng teng jwa Modimo le Keresete wa gagwe ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae.

63 Bano ke bone ba a tlaa tlang le bone, mogang a tlaa tlang a le mo marung a legodimo go busa mo lefatsheng mo bathong ba gagwe.

64 Bano ke bone ba ba tlaa tsayang karolo mo tsogong ya ntlha.

65 Bano ke bone ba ba tlaa tlang mo tsogong ya basiami.

66 Bano ke bone ba ba tlileng mo Thabeng ya Sione, le mo toropong ya Modimo yo o tshedileng, lefelo la selegodimo, le le boitshepo go otlhe.

67 Bano ke bone ba ba tlileng mo lesomong le le senang palo la baengele, kwa phuthegong kakaretso le kereke ya ga Enoko, le ya Motsalwapele.

68 Bano ke bone ba maina a bone a kwadilweng kwa legodimong, kwa Modimo le Keresete e leng baatlhodi ba botlhe.

69 Bano ke bone batho ba ba siameng ba ba dirilweng boitekanelo ka Jeso motsereganyi wa kgolagano e ntsha, yo o diragaditseng tetlanyo e e itekanetseng ka tshololo ya madi a gagwe.

70 Bano ke bone ba mebele ya bone e leng ya selesetiale, bao kgalalelo ya bone e leng ya letsatsi, e bong kgalalelo ya Modimo, e e kwa godimo ga tsotlhe, yo o kgalalelo ya letsatsi mo loaping e kwadilweng jaaka e e tshwanang.

71 Mme gape, re bone lefatshe la theresetiale, mme bonang, mme lebang bano ke bone ba e leng ba theresetiale, ba kgalalelo ya bone e farologanyeng le eo ya kereke ya Motsalwapele yo o amogetseng botlalo jwa ga Rara, fela jaaka eo ya ngwedi e farologanye mo go ya letsatsi mo loaping.

72 Bonang bano ke bone ba ba tlhokafetseng ba sena molao;

73 Mme le gone bao ba e leng mewa ya batho ba ba tshegeditsweng mo kgolegelong, bao Morwa a ba etetseng, le go ba rerela efangele, gore ba tle ba atlholwe jaaka batho mo nameng;

74 Ba ba sa amogeleng bopaki jwa ga Jeso mo nameng, mme morago ba bo amogele.

75 Bano ke bone batlotlegi ba lefatshe, ba ba neng ba foufaditsweng ke boferefere jwa batho.

76 Bano ke bone ba ba amogetseng kgalalelo ya gagwe, mme e seng botlalo jwa gagwe.

77 Bano ke bone ba ba amogetseng boleng teng jwa Morwa, mme e seng botlalo jwa ga Rara.

78 Ke gone, ke mebele ya theresetiale, mme e seng mebele ya selesetiale, mme e farologanye mo kgalalelong jaaka ngwedi a farologanye le letsatsi.

79 Bano ke bone ba ba seng tlhaga mo bopaking jwa ga Jeso; ke gone, ga ba amogele korone mo bogosing jwa Modimo wa rona.

80 Mme jaanong seno ke bokhutlo jwa pononatshegelo e re e boneng ya theresetiale, eo Morena a re laetseng go e kwala fa re ne re santse re le mo Moweng.

81 Mme gape, re bone kgalalelo ya thelesetiale, kgalalelo e e leng potlana, le e leng jaaka kgalalelo ya dinaledi e farologane le kgalalelo ya ngwedi mo loaping.

82 Bano ke bone ba ba sa amogelang efangele ya ga Keresete, le fa e le bopaki jwa ga Jeso.

83 Bano ke bone ba ba sa itatolang Mowa o o Boitshepo.

84 Bano ke bone ba ba latlhetsweng mo moleteng.

85 Bano ke bone ba ba ka sekeng ba rekololwa mo go diabolo go fitlha tsogo ya bofelo, go fitlha Morena, e bong Keresete Kwana, a feditse tiro ya gagwe.

86 Bano ke bone ba ba sa amogelang botlalo jwa gagwe mo lefatsheng la bo sa khutleng, mme jwa Mowa o o Boitshepo ka tirelo ya theresetiale;

87 Mme theresetiale ka tirelo ya selesetiale.

88 Mme le gone thelesetiale e e amogela ka tirelo ya baengele ba ba laoletsweng go ba direla, kgotsa bao ba laoletsweng go nna mewa e e direlang mo go bone; gonne e tlaa nna ba rua poloko.

89 Mme jaana re bone, mo ponatshegelong ya selegodimo, kgalalelo ya thelesetiale, e e fetang tlhaloganyo yotlhe;

90 Mme ga go motho ope yo o e itseng fa e se fela ene yo Modimo a e mo senoletseng.

91 Mme jaana re bone kgalalelo ya theresetiale e e gaisang mo dilong tsotlhe kgalalelo ya thelesetiale, le e leng mo kgalalelong, le mo thateng, le mo maatleng, le mo taolong.

92 Mme jaana re bone kgalalelo ya selesetiale, e e gaisang mo dilong tsotlhe—kwa Modimo, e bong Rara, a busang mo setilong sa bogosi jwa gagwe ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae;

93 Fa pele ga setilo sa bogosi jwa gagwe yo o dilo tsotlhe di ikobang ka tshisibalo e e kokobetseng, mme ba mo galaletsa ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae.

94 Bao ba ba nnang mo boleng teng jwa gagwe ke kereke ya Motsalwapele; mme ba bona jaaka ba bonwa mme ba itse jaaka ba itsiwe, ka ba amogetse botlalo jwa gagwe le tshegofatso ya gagwe;

95 Mme o ba lekanya ka thata, le ka maatla, le ka taolo.

96 Mme kgalalelo ya selesetiale e nngwe, fela jaaka kgalalelo ya letsatsi e le nngwe.

97 Mme kgalalelo ya theresetiale e nngwe, fela jaaka kgalalelo ya ngwedi e le nngwe.

98 Mme kgalalelo ya thelesetiale e nngwe, fela jaaka kgalalelo ya dinaledi e le nngwe; gonne jaaka naledi e le nngwe e farologanye mo go e nngwe ka kgalalelo, fela jalo e nngwe e farologanye le e nngwe ka kgalalelo mo lefatsheng la thelesetiale;

99 Gonne bano ke bone ba ga Paulo, le Apholose, le Sefase.

100 Bano ke bone ba ba reng ke ba ga yo mongwe mme ba bangwe ba ga yo mongwe—ba bangwe ba ga Keresete mme ba bangwe ba ga Johane, mme ba bangwe ba ga Moše, mme ba bangwe ba ga Eliase, mme ba bangwe ba ga Isaia, mme ba bangwe ba ga Enoko;

101 Mme ba sa amogele efangele, le fa e le bopaki jwa ga Jeso, le fa e le jwa baperofeti, le e seng kgolagano e e sa khutleng.

102 Sa bofelo mo go tsotlhe, bano botlhe ke ba ba se kitlang ba kgobokanngwa le baitshepi, go tsholelediwa mo kerekeng ya Motsalwapele, mme ba amogelwe mo lerung.

103 Bano ke bone ba ba maaka, le baloi, le diaka, le bagokafadi, le mongwe le mongwe yo o ratang le go dira maaka.

104 Bano ke bone ba ba utlwang botlhoko jwa kgalefo ya Modimo mo lefatsheng.

105 Bano ke bone ba ba utlwang botlhoko jwa ipusolosetso ya molelo wa bo sa khutleng.

106 Bano ke bone ba ba latlhetsweng mo moleteng le go utlwa botlhoko jwa kgalefo ya Modimo Mothatayotlhe, go fitlha botlalo jwa dinako, fa Keresete a tlaabo a fentse baba botlhe ka fa tlase ga dinao tsa gagwe, mme o tlaabo a dirile tiro ya gagwe boitekanelo;

107 Fa a tlaa neelang bogosi, mme a bo ise kwa go Rara, bo sena selabe, a re: Ke fentse mme ke gatakile tshilo ya mofine ke le nosi, e bong tshilo ya mofine ya bogale jwa kgalefo ya Modimo Mothatayotlhe.

108 Ke gone a tlaa rwesiwang korone ya kgalalelo ya gagwe, go nna mo setilong sa bogosi sa thata ya gagwe go busa ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae.

109 Mme lebang, mme bonang, re bone kgalalelo le banni ba lefatshe la thelesetiale, gore ba ne ba sena palo jaaka dinaledi mo loaping la legodimong, kgotsa jaaka moshawa mo letshitshing la lewatle;

110 Mme ra utlwa lentswe la Morena le re: Bano botlhe ba tlaa oba lengole, mme loleme lengwe le lengwe lo tlaa ipolela mo go ene yo o ntseng mo setilong sa bogosi ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae;

111 Gonne ba tlaa atlholwa go ya ka ditiro tsa bone, mme motho mongwe le mongwe o tlaa amogela go ya ka ditiro tsa gagwe, taolo ya gagwe, mo mannong a a baakantsweng;

112 Mme e tlaa nna batlhanka ba Modimogodimo; mme kwa Modimo le Keresete ba nna teng ga ba ka ke ba tla, mafatshe a bo sa khutleng le a bosaengkae.

113 Se ke bokhutlo jwa ponatshegelo e re e boneng, e re neng re laetsweng go e kwala fa re ne re santse re le mo Moweng.

114 Mme ditiro tsa Morena di dikgolo e bile di a gakgamatsa, le masaitsiweng a bogosi jwa gagwe tse a re di supegeditseng, a a fetang tlhaloganyo yotlhe mo kgalalelong, le ka maatla, le ka taolo;

115 A re laetseng gore ga re a tshwanela go a kwala fa re ne re santse re le mo Moweng, e bile go se ka fa molaong gore motho o ka a bua;

116 Le gone motho ga a nonofela go a itsise, gonne a bonwa fela le go tlhalogangwa ka thata ya Mowa o o Boitshepo, o o Modimo a o neelang bao ba ba mo ratang, mme ba itshekisitse fa pele gagwe;

117 Ba a ba neelang tshiamelo ya go bona le go itse ka bo bone;

118 Gore ka thata le ka ponatshegelo ya Mowa, fa ba le mo nameng, ba tle ba nonofele go itshokela boleng teng jwa gagwe mo lefatsheng la kgalalelo.

119 Mme go Modimo le Kwana a go nne kgalalelo, le tlotlo, le taolo ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae. Amene.