Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 37


Section 37

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith le Sidney Rigdon, gaufi le Fayette, New York, Sedimonthole 1830. Mo go neelwa taelo ya ntlha mabapi le go phuthega mo tebalebelong e.

1–4, Baitshepi ba bileditswe go phuthegela kwa Ohio.

1 Bonang, ke a lo raya gore ga go botlhokwa go nna gore lo tshwanetse go ranola go fitlha lo ya kwa Ohio, mme se ka ntlha ya mmaba le ka ntlha ya lona.

2 Mme gape, Ke a lo raya gore lo seka lwa tsamaya go fitlhelela lo sena go rera efangele ya me mo dikarolong tseo, mme lo thatafaditse kereke gongwe le gongwe kwa e fitlhelwang teng, mme bogolo thata mo Colesville; gonne, bonang, ba nthapela ka tumelo e kgolo.

3 Mme gape, taelo ke e neela kereke, gore go tshwanetse mo go nna gore ba ka phuthegela mmogo kwa Ohio, go baakanyetsa nako e motlhanka wa me Oliver Cowdery a tlaa boelang kwa go bone.

4 Bonang, se ke tlhalefo, mme a motho mongwe le mongwe a ikghethele go fitlha Ke tla. Fela jalo. Amene.