Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 1


Dithuto le Dikgolagano

Tsetlana 1

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, ka Ngwanatsele 1, 1831, ka nako ya khonforense e e tlhaolegileng ya bagolwane ba Kereke, e e neng e tshwaretswe kwa Hiram, Ohio. Ditshenolo tse dintsi di ne di amogetswe go tswa mo Moreneng pele ga nako e, mme go phuthiwa ga tsone gore di ka anamisiwa mo popegong ya buka e ne e lengwe ya setlhogo se segolo se se fitisitsweng kwa khonforenseng. Tsetlana e e dira ketapele ya Morena mo dithutong, dikgolagano, le ditaelo tse di neetsweng mo tebalebelong e.

1–7, Lentswe la tlhagiso le mo bathong botlhe; 8–16, Boitimokanyi le boikepo di etelelapele Go Tla ga Bobedi; 17–23, Joseph Smith o biditswe go tsosolosa mo lefatsheng boammaaruri le dithata tsa Morena; 24–33, Buka ya ga Momone e tsisiwa fa pele e bile Kereke ya boammaaruri e a tlhomamisiwa; 34–36, Kagiso e tlaa tlosiwa mo lefatsheng; 37–39, Sekasekang ditaelo tse.

1 Utlwang, Ao! lona batho ba kereke ya me, go bua lentswe la ene yo o nnang kwa godimo, yoo matlho a gagwe a leng mo bathong botlhe; ee, ammaruri Ka re: Utlwang lona batho lo le kgakala; le lona bao ba lo mo ditlhaketlhakeng tsa lewatle, reetsang mmogo.

2 Gonne ammaruri lentswe la Morena le mo bathong botlhe, mme ga go na ope yo o ka falolang; e bile ga go leitlho lepe le le se kitlang le bona, le fa e le tsebe e e se kitlang e utlwa, le e seng pelo e e se kitlang e amiwa.

3 Mme ditsuolodi di tlaa tlhabiwa ka kutlobotlhoko e kgolo; gonne boikepo jwa bone bo tlaa buiwa mo ditlhoeng tsa matlo, mme ditiro tsa bone tsa sephiri di tlaa senolwa.

4 Mme lentswe la tlhagiso le tlaa nna mo bathong botlhe, ka melomo ya barutwana ba me, bao ke ba itshenketseng mo malatsing a a bofelo.

5 Mme ba tlaa tswela pele e bile ga go ope yo o tlaa ba kgoreletsang, gonne Nna Morena ke ba laotse.

6 Bonang, se ke taolo ya me, le taolo ya batlhanka ba me, le diketapele tsa buka ya ditaelo tsa me, e Ke ba e neetseng go e anamisa mo go lona, Ao! lona banni ba lefatshe.

7 Ke gone, boifang le rorome, Ao! lona batho, gonne se nna Morena ke se ba laoletseng se tlaa diragadiwa.

8 Mme ammaruri ke a lo raya, gore bao ba ba tswelelang pele, ba bolela mafoko a mo banning ba lefatshe, mo go bone thata e neetswe go kana mo lefatsheng le kwa legodimong, ba ba sa dumeleng le batsuolodi;

9 Ee, ammaruri, go ba kanela letsatsi leo tšhakgalo ya Modimo e tlaa goromelediwang mo baikeping go sena selekanyo—

10 Mo letsatsing leo Morena a tlaa tlang go duela motho mongwe le mongwe ka fa tirong ya gagwe, le go lekanyetsa motho mongwe le mongwe ka fa selekanyong se a lekanyeditseng mong ka ene ka sone.

11 Ke gone lentswe la Morena le kwa dikhutlong tsa lefatshe, gore botlhe bao ba ba tlaa utlwang ba ka utlwa:

12 Ipaakanyetseng, ipaakanyetseng seo se se tlaa tlang, gonne Morena o gaufi;

13 Mme bogale jwa Morena bo a tuka, e bile tšhaka ya gagwe e tlhapile mo legodimong, mme e tlaa wela mo banning ba lefatshe.

14 Mme letsogo la Morena le tlaa senolwa; mme letsatsi le e tla leo ba ba se kitlang ba utlwa lentswe la Morena, le fa e le lentswe la batlhanka ba gagwe, le e seng go tlhokomela mafoko a baperofeti le baaposetole, ba tlaa kgaolwang go tswa mo gare ga batho;

15 Gonne ba dule mo ditaong tsa me, e bile ba robile kgolagano ya me e e sa khutleng;

16 Ga ba batle Morena go tlhomamisa tshiamo ya gagwe, mme motho mongwe le mongwe o itsamaela mo tseleng ya gagwe, le ka fa setshwantshong sa modimo wa gagwe, yo o setshwantsho sa gagwe se leng mo tshwanong ya lefatshe, le yoo boleng jwa gagwe e leng boleng jwa medimo ya disetwa, e e tsofalang mme e tlaa nyelela mo Babilone, le e leng Babilone o mogolo, o o tlaa wang.

17 Ke gone, Nna Morena, ka ke itse petso e e tlaa tlang mo banning ba lefatshe, ka bitsa motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., mme ka bua le ene go tswa kwa legodimong, le go mo neela ditaelo;

18 Mme le gone ka neela ditaelo mo go ba bangwe, gore ba tshwanetse go bolela dilo tse mo lefatsheng; mme tsotlhe tse gore go ka diragadiwa, se se neng se kwadilwe ke baperofeti—

19 Dilo tse di bokowa tsa lefatshe di tlaa tla pele le go roba tse di maatla le tse di thata, gore motho a se kitla a gakolola mong ka ene, le fa e le go ikanya mo letsogong la nama—

20 Mme gore motho mongwe le mongwe a ka bua mo leineng la Morena Modimo, e bong Mmoloki wa lefatshe;

21 Gore tumelo le yone e tle e oketsege mo lefatsheng;

22 Gore kgolagano ya me e e sa khutleng e ka tlhomamisiwa;

23 Gore botlalo jwa efangele ya me bo bolelwe ke ba ba bokoa le ba ba bori mo dikhutlong tsa lefatshe, le fa pele ga dikgosi le babusi.

24 Bonang, Ke nna Modimo mme ke di buile; ditaelo tse ke tsa me, mme di neetswe batlhanka ba me mo makoeng a bone, ka fa mokgweng wa puo ya bone, gore ba ka tlhaloganya.

25 Mme e re jaaka ba fosa, go ka itsisiwe;

26 Mme e re jaaka ba batlile tlhalefo ba ka rutwa;

27 Mme e re jaaka ba leofile ba ka otlhaiwa, gore ba ka ikwatlhaya;

28 Mme e re jaaka ba ne ba le boikokobetso ba ka thatafadiwa, le go segofadiwa go tswa kwa godimo, le go amogela kitso nako le nako.

29 Mme morago fa a sena go amogela tshupo ya Banefi, ee, le e leng motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., o ka nna le thata ya go ranola ka kutlwelobotlhoko ya Modimo, ka thata ya Modimo, Buka ya ga Momone.

30 Mme le gone mo go bone bao ba ba neetsweng ditaelo tse, ba ka nna le thata ya go thaya motheo wa kereke, le go e ntsha go tswa mo bofitlheng le go tswa mo lefifing, kereke fela ya boammaaruri le e e tshedileng mo sefatlhogong sa lefatshe lotlhe, e ka yone Nna, Morena, ke itumetseng thata, ke bua le kereke ka tshoboko e seng ka bongwe—

31 Gonne Nna Morena ga ke ka ke ka lebelela sebe le fa e le ka selekanyo se se potlana sa tetlelelo;

32 Le fa go ntse jalo, yo o ikwatlhayang a bo a diragatsa ditaelo tsa Morena o tlaa itshwarelwa;

33 Mme yo o sa ikwatlhayeng, mo go ene go tlaa tsewa le lone lesedi le a le amogetseng; gonne Mowa wa me ga o kitla o nna ka metlha o ganela le motho, go bua Morena wa Masomosomo.

34 Mme gape, ammaruri ke a lo raya, Ao! banni ba lefatshe: Nna Morena ke rata go itsise dilo tse mo ditsheding tsotlhe;

35 Gonne Nna ga ke motlhaodi wa batho, mme ke rata gore batho botlhe ba itse gore letsatsi ka bonako le etla; oura ga ise e tle, mme e atametse, fa kagiso e tlaa tlosiwa mo lefatsheng, mme diabole o tlaa nna le thata mo pusong ya gagwe.

36 Mme le gone Morena o tlaa nna le thata mo baitsheping ba gagwe, e bile o tlaa busa mo gare ga bone, mme o tlaa fologela mo katlholong mo Idumea, kgotsa lefatshe.

37 Sekasekang ditaelo tse, gonne di boammaaruri le boikanyego, mme diperofeto le ditsholofetso tse di mo go tsone di tlaa diragadiwa tsotlhe.

38 Se Nna Morena ke se buileng, ke se buile, mme ga ke ipate, le ntswa magodimo le lefatshe di feta, lefoko la me ga le kitla le feta, mme le tlaa diragadiwa lotlhe, a e ka tswa e le ka lentswe la me kgotsa ka lentswe la batlhanka ba me, go a tshwana.

39 Gonne bonang, mme lebang, Morena ke Modimo, mme Mowa o supa tshupo, mme tshupo e boammaaruri, e bile boammaaruri bo nna ka bo senang bokhutlo le ka bosaengkae. Amene.