Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 54


Tsetlana 54

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith go Newel Knight, kwa Kirtland, Ohio, Seetebosigo 10, 1831. Maloko a Kereke a a nnang mo Thompson, Ohio, ba ne ba tlhoka go dumalana mabapi le dipotso tse di amanang le tshwaelo ya dithoto. Bopelotshetlha le bofatlha di ne tsa bonatshega. Morago ga thomo ya gagwe kwa go ba Shakers (bona setlhogo sa tsetlana 49), Leman Copley o ne a robile kgolagano ya gagwe ya go tshwaela tshimo ya gagwe e tona jaaka lefelo la boswa la ba Baitshepi ba ba gorogang go tswa Colesville, New York. Ka ditlamorago, Newel Knight (moeteledipele wa maloko a a nnang mo Thompson) le bagolwane ba bangwe ba ne ba tlile kwa go Moperofeti go kopa gore ba ka tswelela jang. Moperofeti a botsa Morena mme a amogela tshenolo e, e e laelang maloko mo Thompson go tlogela tshimo ya ga Leman Copley mme ba tsamaele kwa Missiouri.

1–6, Baitshepi ba tshwanetse go tshegetsa kgolagano ya efangele go amogela kutlwelobotlhoko; 7–10, Ba tshwanetse go nna pelotelele mo pitlaganong.

1 Bonang, go bua jaana Morena, e bong Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo, e bong ene yo o bapoletsweng dibe tsa lefatshe—

2 Bona, ammaaruri, ammaaruri, Ke a go raya, motlhanka wa me Newel Knight, o eme ka tlhomamo mo ofising e Ke go tlhomileng mo go yone.

3 Mme fa bakaulengwe ba gago ba eletsa go falola baba ba bone, a ba ikwatlhaele dibe tsa bone tsotlhe, mme ba nne boikokobetse ka boammaruri fa pele ga me mme ba ngomogile.

4 Mme jaaka kgolagano e ba e dirileng le nna e robilwe, fela jalo ga e na mosola e bile ga e na thuso.

5 Mme bohutsana mo go ene yo sekgopi se tlang ka ene, gonne go ka bo go nnile molemo mo go ene gore a be a ne a thabueditswe mo botennyeng jwa lewatle.

6 Mme go lesego bone ba ba tshegeditseng kgolagano mme ba tlhokometse taelo, gonne ba tlaa amogela kutlwelobotlhoko.

7 Ke gone, tsamayang jaanong mme lo tswe mo lefatsheng, e sere kgotsa baba ba lona ba lo tlhasela; mme tsayang loeto lwa lona, mme lo tlhome yo lo eletsang a nna moeteledipele wa lona, le go le duelela madi.

8 Mme lo tlaa tsaya loeto lwa lona go ya kwa dikgaolong tse di ka kwa botlhaba, kwa lefatsheng la Missouri, mo melelwaneng ya Balamane.

9 Mme morago ga lo sena go wetsa loeto, bonang, Ke a lo raya, batlang go itshidisa jaaka batho, go fitlha Ke lo baakanyetsa bonno.

10 Mme gape, nnang pelotelele mo pitlaganong go fitlha ke tla; mme, bonang, ke tla ka bofefo, mme tuelo ya me ke na nayo, mme bao ba ba mpatlileng go sale gale ba tlaa bonela mewa ya bone tapologo. Fela jalo. Amene.