Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 97


Tsetlana 97

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa kirtland, Ohio, Phatwe 2, 1833. Tshenolo e e itebagantse segolo bogolo le merero ya baitshepi mo Sione, Jackson Khaunthi, Missouri mo phetelong ya kopo ya Moperofeti go amogela polelo mo go Morena. Maloko a Kereke mo Missouri ba ne ka nako e ba le ka fa tlase ga pogiso e e botlhoko, ka Phukwi 23, 1833, ba ne a pateleditswe go baya monwana mo tumalanong ya go fuduga mo Jackson Khaunthi.

1–2, Baitshepi ba le bantsi mo Sione (Jackson Khaunthi, Missouri) ba segofaletswa boikanyego jwa bone; 3–5, Parley P. Pratt o akgolelwa go dira ka natla mo sekolong sa Sione; 6–9, Bao ba tshegetsang dikgolagano tsa bone ba amogelwa ke Morena; 10–17, Ntlo e tshwanetse go agiwa mo Sione e mo go yone ba ba pelo di itshekileng ba tlaa bonang Morena; 18–21, Sione ke ba ba pelo di itshekileng; 22–28, Sione o tlaa falola kiteo ya Morena fa a le boikanyego.

1 Ammaaruri Ke a lo raya ditsala tsa me, ke bua le lona ka lentswe la me, e bong lentswe la Mowa, gore ke ka le supegetsa thato ya me mabapi le bakaulengwe ba lona mo lefatsheng la Sione, ba bontsi jwa bone ka boammaaruri ba leng boikokobetso e bile ba batla ka tlhwaafalo go amogela botlhale le go bona boammaaruri.

2 Ammaaruri, ammaaruri Ke a lo raya, go sego ba ba ntseng jalo, gonne ba tlaa amogela, gonne Nna, Morena, ke supa kutlwelobotlhoko mo go botlhe ba ba bonolo, le mo go botlhe bangwe le bangwe ba ke ratang, gore Ke ka siamisiwa fa ke ba tlisa mo katlholong.

3 Bonang, Ke a lo raya, mabapi le sekolo mo Sione, Nna, Morena, ke itumela thata gore go tshwanetse go na le sekolo mo Sione, mme le gone ka motlhanka wa me Parley P. Pratt, gonne o nna mo go nna.

4 Mme e re ka a tswelela go nna mo go nna o tlaa tswelela a okamela sekolo mo lefatsheng la Sione go fitlha Ke mo neela ditaelo tse dingwe.

5 Mme ke tlaa mo segofatsa ka ntsifatso ya ditshegofatso, mo go atoloseng tsotlhe dikwalo tse di boitshepo le masaitsiweng a kagelelo ya sekolo, le ya kereke mo Sione.

6 Mme go masalela a sekolo, Nna, Morena, ke rata go ba supegetsa kutlwelobotlhoko; le fa go ntse jalo, go na le ba ba tlhokang go otlhaiwa, mme ditiro tsa bone di tlaa itsisiwe.

7 Selepe se tsipilwe mo meding ya ditlhare; mme setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng leungo le le molemo se tlaa rengwa mme se latlhelwe mo molelong. Nna, Morena ke e buile.

8 Ammaaruri Ke a lo raya, botlhe ba ba mo gare ga bone ba ba itseng gore dipelo tsa bone di a tshepega, mme dithubegile, mme mewa ya bone e ngomogile e bile ba rata go tlhokomela dikgolagano tsa bone ka setlhabelo—ee, setlhabelo sengwe le sengwe se Nna, Morena, ke tlaa se laelang—ba a amogelesega mo go nna.

9 Gonne Nna, Morena, ke tlaa ba dira gore ba ungwe jaaka setlhare se ungwang thata seo se tlhomilweng mo mmung o o molemo, gaufi le motsweding o o itshekileng, se se ungwang leungo le le rategang thata.

10 Ammaaruri Ke a lo raya, gore ke thato ya me gore ke tshwanetse go agelwa ntlo mo lefatsheng la Sione, go tshwana le sekao se Ke se lo neetseng.

11 Ee, a e agwe ka pela, ka di tsa bolesome tsa batho ba me.

12 Bonang, se ke tsa bolesome le setlhabelo se Nna, Morena, ke se lopang mo diatleng tsa bone, gore go tle go nne le ntlo e ke e agetsweng ya poloko ya Sione—

13 Ya lefelo la malebogo a baitshepi botlhe, le ya lefelo la borutelo la botlhe bao ba ba bileditsweng tiro ya tirelo mo dipitsong tsa bone tsotlhe tse di farologanyeng le diofisi;

14 Gore ba ka itekanedisiwa mo tlhaloganyong ka tirelo ya bone, mo thutegong, mo melawaneng, le mo thutong, mo dilong tsotlhe tse e leng tsa bogosi jwa Modimo mo lefatsheng, dilotlele tsa bogosi jo bo tlhomilweng mo go lona.

15 Mme e re ka batho ba me ba nkagela ntlo mo leineng la Morena, mme ba sa leseletse selo sepe se se leswafetseng go tsena mo go yone, gore e se ka ya itshekololwa, kgalalelo ya me e tlaa nna mo go yone;

16 Ee, mme bo leng teng jwa me bo tlaa nna koo, gonne Ke tlaa tsena mo go yone, mme botlhe ba ba pelo di itshekileng ba ba tlaa tsenang mo go yone ba tlaa bona Modimo.

17 Mme fa e itshekolotswe ga Ke kitla ke tsena mo go yone, e bile kgalalelo ya me ga e kitla e nna koo, gonne ga ke kitla ke tsena mo ditempeleng tse di sa itshephang.

18 Mme jaanong, bonang, fa Sione a dira dilo tse o tlaa tlhogonolofala, le go ikala mme a galalele thata, bogolo thata, e bile a boitshega thata.

19 Mme ditšhaba tsa lefatshe di tlaa mo tlotla, mme di tlaa re: ka nnete Sione ke toropo ya Modimo wa rona, mme ka nnete Sione ga a kake a wa, le fa e le go ntshiwa mo lefelong la gagwe, gonne Modimo o koo, e bile seatla sa Morena se koo;

20 Mme o ikanne ka thata ya maatla a gagwe go nna poloko ya gagwe le kago e e goletseng kwa godimo ya gagwe.

21 Ke gone ka moo, ammaaruri, go bua jaana Morena, a Sione a ipele, gonne se ke Sione—Ba ba Pelo Di Itshekileng; ke gone ka moo a Sione a ipele, fa baikepi botlhe ba hutsafala.

22 Gonne bonang, mme lebang, pusoloso e tla ka bofefo mo baikeping jaaka sefefo; mme ke mang yo o tlaa se falolang?

23 Kiteo ya Morena e tlaa feta bosigo le motshegare, mme pego ya sone e tlaa kgopisa batho botlhe; ee, ga e kitla e emisiwa go fitlhela Morena a tla;

24 Gonne tšhakgalo ya Morena e tukela makgapha a bone le ditiro tsa bone tsotlhe tsa boikepo.

25 Le fa go ntse jalo, Sione o tlaa falola fa a tlhokomela go dira dilo tsotlhe tsa sengwe le sengwe se Ke se mo laetseng.

26 Mme fa a sa tlhokomele go dira sengwe le sengwe se ke se mo laetseng, ke tlaa mo lekola go ya ka ditiro tsotlhe tsa gagwe, ka pogisego e e botlhoko, ka leroborobo, ka petso, ka tšhaka, ka pusoloso, ka molelo o o lailang.

27 Le fa go ntse jalo, a e balwe gangwefela mo ditsebeng tsa gagwe, gore Nna, Morena, ke amogetse tshupelo ya gagwe, mme fa a sa tlhole a leofa ga go sepe sa dilo tse se se tlaa mo diragalelang;

28 Mme ke tlaa mo segofatsa ka ditshegofatso, mme ke tlaa atisa ntsifatso ya ditshegofatso mo go ene; le mo ditshikeng tsa gagwe ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae, go bua Morena Modimo wa lona. Amene.