Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 61


Tsetlana 61

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, mo lotshitshing la noka ya Missouri, McIlwaine’s Bend, Phatwe 12, 1831. Mo loetong lwa bone la go boela kwa Kirtland, Moperofeti le bagolwane ba le lesome ba ne ba tsamaya mo Nokeng ya Missiouri ka mekoro. Mo letsatsing la boraro la mosepele, diphatsa tse dintsi di ne tsa itemogelwa. Mogolwane William W. Phelps mo ponatshegelong ya motshegare, a bona mosinyi a tsamaya ka thata mo sefatlhegong sa metsi.

1–12, Morena o boletse ka ditshenyo tse dintsi mo godimo ga metsi; 13–22, Metsi a ne a hutsitswe ke Johane, mme mosinyi o tsamaya mo godimo ga sefatlhogong sa one; 23–29, Bangwe ba na le thata go laola metsi; 30–35, Bagolwane ba tshwanetse go tsamaya ka sebedi bedi mme ba rera efangele; 36–39, Ba tshwanetse go baakanyetsa go tla ga Morwa Motho.

1 Bonang, mme lo utlweng lentswe la yo o nang le thata yotlhe, yo o tswa kwa go senang tshimologo go ya kwa bosakhutleng, e bong Alefa le Omega, tshimologo le bokhutlo.

2 Bonang, ammaaruri go bua jaana Morena mo go lona, Ao lona bagolwane ba kereke ya me, ba lo kokoanyeng mo lefelong le, bao dibe tsa bone jaanong ba di itshwaretsweng, gonne Nna, Morena, ke itshwarela dibe, mme ke utlwelabotlhoko bao ba ba ipolelang dibe tsa bone ka dipelo tse di ikokobeditseng;

3 Mme ammaaruri Ke a lo raya, ga go batlege gore setlhopha se sotlhe sa bagolwane ba me se tsamaye ka bonako mo godimo ga metsi, fa banni ka fa letlhakoreng le lengwe ba nyelela ka ntlha ya botlhoka tumelo.

4 Le fa gontse jalo, Ke leseleditse gore lo tle lo supe tshupo; bonang, go na le diphatsa tse dintsi mo metsing, mme bogolo segolo morago ga fa;

5 Gonne Nna, Morena, ke boletse mo bogaleng jwa me ditshenyego tse dintsi mo metsing; ee, mme bogolo segolo mo metsing a.

6 Le fa gontse jalo, nama yotlhe e mo seatleng sa me, mme yo o boikanyego mo gare ga lona ga a kitla a nyelediwa ka metsi.

7 Ke gone, go tshwanetse gore motlhanka wa me Sidney Gilbert le motlhanka wa me William W. Phelps ba potlake mo tirong ya bone le thomo.

8 Le fa gontse jalo, ga ke rate go leseletsa gore lo kgaogane go fitlha lo otlhaelwa dibe tsa lona tsotlhe, gore le ka nna bangwefela, gore lo se nyelele mo boikepong;

9 Mme jaanong, ammaaruri Ka re, go ntshwanetse gore lo tshwanetse go kgaogana. Ke gone a batlhanka ba me Sidney Gilbert le William W. Phelps ba tseye setlhopha sa bone sa pele, mme a ba tseye loeto lwa bone ka potlako gore ba dire thomo ya bone, mme ka tumelo ba tlaa fenya;

10 Mme e re ka ba le boikanyego ba tlaa bolokwa, mme Nna, Morena, ke tlaa nna le bone.

11 Mme a masalela a tseye seo se se batlegang sa diaparo.

12 A motlhanka wa me Sidney Gilbert a tseye seo se se sa batlegeng, jaaka lo tlaa dumalana.

13 Mme jaanong, bonang, ka ntlha ya molemo wa lona Ke lo neetse taolo mabapi le dilo tse; mme Nna, Morena, ke tlaa akantshana le lona jaaka batho mo malatsing a bogologolo.

14 Bonang, Nna, Morena, mo tshimologong ke segofaditse metsi; mme mo malatsing a bofelo, ka molomo wa motlhanka wa me Johane, Ke hutsitse metsi.

15 Ke gone, malatsi a tlaa tla ao nama epe e tlaabong e sa sireletsega mo metsing.

16 Mme go tlaa buiwa mo malatsing a a tlaa tlang gore ga gona yo o nonofileng go tlhatlogela kwa lefatsheng la Sione mo godimo ga metsi, mme ene yo o pelo e e thokgameng.

17 Mme, jaaka Nna, Morena, mo tshimologong ke hutsitse lefatshe, fela jalo mo malatsing a bofelo Ke le segofaditse, mo nakong e e tshwanetseng, go dirisiwa ke baitshepi ba me, gore ba ka ja monono wa lone.

18 Mme jaanong Ke lo neela taelo gore se Ke se raya a le mongwe Ke se raya botlhe, gore lo tle lo tlhagise go sa le gale bakaulengwe ba lona mabapi le metsi a, gore ba se tle ba tsamaya mo metsing, e sere kgotsa tumelo ya bone ya tlhaela mme ba tshwarwa ke dirai;

19 Nna, Morena, ke laotse, mme mosinyi o pagame mo godimo ga sefatlhogong sa one, mme ga Ke fetole taolo ya me.

20 Nna, Morena, ke ne ke lo galefetse maabane, mme gompieno bogale jwa me bo fapositswe.

21 Ke gone, a bao ke buileng mabapi le bone, ba ba tshwanetseng go tsaya loeto lwa bone ka potlako—gape Ke a lo raya, a ba tseye loeto lwa bone ka potlako.

22 Mme ga gore sepe mo go nna, morago ga lobakanyana, fa go diragala gore ba dire thomo ya bone, le fa ba tsamaya mo metsing kgotsa mo lefatsheng; a se se nne jaaka ba itsisitswe go yeng ka dikatlholo tsa bone morago ga fa.

23 Mme jaanong, mabapi le batlhanka ba me Sidney Rigdon, Joseph Smith, Jun., le Oliver Cowdery, a ba se tle gape mo godimo ga metsi, fa e se ka mosele o motona, fa ba tsamaya ba ya kwa malwapeng a bone; kgotsa ka mafoko a mangwe ba se tle ba tsamaya mo godimo ga metsi, fa e se ka mosele o motona.

24 Bonang, Nna, Morena, ke laotse tsela e baitshepi ba me ba tsamayang ka yone; mme bonang, se ke tsela ya teng—gore morago ga ba sena go tlogela mosele o motona ba tsamaye mo lefatsheng, e re ka ba laelwa go tsamaya le go tlhatlogela kwa lefatsheng la Sione;

25 Mme ba tla a dira jaaka bana ba Iseraele, ba tlhoma ditante tsa bone fa tseleng.

26 Mme, bonang, taelo e lo tlaa e neela bakaulengwe ba lona botlhe.

27 Le fa gontse jalo, yo mo go ene go neetsweng thata go laola metsi, mo go ene go neetswe ka Mowa go itse ditsela tsa gagwe tsotlhe;

28 Ke gone, a a dire jaaka Mowa wa Modimo o o tshedileng o mo laela, le fa e le mo lefatsheng kgotsa mo metsing, jaaka go setse mo go nna go dira moragonyana ga fa.

29 Mme mo go lona go neetswe tsela ya baitshepi, kgotsa tsela ya baitshepi ba kampa ya Morena, go tsamaya.

30 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, batlhanka ba me Sidney Rigdon, Joseph Smith, Jun., le Oliver Cowdery, ga ba tshwanela go bula melomo ya bone mo diphuthegong tsa baikepi go fitlha ba goroga kwa Cincinnati;

31 Mme mo lefelong leo ba tlaa tsholeletsa mantswe a bone kwa Modimong kgatlhanong le batho bao, ee, kwa go ene yo o bogale jwa gagwe bo tukelang baikepi, batho ba ba setseng ba le gaufi thata le go butswela tshenyego.

32 Mme go tswa foo a ba etele kwa diphuthegong tsa bakaulengwe ba bone, gonne ditiro tsa bone jaanong di batlega thata ka letlotlo mo gare ga bone go na le mo gare ga diphuthego tsa baikepi.

33 Mme jaanong, mabapi le masaledi, a ba tsamaye mme ba bolele lefoko mo gare ga diphuthego tsa baikepi, e re ka go neetswe;

34 Mme e re ka ba dira se ba tlaa tlosa diaparo tsa bone, mme di tlaabo di sa mathwa fa pele ga me.

35 Mme a ba tsamaye mmogo, kgotsa sebedi bedi, jaaka ba bona go le molemo mo go bone, a fela motlhanka wa me Reynolds Cahoon, le motlhanka wa me Samuel H. Smith, ba Ke itumelang thata mo go bone, ba se kgaoganngwe go fitlha ba boela kwa malwapeng a bone, mme se ka maikaelelo a a botlhale mo go nna.

36 Mme jaanong, ammaaruri Ke a lo raya, mme se Ke se buang go a le mongwe Ke se bua go botlhe, nametsegang, bana ba bannye; gonne Ke mo gare ga lona, e bile ga Ke a lo tlogela;

37 Mme e re ka lo ikokobeditse fa pele ga me, ditshegofatso tsa bogosi ke tsa lona.

38 Tlamang matheka a lona mme lo lebeleleng le nne boitekanelo, lo lebeletse go tla ga Morwa Motho, gonne o tla mo oureng e lo sa solofeleng ka yone.

39 Rapelang ka metlha gore lo se tsene mo thaelong, gore lo ka itshokela letsatsi la go tla ga gagwe, le fa e le mo botshelong kgotsa mo losong. Fela jalo. Amene.