Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 115


Tsetlana 115

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Far West, Missouri, Moranang 26, 1838, e e itsiseng thato ya Modimo mabapi le go agiwa ga lefelo leo le ntlo ya Morena. Tshenolo ee lebagantswe le badiredi ba baokamedi le maloko a Kereke.

1–4, Morena o bitsa kereke ya Gagwe Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo; 5–6, Sione le dimapo tsa gagwe ke mafelo a tshireletso le botshabelo jwa Baitshepi; 7–16, Baitshepi ba laelwa go aga ntlo ya Morena kwa Far West; 17–19, Joseph Smith o tshegeditse dilotlele tsa bogosi jwa Modimo mo lefatsheng.

1 Ammaaruri go bua jaana Morena le wena, motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., mme le ene motlhanka wa me Sidney Rigdon, mme le ene motlhanka wa me Hyrum Smith, le bagakolodi ba lona ba jaanong le ba ba tlaa tlhomiwang morago ga fa.

2 Mme le gone go wena, motlhanka wa me Edward Partridge, le bagakolodi ba gagwe;

3 Mme le gone go batlhanka ba me ba ba boikanyego ba e leng ba lekgotla le legolo la kereke ya me mo Sione, gonne jaana le tlaa bidiwa, le go botlhe bagolwane le batho ba Kereke ya me ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, ba ba phatlhaladitsweng kwa ntle mo lefatsheng lotlhe;

4 Gonne jaana kereke ya me e tlaa bidiwa mo malatsing a bofelo, e bong Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo.

5 Ammaaruri ke a lo raya lotlhe: Tsogang lo phatsime go ya pele, gore lesedi la lona e nne mokgele wa ditšhaba;

6 Le gore go phuthega mo lefatsheng la Sione, le mo dimapong tsa gagwe, go ka nna ga tshireletso, le ga botshabelo go tswa mo matsubutsubung, le mo tšhakgalong mogang e tla a goromelediwang go sena selekanyo mo lefatsheng ka bophara.

7 A toropo, Far West, e nne boitshepo le lefatshe le ke le tshwaetsweng; mme e tlaa bidiwa e e boitshepo thata gonne lefelo le lo emeng mo go lone le boitshepo.

8 Ke gone ka moo, ke le laola go nkagela ntlo, go phutha baitshepi ba me, gore ba ka nkobamela.

9 Mme a go nne le tshimologo ya tiro e, le motheo, le paakanyetso tiro, selemo se se latelang;

10 Mme a tshimologo e dirwe ka letsatsi la bone la Phukwi o latelang; mme go tswa mo lobakeng leo a batho ba me ba dire ka tlhwaafalo go agela ntlo leina la me;

11 Mme mo ngwageng o le mongwe go tswa mo letsatsing le a ba simolole gape go thaya motheo wa ntlo ya me.

12 Jaana a go tswa mo lobakeng leo ba dire ka tlhwaafalo go fitlhelela e fela, go tswa lentswe kgokgotsho la yone go ya kwa godimo ga yone, go fitlha go se kitla go sala sepe se se sa fediwang.

13 Ammaaruri ke a lo raya, a motlhanka wa me Joseph, le fa e le motlhanka wa me Sidney, le fa e le motlhanka wa me Hyrum, ba seka ba tlhola ba tsena mo sekolotong sa go agela ntlo go leina la me;

14 Mme a ntlo e agelwe leina la me go ya ka sekao se ke tlaa se ba supegetsang.

15 Mme fa batho ba me ba sa e age go ya ka sekao se ke tlaa se supegetsang boporesidente ba bone, ga ke kitla ke amogela mo diatleng tsa bone.

16 Mme fa batho ba me ba e aga go ya ka sekao se ke tlaa se supegetsang boporesidente ba bone, e bong motlhanka wa me Joseph le bagakolodi ba gagwe, ke gone ke tlaa e amogela mo bathong ba me.

17 Mme gape, ammaaruri ke a lo raya, ke thato ya me gore toropo ya Far West e agiwe ka bonako ka go phuthega ga baitshepi ba me;

18 Mme le gone gore mafelo a mangwe a tshwanetse go laolelwa dimapo mo dikgaolong tse di mo tikologong, jaaka a tlaa bonatshediwa motlhanka wa me Joseph, go tswa nako le nako.

19 Gonne bonang, ke tlaa nna le ene, mme ke tlaa mo itshepisa fa pele ga batho; gonne mo go ene ke neetse dilotlele tsa bogosi jo le tirelo. Fela jalo. Amene.