Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 2


Tsetlana 2

Kinolo go tswa mo ditsong tsa ga Joseph Smith e bolela mafoko a moengele Moroni go Moperofeti Joseph Smith, fa a ntse a le mo ntlong ya ga rraagwe kwa Manchester, New York, mo maitseboeng a Lwetse 21, 1823. Moroni e ne e le ene wa bofelo mo moleng o moleele wa babatlisisi ba ditso yo o neng a dirile tshupo eo jaanong e leng fa pele ga lefatshe jaaka Buka ya ga Momone. (Tshwantshanya le Malaki 4:5–6; le tsone di tsetlana 27:9; 110:13–16; le 128:18.)

1, Elija o tlaa senola boperesiti; 2–3, Ditsholofetso tsa borraabone di tlhomiwa mo dipelong tsa bana.

1 Bonang, ke tlaa lo senolela Boperesiti, ka seatla sa ga Elija moperofeti, pele ga go tla ga letsatsi le legolo le le boitshegang la Morena.

2 Mme ene o tlaa tlhoma mo dipelong tsa bana ditsholofetso tse di dirilweng mo go borraabone, mme dipelo tsa bana di tlaa sokologela go tsa borraabone.

3 Fa go ne go sa nna jalo, lefatshe lotlhe le tlaa senngwa gotlhelele mo go tleng ga gagwe.