Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 112


Tsetlana 112

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith go Thomas B. Marsh, kwa Kirtland, Ohio, Phukwi 23, 1837, mabapi le Baapasetole ba ba Lesome le Bobedi ba Kwana. Tshenolo e e ne ya amogelwa mo letsatsing leo Bagolwane Heber C. Kimball le Orson Hyde lantlha ba rera efangele mo England. Thomas B. Marsh ka nako e e ne e le Poresidente ya Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi.

1–10, Ba ba Lesome le Bobedi ba tshwanetse go romela efangele le go tsholetsa lentswe la tlhagiso mo ditšhabeng tsotlhe le batho; 11–15, Ba tshwanetse go tsaya sefapano sa bone, le go sala Jeso morago, le go fudisa dinku tsa Gagwe; 16–20, Bao ba amogelang Boporesidente jwa Ntlha ba amogela Morena; 21–29, Lefifi le bipa lefatshe, mme ke fela bao ba ba dumelang ba bo ba kolobediwa ba ba tlaa bolokwang; 30–34, Boporesidente jwa Ntlha le ba ba Lesome le Bobedi ba tshegetsa dilotlele tsa tebalebelo ya botlalo jwa dinako.

1 Ammaaruri go bua jaana Morena le wena motlhanka wa me Thomas: Ke utlwile dithapelo tsa gago; le dikatso tsa gago di tlhatlogile jaaka segopotso fa pele ga me, mo boemong jwa bao, bakaulengwe ba gago, ba ba neng ba itshenketswe go paka ka leina la me le go le romela kwa ntle mo gare ga tsotlhe ditšhaba, matso, diteme, le batho, le go tlhomiwa ka go dirisiwa ga bathanka ba me.

2 Ammaaruri ke a go raya, go ntse go na le dilo dingwe di se kae mo pelong ya gago le mo go wena tse Nna, Morena, ke neng ke sa di itumelela sentle.

3 Le fa go ntse jalo, e re ka o ingotlofaditse o tlaa godisiwa; ke gone ka moo, dibe tsa gago tsotlhe o di itshwaretswe.

4 A pelo ya gago e nametsege fa pele ga sefatlhogo sa me; mme o tlaa supa tshupo ya leina la me, e seng fela kwa go Baditšhaba, mme le gone go Bajuta; mme o tlaa romela lefoko la me kwa dikhutlong tsa lefatshe.

5 Ganelana, ke gone ka moo, moso le moso; mme letsatsi morago le letsatsi a lentswe la gago la tlhagiso le tswele pele; mme e re bosigo bo tla a banni ba lefatshe ba se robale, ka ntlha ya lentswe la gago.

6 A bonno jwa gago bo itsiwe mo Sione, mme se huduse ntlo ya gago; gonne Nna, Morena, ke na le tiro e kgolo ya gago go e dira, mo go anamiseng leina la me mo gare ga bana ba batho.

7 Ke gone ka moo, tlamelang matheka a lona tiro e. A dinao tsa lona di rweswe le tsone, gonne o mo itshenkedwi, mme tsela ya gago e ralala mo gare ga dithaba, le mo gare ga ditšhaba tse dintsi.

8 Mme ka lefoko la gago ba le bantsi ba ba ipegileng kwa godimo ba tlaa ngotlelwa tlase, le ka lefoko la me ba le bantsi ba ba kwa tlase ba tlaa godisiwa.

9 Lentswe la gago e tlaa nna kgalemo mo ba tlola molaong mme ka kgalemelo ya gago a loleme la ba pateletsi le emise bokgopo jwa lone.

10 Nna boikokobetso; mme Morena Modimo wa gago o tlaa go goga ka seatla, e bile a go neele karabo ya dithapelo tsa gago.

11 Ke itse pelo ya gago, mme ke utlwile dithapelo tsa gago mabapi le bakaulengwe ba gago. Se ye ntlheng ya bone mo go ba rateng go feta bontsi ba bangwe, mme o ba rate jaaka o ithata; mme a lorato la gago le nne mo bathong botlhe, le mo go botlhe ba ba ratang leina la me.

12 Mme o rapelele bakaulengwe ba gago ba ba Lesome le Bobedi. O ba tlhagise ka bogale ka ntlha ya leina la me, mme a ba tlhagisiwe ka ntlha ya dibe tsotlhe tsa bone, mme o nne boikanyego fa pele ga me mo leineng la me.

13 Mme morago ga diteko tsa bone, le pitlagano tse dintsi, bonang, Nna, Morena, ke tlaa ba apaapa, mme fa ba sa thatafatse dipelo tsa bone, mme ba sa kgwaralatse melala ya bone kgatlhanong le nna, ba tlaa sokologa, mme Ke tlaa ba fodisa.

14 Jaanong, Ke a go raya, mme se ke se go rayang, Ke se raya botlhe ba ba lesome le Bobedi: Nanoga mme o itlame matheka, tsaya sefapano sa gago, o ntshale morago, mme o fudise dinku tsa me.

15 Se ikgodise; se tsuologele motlhanka wa me Joseph Smith; gonne ammaaruri ke a go raya, Ke na le ene, mme seatla sa me se tlaa nna mo go ene; mme dilotlele tse ke mo di neetseng, mme le gone mo go wena, ga di ka ke tsa tsewa mo go ene go fitlhelela ke tla.

16 Ammaaruri ke a go raya, motlhanka wa me Thomas, o monna yo ke mo itshenketseng go tshegetsa dilotlele tsa bogosi jwa me, mabapi le ba ba Lesome le Bobedi, kwantle mo gare ga ditšhaba tsotlhe—

17 Gore o nne motlhanka wa me go lotlolola kgoro ya bogosi mo mafelong otlhe kwa motlhanka wa me Joseph, le motlhanka wa me Sidney, le motlhanka wa me Hyrum ba sa kakeng ba tla;

18 Gonne mo go bone ke beile merwalo ya dikereke tsotlhe ka lobakanyana.

19 Ke gone, gongwe le gongwe ko ba go romelang teng, o tsamaye, mme ke tlaa nna le wena; le mo lefelong lengwe le lengwe le o tlaa bolelang leina la me kgoro e go nang le tiro mo go yone o tlaa e bulelwa, gore ba ka amogela lefoko la me.

20 Mongwe le mongwe yo o amogelang lefoko la me o a nkamogela, e bile mongwe le mongwe yo o nkamogelang, o amogela bao, ba Boporesidente jwa Ntlha, ba ke ba romileng, ba ke ba dirileng bagakolodi ba gago ka ntlha ya leina la me.

21 Mme gape, Ke a lo raya, gore le fa e le mang yo le tlaa mo romelang mo leineng la me, ka lentswe la bakaulengwe, ba ba Lesome le Bobedi, a dumeletswe ka tsela e e siameng mme a laotswe ke lona, o tlaa nna le thata go bula kgoro ya bogosi mo tšhabeng nngwe le nngwe e lo tlaa ba romelang kwa go yone —

22 E re ka ba tlaa ikokobetsa fa pele ga me, le go nna mo lefokong la me, le go utlwa lentswe la Mowa.

23 Ammaaruri, ammaaruri ke a lo raya, mme nama yotlhe e bodile fa pele ga sefatlhogo sa me.

24 Bonang, pusoloso e tla ka bofefo mo banni ba lefatshe, letsatsi la kgalefo, letsatsi la phiso, letsatsi la tshwafalo, la selelo, la bohutsana, la khutsafalo; le jaaka sefefo e tlaa tla mo sefatlhogo sotlhe sa lefatshe, go bua Morena.

25 Mme mo ntlong ya me e tlaa simolola, mme go tswa mo ntlong ya me e tlaa tswela pele, go bua Morena;

26 Go simolola pele mo gare ga bao ba ba mo gare ga lona, go bua Morena, ba ba ipolelang ba itse leina la me mme ba sa nkitse, e bile ba ntlhapatsa mo gare ga ba ntlo ya me, go bua Morena.

27 Ke gone ka moo, bonang gore ga lo itshwenye mabapi le merero ya kereke ya me mo lefelong le, go bua Morena.

28 Mme intlafatseng dipelo fa pele ga me; mme ke gone tsamayang le lefatshe lotlhe, mme lo rerele sebopiwa sengwe le sengwe efangele ya me se se sa e amogelang;

29 Mme yo o dumelang a bo a kolobediwa o tlaa bolokwa, mme yo o sa dumeleng, mme a sa kolobediwe, o tlaa hutsiwa.

30 Gonne lona, ba ba Lesome le Bobedi, le bao, ba Boporesidente jwa Ntlha, ba ba tlhomilweng le wena go nna bagakolodi le baeteledipele ba lona, thata ya boperesiti jo lo e neetswe, ka malatsi a bofelo le ka metlha ya bofelo, e mo go yone go leng tebalebelo ya botlalo jwa dinako,

31 Thata e lo e tshegeditseng, ga mmogo le botlhe bao ba ba amogetseng tebalebelo mo nakong nngwe le nngwe e sale ka tshimologo ya tlholego;

32 Gonne ammaaruri ke a lo raya, dilotlele tsa tebalebelo, tse lo di amogetseng, di fetisitswe go tswa kwa go borraalona, morago ga tshotlhe tse dingwe, di rometswe go tswa kwa legodimong mo go lona.

33 Ammaaruri ke a lo raya, bona ka fa pitso ya lona e leng kgolo ka gone. Lo intlafatse dipelo le diaparo, e sere kgotsa madi a tshika e a batlwe mo diatleng tsa lona.

34 Nna boikanyego go fitlhelela ke tla, gonne ke tla ka pela; mme tuelo ya me ke na le yone go duela motho mongwe le mongwe go ya ka fa tirong ya gagwe e tlaa bo e ntse ka teng. Ke nna Alefa le Omega. Amene.