Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 138


Tsetlana 138

Ponatshegelo e e bontshitsweng Poresidente Joseph F. Smith mo Toropong ya Salt Lake, ka Phalane 3, 1918. Mo puisong ya gagwe ya pulo kwa Khonforenseng ya Kakaretso ya Bogare jwa ngwaga ya Kereke, ka Phalane 4, 1918, Poresidente Smith o ne a bolela gore o amogetse dipuisanyo tsa selegodimo di le mmalwa mo dikgweding tse di fetileng. Nngwe ya tse, mabapi le ketelo ya Mmoloki kwa meweng ya baswi fa mmele wa Gagwe o ne o santse o le mo phuphung, Poresidente Smith o ne a e amogetse mo letsatsing le le fetileng. E ne ya kwalwa ka bonako morago ga bokhutlo jwa khonforence. Ka Phalane 31, 1918, e ne ya neelwa bagakolodi mo Boporesidenteng jwa Ntlha, Lekgotla la ba ba Lesome le Bobedi, le Mopatiriaka, mme ba ne ba e amogela ka bongwefela jwa pelo.

1–10, Poresidente Joseph F. Smith o tlhatlhanya ka mekwalo ya ga Petere le ya ketelo ya Morena wa rona kwa lefatsheng la mewa; 11–24, Poresidente Smith o bona baswi ba basiami ba phuthegetse mo parataiseng le tirelo ya ga Keresete mo gare ga bone; 25–37, O bona ka fa go reriwa ga efangele go neng go rulagantswe ka teng mo gare ga mewa; 38–52, O bona Atame, Efa, le bontsi jwa baperofeti ba ba boitshepo mo lefatsheng la mowa ba ba akantseng ka seemo sa bone sa mowa pele ga tsogo jaaka bokgoba; 53–60, Baswi ba basiami ba nako eno ba tsweledisa ditiro tsa bone mo lefatsheng la mewa.

1 Mo letsatsing la boraro la Phalane, mo ngwageng wa lekgolo le lesome le boferabobedi, ke ne ka nna mo ntlwaneng ya me ke tlhatlhanya ka dikwalo tse di boitshepo;

2 Mme ke akanya ka setlhabelo sa tefetso se se dirilweng ke Morwa Modimo, go rekolola lefatshe;

3 Le lorato le legolo le le gakgamatsang le le bonaditsweng ke Rara le Morwa mo go tleng ga Morekolodi mo lefatsheng;

4 Gore ka tetlanyo ya gagwe, le ka kobamelo ya melawana ya efangele, batho botlhe ba ka bolokwa.

5 Fa ke ne ke tsenegile jaana, tlhaloganyo ya me ya boela morago kwa mekwalong ya ga moaposetole Petere, kwa baitsheping ba bogologolo ba ba phatlalaletseng kwantle kwa ntlheng tsotlhe mo Ponto, Galatia, Kapatokia, le dikgaolo tse dingwe tsa Asia, kwa efangele e neng e rerilwe morago ga papolo ya Morena.

6 Ka bula Baebele mme ka bala dikgaolo tsa boraro le ya bone tsa lekwalo la lantlha la ga Petere, mme fa ke bala ke ne ka kgatlhega mo gogolo, go feta jaaka ke kile ka nna go le pele, ka ditemana tse di latelang:

7 “Gonne Keresete le ene a kile a bogile gangwe fela ka ntlha ya maleo, mosiami mo boemong jwa basiamolodi, gore o ka re gogela moModimong, a bolawa mo nameng, mme a rudisiwa mo Moweng.

8 “O le gone a ileng a rerela mewa e e mo kgolegelong ka one;

9 “E e rileng ka motlhamonngwe ya bo e gana go utlwa, fa nako nngwe ka bopelotelele jwa Modimo bo ba lebeletse mo metlheng ya ga Noa, fa areka e santse e baakangwa, e mo go yone ba se kae, e bong, batho ba ba ferangbobedi ba bolokilweng ka metsi.” (1 Petere 3:18–20.)

10 “Gonne ka ntlha e efangele e reretswe le bone baswi, gore ba atlholwe jaaka batho mo nameng, mme ba tshelele Modimo mo moweng.” (1 Petere 4:6.)

11 Jaaka Ke ne ke tlhatlhanya ka ga dilo tse tse di kwadilweng, matlho a tlhaloganyo ya me a ne a bulega, mme Mowa wa Morena wa nna mo go nna, mme Ka bona masomosomo a baswi, gotlhe bannye le bagolo.

12 Mme go ne go phuthegile mo lefelong le le lengwefela palo e e sa balegeng ya setlhopha sa mewa ya basiami, ba ba neng ba le boikanyego mo bopaking jwa ga Jeso fa ba santse ba tshela mo lefatsheng;

13 Le ba ba isitseng setlhabelo se se mo tshwanong ya setlhabelo se segolo sa Morwa Modimo, mme ba bogile pitlagano ka ntlha ya leina la Morekolodi wa bone.

14 Botlhe ba ba neng ba tlogile mo botshelong, ba nitame mo tsholofelong ya tsogo e e galalelang, ka tshegofatso ya Modimo Rara le ya Morwa wa gagwe Yo o Tsetsweng a le Esi, Jeso Keresete.

15 Ke bone gore ba ne tletse boitumelo le boipelo, mme ba ne ba itumela mmogo gonne letsatsi la kgololo ya bone le ne le le gaufi.

16 Ba ne ba phuthegile ba lebeletse go goroga ga Morwa Modimo mo lefatsheng la mowa, go bolela thekololo ya bone go tswa mo dikgoleng tsa loso.

17 Lerole la bone le le robetseng le ne le tshwanetse go busediwa mo popegong e e boitekanelo ya lone, lerapo mo lerapong la lone, le mesifa, le nama mo go one, ka mowa le mmele di kopanngwa mme di sa tlholedi kgaogana gape, gore ba amogele letlotlo la boitumelo.

18 Fa bontsi jo bogolo jo bo santse bo lebeletse le go buisana, ba itumelela nako ya kgololoya bone mo dikeetaneng tsa loso, Morwa Modimo a bonala, a bolela kgololesego mo batshwarweng ba ba neng ba ntse ba le boikanyego;

19 Mme koo a ba rerela efangele e e sa khutleng, dithuto tsa tsogo le thekololo ya batho botlhe mo go weng, le mo dibeng dingwe le dingwe mo diemong tsa boikotlhao.

20 Mme kwa baikeping ga a ya, le mo gare ga baleofi le ba ba sa ikwatlhaeng ba ba iitshekolotseng ba santse ba le mo nameng, lentswe la gagwe la seka la tsholediwa;

21 Le fa e le batsuolodi ba ba ganneng bopaki le ditlhagiso tsa baperofeti ba bogologolo ga ba a bona boleng teng jwa gagwe, le fa e le go leba sefatlhogo sa gagwe.

22 Kwa ba ba neng ba le teng, lefifi le ne le busa, mme mo gare ga basiami go ne go na le kagiso;

23 Mme baitshepi ba ipela mo thekololong ya bone, mme ba oba lengole ba bo ba amogela Morwa Modimo jaaka Morekolodi le Mogolodi mo losong le dikeetane tsa molete.

24 Difatlhogo tsa bone tsa phatsima, mme go phatsima go tswa mo boleng teng jwa Morena ya nna mo go bone, mme ba opelela leina la gagwe le le boitshepo dipako.

25 Ka gakgamala, gonne ke tlhalogantse gore Mmoloki o nnile dingwaga di ka nna tharo mo tirelong ya gagwe mo gare ga Bajuta le bao ba ntlo ya Iseraele, a leka go ba ruta efangele e e sa khutleng le go ba biletsa boikotlhao;

26 Mme le fa go ntse jalo, le ntswa ditiro tsa gagwe tse di maatla, le dikgakgamatso, le go bolela boammaaruri, ka thata e kgolo le taolo, go ne go na le ba se kae fela ba ba utlwileng lentswe la gagwe, mme ba ipela mo boleng teng jwa gagwe, mme ba amogetse poloko mo diatleng tsa gagwe.

27 Mme tirelo ya gagwe mo gare ga baswi e ne e lekanyeditswe lobaka lo lo khutshwane le le tsenang fa gare ga papolo le tsogo ya gagwe;

28 Mme ka gakgamalela mafoko a ga Petere—a mo go one a rileng Morwa Modimo o reretse mewa mo kgolegelong, e ka nako e nngwe e neng e sena kutlo, fa nako nngwe bopelotelele jwa Modimo bo ba lebeletse mo malatsing a ga Noa—le ka fa a ka neng a rerela mewa eo le go dira ditiro tse di tlhokegang mo gare ga bone ka nako e khutshwane.

29 Mme fa ke gakgametse, matlho ame a bulega, le tlhaloganyo ya me ya rudisiwa, mme ka lemoga gore Morena o ne a sa ya ka sebele mo gare ga baikepi le ba ba senang kutlo ba ba ganneng boammaaruri, go ba ruta;

30 Mme bonang, go tswa mo gare ga basiami, o ne a rulaganya ditlhopha tsa gagwe a bo a tlhoma barongwa, ba apesitswe ka thata le taolo, mme a ba laela go tswela pele le go isa lesedi la efangele kwa go bone ba ba baneng ba le mo lefifing, le e leng kwa meweng yotlhe ya batho; mme jaana efangele e ne ya rerelwa baswi.

31 Mme barongwa ba ba itshenketsweng ba tswela pele go bolela letsatsi le le amogelesegang la Morena le go bolela kgololesego mo batshwarweng ba ba neng ba bofilwe, le e leng kwa go botlhe ba ba tlaa ikwatlhaelang dibe tsa bone le go amogela efangele.

32 Jaana efangele ya rerelwa bao ba swetseng mo dibeng tsa bone, ba sena kitso ya boammaaruri, kgotsa ba le mo tlolong, ba ba neng ba ganne baperofeti.

33 Bano ba ne ba rutiwa tumelo mo Modimong, boikotlhao go tswa mo sebeng, kolobetso mo boemong jwa baswi go itshwarelwa dibe, neo ya Mowa o o Boitshepo ka go bewa diatla,

34 Le melawana yotlhe e mengwe ya efangele e go neng go tlhokega gore ba e itse gore ba inonotshe gore ba ka atlholwa jaaka batho mo nameng, mme ba tshelele Modimo mo moweng.

35 Mme jalo e ne ya itsisiwe mo gare ga baswi, botlhe ba bannye le bagolo, ba ba sa siamang ga mmogo le ba ba boikanyego, gore thekololo e ne e dirilwe ka setlhabelo sa Morwa Modimo mo sefapanong.

36 Jaana go ne ga itsisiwe gore Morekolodi wa rona o dirisitse nako ya gagwe ka nako e a neng a nna mo lefatsheng la mewa, a ruta le go baakanya mewa e e boikanyego ya baperofeti ba neng ba pakileng ka ene mo nameng;

37 Gore ba ka isa molaetsa wa thekololo kwa baswing botlhe, kwa go bao a neng a sa kakea ya ka bo ene, ka ntlha ya tsuololo ya bone le tlolo, gore bone ka tirelo ya batlhanka ba gagwe le bone ba ka utlwa mafoko a gagwe.

38 Mo gare ga bagolo le dinatla ba ba neng ba phuthegile mo phuthegong e kgolo e ya basiami e ne e le Rre Atame, Mogologolo wa Metlha le rre wa botlhe,

39 Le Mmaarona Efa yo o galalelang, le bontsi jwa barwadie ba ba boikanyego ba ba tshedileng mo metlheng mme ba obamela Modimo wa boammaaruri le o o tshedileng.

40 Abele, moswelatumelo wa ntlha, o ne a le teng, le morwarraagwe Sethe, mongwe wa dinatla, yo o neng a le mo setshwanong sa ga rraagwe, Atame.

41 Noa, yo o tlhagisetseng batho ka morwalela; Sheme, moperesiti yo mogolo segolo; Aberahame, rre wa ba ba boikanyego, Isake, Jakobe, le Moše, motlhomi yo mogolo wa molao wa Iseraele;

42 Le Isaia, yo o boletseng ka perofeso gore Morekolodi o ne a tloditswe go fapa ba ba pelo e phatlogileng, go bolelela batshwarwa kgololesego, le ba ba golegilweng gore kgolegelo e buletswe, le bone ba ne ba le teng.

43 Godimo ga moo, Ezekiele, yo o neng a supegediwa mo ponatshegelong mogogoro o mogolo wa marapo a a omeletseng, a a neng a tshwanetse go apesiwa ka nama, go tsoga gape mo tsogong ya baswi, mewa e e tshedileng;

44 Daniele, yo o bonetseng pele le go bolelela pele tlhomamiso ya bogosi jwa Modimo mo malatsing a bofelo, go satlhole bo senngwa ka gope gape le fa e le go neelwa batho ba bangwe;

45 Eliase, yo o neng a na le Moše mo Thabeng ya Phetolo ponalo;

46 Le Malaki, moperofeti yo o pakileng ka go tla ga ga Elija—yo Moroni le ene a buileng ka ene le Moperofeti Joseph Smith, a bolela gore o tshwanetse go tla pele ga tshimologo ya letsatsi le legolo le le le boitshegang la Morena—le bone ba ne ba le teng.

47 Moperofeti Elija o ne a tshwanetse go tlhoma mo dipelong tsa bana ditsholofetso tse di dirilweng mo go borraabone,

48 A supa go sale pele tiro e kgolo e e tlaa dirwang mo ditempeleng tsa Morena mo tebalebelong ya botlalo jwa metlha, ya thekololo ya baswi, le ya go kanela bana mo batsading ba bone, e sere kgotsa lefatshe lotlhe la itewa ka phutso mme le senngwe gotlhelele ka go tla ga gagwe.

49 Botlhe ba le ba le bantsi thata, le e leng baperofeti ba ba nnileng mo gare ga Banefi le go paka ka go tla ga Morwa Modimo, ba tlhakana mo phuthegong e kgolo mme ba lebeletse kgololo ya bone,

50 Gonne baswi ba ne ba lebeletse go sa nna teng ga mewa ya bone mo mebeleng ya bone e le botshwaro.

51 Ba Morena a ba ruta, mme a ba neela thata go tsoga, morago ga tsogo ya gagwe mo baswing, go tsena mo bogosing jwa ga Rraagwe, koo ba tlaa rwesiwang ka bosasweng le botshelo jo bo sa khutleng,

52 Le go tswelela go tswa foo ka tiro ya bone jaaka go ne go solofeditswe ke Morena, le go nna baabedwi ba ditshegofatso tsotlhe tse di neng di beetswe mo mabolokelong bone ba ba mo ratang.

53 Moperofeti Joseph Smith, le rre, Hyrum Smith, Brigham Young, John Taylor, Wilford Woodruff, le mewa e mengwe ya baitshenkedwi ba ba neng ba beetswe go tla mo botlalong jwa metlha go tsaya karolo mo go thaeng metheo ya tiro e kgolo ya malatsi a bofelo,

54 Go akaretsa go agiwa ga ditempele le go diragatsa ditao mo go tsone tsa thekololo ya baswi, le bone ba ne ba le mo lefatsheng la mowa.

55 Ka tlhokomela gore le bone ba ne ba le mo gare ga batlotlegi lebagolo ba ba neng ba itshenketswe kwa tshimologong go nna babusi mo Kerekeng ya Modimo.

56 Le e leng pele ga ba tsholwa, bone, le bontsi jwa ba bangwe, ba amogetse dithuto tsa bone tsa ntlha mo lefatsheng la mewa mme ba ne ba baakanyeditswe go tla mo nakong e e tshwanetseng ya Morena go dira mo tshimong ya gagwe ya mofine go isa polokong ya mewa ya batho.

57 Ka bona gore bagolwane ba ba boikanyego ba tebalebelo e, fa ba tloga mo botshelong, ba tsweledisa ditiro tsa bone mo go rereng efangele ya boikotlhao le thekololo, ka setlhabelo sa Morwa yoo Tsetsweng a le Esi wa Modimo, mo gare ga bao ba ba mo lefifing mme ba le ka fa tlase ga botshwaro jwa sebe mo lefatsheng le legolo la mewa ya baswi.

58 Baswi ba ba ikwatlhayang ba tlaa rekololwa, ka go obamela ditao tsa ntlo ya Modimo,

59 Mme fa ba sena go duela kotlhao ya ditlolo tsa bone, mme ba tlhatswitswe go nna phepa, ba tlaa amogela tuelo go ya ka ditiro tsa bone, gonne ke barua boswa jwa poloko.

60 Jaana ponatshegelo ya thekololo ya baswi ke ne ka e senolelwa, mme ke a supa tshupo, mme ke a itse gore tshupo e e boammaaruri, ka tshegofatso ya Morena wa rona le Mmoloki, Jeso Keresete, Fela jalo. Amene.