Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 44


Tsetlana 44

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith le Sidney Rigdon, kwa Kirtland, Ohio, mo karolong ya bofelo ya Tlhakole 1831. Ka kobamelo ya topo e e tlhalositsweng mo, Kereke ya tlhoma phuthego e e tlaa tshwarwang go sa le gale mo kgweding ya Seetebosigo o o latelang.

1–3, Bagolwane ba tshwanetse go phuthegela kwa khonferenseng; 4–6, Ba tshwanetse go rulaganya go ya ka melao ya lefatshe le go tlhokomela bahumanegi.

1 Bonang, go bua jaana Morena le lona batlhankaba me, go tshwanetse mo go nna gore bagolwane ba kereke ya me ba tshwanetse go bidiwa mmogo, go tswa botlhabatsatsi le go tswa bophirimatsatsi, le go tswa bokone le go tswa borwa, ka lekwalo kgotsa ka tsela e nngwe.

2 Mme go tlaa diragala, gore e re ka ba le boikanyego, e bile ba dirisa tumelo mo go nna, ke tlaa goromeletsa Mowa wa me mo go bone mo letsatsing le ba tlaa kgobokanang mmogo.

3 Mme go tlaa diragala gore ba tswele pele go ya mo dikgaolong tse di mo tikologong, mme ba rera boikotlhao mo bathong.

4 Mme ba le bantsi ba tlaa sokologa, mo e leng gore lo tla amogela thata go ithulaganya go ya ka melao ya motho;

5 Gore baba ba lona ba seka ba nna le thata mo go lona; gore lo ka dibela mo dilong tsotlhe; gore le ka neelwa nonofo go tshegetsa melao ya me; gore kgolagano nngwe le nngwe e ka tlolwa e mmaba a batlang go senya batho ba me ka yone.

6 Bonang, Ke a lo raya, gore lo tshwanetse go lekola bahumanegi le batlhoki le go ba direla go ba thusa, gore ba ka tlhokomelwa go fitlha dilo tsotlhe di ka dirwa go ya ka molao wa me o lo o amogetseng. Amene.