Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 80


Tsetlana 80

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith go Stephen Burnett, kwa Hiram, Ohio, Mopitlo 7, 1832.

1–5, Stephen Burnett le Eden Smith ba bileditswe go rera mo lefelong le fe fela le ba le itshenkelang.

1 Ammaaruri, go bua jaana Morena le wena motlhanka wa me Stephen Burnett: Tsamaya, tsamaya mo lefatsheng o rerele dibopiwa tsotlhe efangele tse di tlaa utlwang lentswe la gago.

2 Mme ka ntlha ya gore o batla mopati, Ke tlaa go neela motlhanka wa me Eden Smith.

3 Ke gone, tsamayang mme lo rere efangele ya me, le fa e le kwa bokone kgotsa kwa borwa, kwa botlhabatsatsi kgotsa kwa bophirimatsatsi, ga gore sepe, gonne ga lo ka ke lwa dira phoso.

4 Ke gone ka moo, bolelang dilo tse lo di utlwileng, mme ammaaruri lo di dumela, mme lo itse di le boammaaruri.

5 Bonang, se ke thato ya ene yo o le biditseng, Morekolodi wa lona, e bong Jeso Keresete. Amene.