Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 17


Tsetlana 17

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith mo go Oliver Cowdery, David Whitmer, le Martin Harris, kwa Fayette, New York, Seetebosigo 1829, pele ga ba bontshiwa dipapetlana tse di gabilweng tse di neng di na le pego ya Buka ya ga Momone. Joseph le mokwadi wa gagwe, Oliver Cowdery, bane ba ithutile mo go ranoleng dipapetlana tsa Buka ya ga Momone gore basupi ba bararo ba ba tlhaolegileng ba tlaa kaiwa (bona Ethere 5:2–4; 2 Nefi 11:3; 27:12). Oliver Cowdery, David Whitmer, le Martin Harris ba ne ba rotloediwa ke keletso e e tlhotlheleditsweng go nna basupi ba ba tlhaolegileng. Moperofeti a botsa Morena, mme tshenolo e e ne ya neelwa e le karabo ka Urime le Thumime.

1–4, Ka tumelo Basupi ba Bararo ba tlaa bona dipapetlana le dilwana tse dingwe tse di boitshepo; 5–9, Keresete o fa bopaki jwa bomodimo jwa Buka ya ga Momone.

1 Bonang, ke a lo raya, gore lo tshwanetse go ikaega ka lefoko la me, se fa lo se dira ka boikaelelo jwa pelo jo bo tletseng, lo tlaa nna le pono ya dipapetlana, mme le gone ya seiphemelo sehubeng, tšhaka ya ga Labane, Urime le Thumime, tse di neng di neetswe morwarraagwe Jarete mo thabeng, fa a ne a bua le Morena ba lebanye difatlhogo, le dikaedi tsa dikgakgamatso tse di neng di neetswe Lehi fa ba le mo nageng, mo letshitshing la Lewatle le Lehibidu.

2 Mme ke ka tumelo tsa lona gore lo tlaa amogela pono ya tsone, le e leng ka tumelo eo e baperofeti ba bagologolo ba neng ba na nayo.

3 Mme morago ga gore lo amogele tumelo, e bile lo di bone ka matlho a lona, lo tlaa paka ka tsone, ka thata ya Modimo;

4 Mme se lo tlaa se dira gore motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., a se ka a senngwa, gore ke ka diragatsa maikaelelo ame a tshiamo mo baneng ba batho mo tirong e.

5 Mme lo tlaa paka gore lo di bone, fela jaaka motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., a di bone; gonne ke ka thata ya me gore a bo a di bone, mme ke ka gonne o ne a na le tumelo.

6 Mme o ranotse buka, le e leng karolo eo e ke mo e laoletseng, mme jaaka Morena wa lona le Modimo wa lona a tshedile e boammaaruri.

7 Ke gone, lo amogetse thata e e tshwanang, le tumelo e e tshwanang, le neo e e tshwanang jaaka ene;

8 Mme fa lo dira ditaelo tse tsa me tsa bofelo, tse ke lo di neetseng, dikgoro tsa molete ga di kitla di lo fenya; gonne matlhogonolo ame a lo lekane, mme lo tlaa tsholediwa ka letsatsi la bofelo.

9 Mme Nna, Jeso Keresete, Morena wa lona le Modimo wa lona, ke e boletse, gore ke tlise maikaelelo ame a tshiamo mo baneng ba batho. Amene.