Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 134


Tsetlana 134

Kitsiso ya tumelo mabapi le bogoromente le melao ka kakaretso, e amogetswe ka tlhopho ya bongwefela kwa phutegong ya kakaretso ya Kereke e tshwaretswe kwaKirtland, Ohio, Phatwe 17, 1835. Baitshepi ba le bantsi ba ne ba phuthega go akantshana ka diteng tse di akanyeditsweng tsa kgatiso ya ntlha ya Dithuto le Dikgolagano. Ka nako eo, kitsiso e e ne ya neelwa ketapele e e latelang: “Gore tumelo ya rona mabapi le bogoromente ba selefatshe le melao ka kakaretso e ka seka ya ranolwa ka phoso le fa e le go sa tlhaloganngwe, re bone go tshwanetse go neela, kwa bokhutlong jwa buka e, megopolo ya rona mabapi le sone seo.”

1–4, Bogoromente ba tshwanetse go dibela kgololesego ya segakolodi le kobamelo; 5–8, Batho botlhe ba tshwanetse go ema nokeng bogoromente ba bone mme ba tshwanetse go tlotla le go ineela mo molaong; 9–10, Mekgatlho ya tumelo ga e a tshwanela go dirisa dithata tsa morafe; 11–12, Batho ba siamisitswe mo go itshireletseng le dithoto tsa bone.

1 Re dumela gore bogoromente ba tlhomamisitswe ke Modimo go thusa batho; le gore o dira gore batho ba nne le boikarabelo jwa ditiro tsa bone mabapi le bone, gotlhe mo go direng melao le go e diragatsa, mabapi le thuso le pabalesego ya batho.

2 Re dumela gore ga go na goromente o o ka nnang ka kagiso, fa e se melao e e ntseng jalo e dirilwe mme e tshegediwa e sa robiwe e e tlhomamisetsang motho mongwe le mongwe tiriso e e gololesegileng ya segakolodi, tshwanelo le taolo ya dithoto, le tshireletso ya botshelo.

3 Re dumela gore bogoromente botlhe ba tlhoka badirela puso le bo mmakaseterata go diragatsa melao yotlhe ya bone; le gore bao ba ba tlaa diragatsang molao ka tekatekanyo le tshiamo ba tshwanetse go batliwa le go enngwa nokeng ka lentswe la batho fa e le lefatshe le le ipusang, kgotsa thato ya kgosi.

4 Re dumela gore tumelo e tlhomamisitswe ke Modimo; le gore batho ba na le boikarabelo mo go ene, mme mo go ene fela, go e dirisa, fa e se megopolo ya tumelo ya bone e ba tlhotlheletsa go itlhokomolosa ditshwanelo le dikgololesego tsa ba bangwe; mme ga re dumele gore molao wa batho o nale tshwanelo go iphaga dikoromo go kwalengmelao ya kobamelo go kganela digakolodi tsa batho, le fa e le golaola mekgwa ya go obamela ya phatlalatsa kgotsa ya kwa bothokong; gore mmakaseterata wa puso a thibele borukutlhi, mme a seka ka gope a laola segakolodi; o tshwanetse go otlhaela molato, mme a seka ka gope a emisa kgololesego ya mowa.

5 Re dumela gore batho botlhe ba tlamega go ema nokeng le go tshegetsa bogoromente bangwe le bangwe ba kwa ba nnang teng, fa ba sireleditswe mo ditshwanelong tsa bone tsa tlholego le tse di ka sekang tsa tlosiwa ka melao ya dipuso tseo; le gore bolotlhanyi le tsuololo di rona moagedi mongwe le mongwe yo o sireleditsweng jaana, mme di tshwanetse di otlhaelwe ka fa tshwanelong; le gore dipuso tsotlhe di na le tshwanelo go tlhoma melao e e ntseng jalo e ka go ya ka ditshekatsheko tsa bone e ka tlhomamisang se se molemo mo setšhabeng; mme mo go se, le fa go ntse jalo, ba tshegetsa boitshepo jwa kgololesego ya segakolodi.

6 Re dumela gore motho mongwe le mongwe o tshwanetse go tlotlwa mo boemong jwa gagwe, babusi le bommakaseterata fela jalo, ka ba beilwe go sireletsa ba ba senang molato le go otlhaya ba ba molato; le gore mo melaong batho botlhe ba tshwanetse go e tlotla le go ineela, jaaka kwa ntle ga tsone kagiso le kutlwano di ka tlosiwa kago tlhoka molao le therego; melao ya batho e tlhomamisitswe ka maikaelelo a a tsepameng a go laola merero ya rona re le batho le ditšhaba, fa gare ga motho le motho; mme melao ya selegodimo e e neetsweng ke legodimo, e tlhomamisa melao mabapi le merero ya semowa, ya tumelo le kobamelo, gotlhe go arabelwa ke motho kwa Modiring wa gagwe.

7 Re dumela gore babusi, mafatshe, le bogoromente ba na le tshwanelo, mme ba tlamega go tlhoma melao go sireletsa baagedi botlhe mo kgololesegong ya go dirisa tumelo ya bone; mme ga re dumele gore ba na le tshwanelo mo tshiamisong go amoga baagedi tshiamelo e, kgotsa go ba kganela mabapi le megopolo ya bone, fela fa tlhompho le tshisibalo di supiwa mo melaong mme megopolo ya tumelo eo e sa ba siamisi mo bolotlhanying kgotsa maano a tsietso.

8 Re dumela gore go dira borukutlhi go tshwanetse go atlhaelwa go ya ka mofuta wa molato; gore polao, boingaodi, thubakanyo, bogodu, le go kgoreletsa kagiso ka kakaretso, ka mekgwa yotlhe, di tshwanetse go otlhaelwa go ya ka mofuta wa molato le mokgwa wa tsone wa go dira bonokwane mo gare ga batho, ka melao ya puso eo e molato o dirilweng mo go yone; mme ka ga kagiso ya batho le thokgamo ya batho botlhe ba tshwanetse go gatela pele le go dirisa nonofo ya bone go tlisa ba dira molato kgatlhanong le molao o o siameng go atlholwa.

9 Ga re dumele gore go siame go kopakopanya tlhotlheletso tsa tumelo le puso ya morafe, mo ka gone mokgatlho mongwe wa tumelo o thusiwang go gola mme o mongwe o kganelwa mabapi le ditshiamelo tsa one tsa semowa, mme ditshwanelo tsa maloko a one, jaaka baagedi, di ganwa.

10 Re dumela gore mekgatlho yotlhe ya tumelo e nale tshwanelo go itebaganya le maloko a yone mabapi le boitshwaro jo bo sa laolesegeng, go ya ka melao le melawana ya mekgatlho eo; fa fela ditiro tseo e le mabapi le botsalano le seemo se se siameng; mme ga re dumele gore mokgatlho ope wa tumelo o na le taolo go leka batho mo tshwanelong ya dithoto kgotsa botshelo, go tsaya mo go bone dithoto tsa lefatshe le, kgotsa go ba tsenya mo kotsing botshelo kgotsa tokololo, kgotsa go dira kotlhao ya senama mo go bone. Ba ka ba kgaola fela mo mokgatlhong wa bone, mme ba tseye boloko jwa bone.

11 Re dumela gore batho ba tshwanetse go ikuela mo molaong wa lefatshe go phimolwa dikeledi tsa diphoso tsotlhe le dingongorego, fa kgokgontsho e dirisitswe kgotsa tshwanelo ya dithoto kgotsa mokgwa di itlhokomolositswe, fa melao e e ntseng jalo e le teng go ba sireletsa; mme re dumela gore batho botlhe ba siamisitswe mo go itshireletseng, ditsala tsa bone, le dithoto, le goromente, mo ditlhaselong tse di seng ka fa molaong le dikgatako tsa ditshwanelo ke batho botlhe mo nakong ya mathata, kwa ikuelo ya ka pela e sa kakeng ya dirwa kwa melaong, mme thuso e kgonege.

12 Re dumela gore go siame go rera efangele mo ditšhabeng tsa lefatshe, le go tlhagisa basiami go ipoloka mo go boleng ga lefatshe; mme ga re dumele gore go siame go iphaga dikoro le ba ba mo botlhankeng, le fa e le go ba rerela efangele, kgotsa go ba kolobetsa kgatlhanong le go rata le keletso ya mong wa bone, kgotsa go itlhakanya kgotsa go ba tlhotlheletsa le fa e le go le potlana go ba dira gore ba seka ba kgotsofalela seemo sa bone mo botshelong jo, ka gone moo o tsenya matshelo a batho mo kotsing; go iphara dikoro mo go ntseng jalo re dumela gore ga go ka fa molaong e bile ga go a siama, mme go borai mo kagisong ya goromente nngwe le nngwe e e letlelelang batho go tshegediwa mo botlhankeng.