Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 70


Tsetlana 70

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Hiramo, Ohio Ngwanaetsele 12, 1831. Ditso tsa Moperofeti di bolela gore khonferense tse nne tse di tlhaolegileng di ne di tshwerwe go tswa di 1 go tsena ka di 12 tsa Ngwanaetsele, di akareditswe. Mo go ya bofelo ya diphuthego tse, botlhokwa jo bogolo jwa ditshenolo tseo e tlaa reng morago di bo di anamisiwa jaaka Book of Commandments mme ke gone Dithuto le Dikgolagano di ne tsa akanyediwa. Tshenolo e ne e neetswe morago ga khonforense e sena go tlhopha gore ditshenolo di ne di “tshwanetse go Kereke dikhumo tsa lefatshe ka bophara.” Ditso tsa ga Joseph Smith di kaya ditshenolo jaaka “motheo wa Kereke mo malatsing ano a bofelo, le thuso ya lefatshe, tse di supang gore dilotlele tsa masaitsweng a bogosi jwa Mmoloki di neetswe motho gape.”

1–5, Balebalebi ba tlhomiwa go anamisa ditshenolo; 6–13, Bao ba ba dirang mo dilong tsa semowa ba tshwanetswe ke tuelo ya bone; 14–18, Baitshepi ba tshwanetse go lekana mo dilong tsa lobaka lono fela.

1 Bonang, mme tlhwayang tsebe, Ao! lona banni ba Sione, le lona lotlhe batho ba kereke ya me ba le kgakala, le utlwe lentswe la Morena le Ke lo neelang motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., mme le ene motlhanka wa me Martin Harris, le ene motlhanka wa me Oliver Cowdery, le ene motlhanka wa me John Whitmer, le ene motlhanka wa me Sidney Rigdon, le ene motlhanka wa me William W. Phelps, ka tsela ya taelo mo go bone.

2 Gonne Ke ba neela taelo; ke gone tlhwayang tsebe mme le utlwe, gonne go bua jaana Morena le bone—

3 Nna, Morena, ke ba tlhomile, mme ke ba tlhomile go nna balebedi mo ditshenolong le ditaelo tse Ke ba di neetseng, le tse Ke tlaa ba di neelang morago ga fa;

4 Mme polelo ya tebatebelo e Ke tlaa e batla mo go bone mo letsatsing la katlholo.

5 Ke gone, Ke tlhomile mo go bone, mme se ke tiro ya bone mo kerekeng ya Modimo, go di laola le tiro ya tsone, ee, dithuso tsa tsone.

6 Ke gone, Ke ba neela taelo, gore ba se ka ba neela kereke dilo tse, le fa e le mo lefatsheng;

7 Le fa go ntse jalo, e re ka ba amogela go feta jaaka go batlega mabapi le go tlhoka ga bone le matlhoko a bone, di tlaa neelwa mo ntlong ya polokelo ya me;

8 Mme dithuso di tlaa tshwaelwa banni ba Sione, le tshika ya bone, e re ka e le ba ja boswa go ya ka melao ya bogosi.

9 Bonang, se ke se Morena a se batlang mo mothong mongwe le mongwe mo tebatebelong ya gagwe, fela jaaka Nna, Morena, ke laotse kgotsa ke tlaa tlhoma mo mothong mongwe le mongwe morago ga fa.

10 Mme bonang, ga go ope yo o seegetsweng fa thoko mo molaong o o e leng wa kereke ya Modimo o o tshedileng;

11 Ee, le fa e le bishopo, le fa e le moemedi yo o tlhokomelang ntlo ya polokelo ya Morena, le fa e le yo o tlhomilweng mo tebatebelong mo dilong tsa lobaka lono fela.

12 Ene yo o tlhomilweng go direla mo dilong tsa semowa, ene yoo o tshwanetswe ke tuelo ya gagwe, fela jaaka bao ba ba tlhomilweng mo tebatebelong go direla mo dilong tsa lobaka lono fela;

13 Ee, e leng ka letlotlo, letlotlo le ba le ntshifalediwang ka diponatshego tsa Mowa.

14 Le fa gontse jalo, mo dilong tsa lona tsa lobaka lono fela le tlaa lekana, mme se e seng ka go ngogorega, fa go sa nna jalo letlotlo la diponatshegelo tsa Mowa di tlaa kganelwa.

15 Jaanong, taelo e Ke e neela batlhanka ba me go ba thusa fa ba santse ba setse, go nna ponatshegelo ya ditshegofatso tsa me mo ditlhogong tsa bone, le go nna tuelo ya tlhwaafalo ya bone le tshireletsego ya bone;

16 Go nna dijo le diaparo; go nna boswa; go nna matlo le ditsha, mo dieemong dingwe le dingwe tse Nna, Morena, ke tlaa ba bayang mo go tsone, le gongwe le gongwe kwa Nna, Morena, ke tlaa ba romang.

17 Gonne ba ntse ba le boikanyego mo dilong tse dintsi, mme ba dirile sentle e re ka ba sa leofa.

18 Bonang, Nna, Morena, ke kutlwelobotlhoko mme ke tlaa ba segofatsa, mme ba tlaa tsena mo boitumelong jwa dilo tse. Fela jalo. Amene.