Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 88


Tsetlana 88

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith kwa Kirtland, Ohio, Sedimonthole 27 le 28, 1832 le Firikgong 3, 1833. Moperofeti o ne a e kaya jaaka “‘letlhare la motlhware’ … le le robilweng mo Setlhareng sa Parataise, molaetsa wa Morena wa kagiso mo go rona.” Tshenolo e ne ya neelwa morago ga baperesiti ba bagolo kwa khonforenseng ba rapela “ka bongwe mme ba ntsha lentswe go Morena go senolela go rata ga gagwe mabapi le go agiwa ga Sione.

1–5, Baitshepi ba ba boikanyego ba amogela Mogomotsi, yo e leng tsholofetso ya botshelo jo bo sa khutleng; 6–13, Dilo tsotlhe di laolwa le go kaelwa ke Lesedi la ga Keresete; 14–16, Tsogo e tla ka Thekololo; 17–31, Kobamela ya molao wa selesetiale, theresetiale, kgotsa thelesetiale e baakanyetsa batho magosi ao ka tatelano le dikgalalelo; 32–35, Bao ba ba ratang go nna mo sebeng ba nna ba leswafetse; 36–41, Magosi otlhe a laolwa ka molao; 42–45, Modimo o neetse molao mo dilong tsotlhe; 46–50, Motho o tlaa tlhaloganya e bong Modimo; 51–61, Setshwantsho sa monna yo o romelang batlhanka ba gagwe mo tshimong le go ba etela ka tatelano; 62–73, Atamela Morena, mme lo tlaa bona sefatlhogo sa Gagwe; 74–80, e Itshepiseng mme le rutane dithuto tsa bogosi; 81–85, Motho mongwe le mongwe yo o tlhagisitsweng a a tlhagise moagisanyi wa gagwe; 86–94, Ditshupo, tshenyego ya ditlhaka tsa tlholego, le baengele ba baakanya tsela ya go tla ga Morena; 95–102, Diporompeta tsa boengele di bitsa baswi ka thulaganyo ya bone; 103–116, Diporompeta tsa boengele di bolela tsosoloso ya efangele, go wa ga Babilone, le ntwa ya Modimo o mogolo; 117–126, Batla go ithuta, tlhomamisa ntlo ya Modimo (tempele), mme lo ikapese ka sebofo sa lorato; 127–141, Thulaganyo ya sekolo sa baperofeti e bewa pele, e akaretsa tlhomo ya go tlhapisiwa dinao.

1 Ammaaruri, go bua jaana Morena mo go lona ba le phuthegileng go amogela thato ya gagwe mabapi le lona:

2 Bonang, se se itumedisa Morena wa lona, mme baengele ba lo itumelela; dikatso tsa dithapelo tsa lona di tlhatlhogetse mo ditsebeng tsa Morena wa Masomosomo, mme di kwadilwe mo bukeng ya maina a ba ba itshepileng, e bong bone ba lefatshe la selesetiale.

3 Ke gone, jaanong Ke lo romelela Mogomotsi yo mongwe, e bong mo go lona ditsala tsa me, gore a tle a nne mo dipelong tsa lona, e bong Mowa o o Boitshepo wa tsholofetso; Mogomotsi yo mongwe yo o e leng ene yo ke mo solofeditseng barutwana ba me, jaaka go kwadilwe mo bopaking jwa ga Johane.

4 Mogomotsi yo ke tsholofetso e Ke lo e neelang ya botshelo jo bo sa khutleng, e bong kgalalelo ya bogosi jwa selesetiale;

5 Kgalalelo e e leng eo ya kereke ya Motsalwapele, e bong ya Modimo, moitshepi wa botlhe, ka Jeso Keresete Morwa wa gagwe—

6 Ene yo o tlhatlogetse kwa godimo, jaaka le gone a fologetse kwa tlase ga dilo tsotlhe, mo go seo o tlhaloganya dilo tsotlhe, gore a ka nna mo go tsotlhe le ka dilo tsotlhe, lesedi la boammaaruri;

7 Boammaaruri jo bo phatsimang. Se ke lesedi la ga Keresete. Ka le gone a le mo letsatsing, mme e le lesedi la letsatsi, le thata ya lone e le dirilweng ka yone.

8 Ka le gone a le mo ngweding, mme e le lesedi la ngwedi, le thata ya one o e dirilweng ka yone;

9 Ka le gone e le lesedi la dinaledi, le thata ya tsone e di dirilweng ka yone;

10 Mme le lone lefatshe, le thata ya lone, e leng lefatshe le o emeng mo go lone.

11 Le lesedi le le phatsimang, le le lo neelang lesedi, le tla ka ene yo o sedifatsang matlho a lona, le e leng lesedi lone leo le le rudisang ditlhaloganyo tsa lona;

12 Lesedi le le tswang mo boleng teng jwa Modimo go tlatsa bophara jwa lefaufau—

13 Lesedi le le mo dilong tsotlhe, le le neelang dilo tsotlhe botshelo, se e leng molao o dilo tsotlhe di laolwang ka one, e bong thata ya Modimo yo o ntseng mo setilong sa gagwe sa bogosi, yo o leng mo sehubeng sa bosakhutleng, yo o leng mo gare ga dilo tsotlhe.

14 Jaanong, ammaaruri Ke a lo raya, gore ka thekololo e lo e diretsweng go diragadiwa tsogo mo baswing.

15 Mme mowa le mmele ke mowa wa motho.

16 Mme tsogo mo baswing ke thekololo ya mowa.

17 Mme thekololo ya mowa e tla ka ene yo o rudisang dilo tsotlhe, yo o mo sehubeng sa gagwe go laotsweng gore bahumanegi le ba ba pelonolo ba lefatshe ba tlaa le rua.

18 Ke gone ka moo, go a tlhokega gore le itshepisiwe mo tshiamololong yotlhe, gore le tle le baakanyediwe kgalalelo ya selesetiale;

19 Gonne fa le sena go diragatsa boikaelelo jo le bo bopetsweng, le tlaa rwesiwa ka kgalalelo, le e leng ka boleng teng jwa Modimo Rara;

20 Gore mebele e e leng ya bogosi jwa selesetiale e ka bo rua ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae; gonne, ka boikaelelo jo le ne la dirwa le go bopiwa, mme ka boikaelelo jo ba itshepisiwa.

21 Mme bone ba ba sa itshepisiwang ka molao o Ke lo o neetseng, e bong molao wa ga Keresete, ba tshwanetse go rua bogosi jo bongwe, le e leng joo jwa bogosi jwa theresetiale, kgotsa joo jwa bogosi jwa thelesetiale.

22 Gonne ene yo o a sa nonofelang go obamela molao wa bogosi jwa selesetiale ga a ka ke a itshokela kgalalelo ya selesetiale.

23 Mme ene yo a sa kakeng a obamela molao wa bogosi jwa theresetiale ga a ka ke a itshokela kgalalelo ya theresetiale.

24 Mme ene yo o sa kakeng a obamela molao wa bogosi jwa thelesetiale ga a ka ke a itshokela kgalalelo ya thelesetiale; ke gone ka moo ga a tshwanelwa ke bogosi jwa kgalalelo. Ke gone ka moo o tshwanetse go itshokela bogosi jo e seng bogosi jwa kgalalelo.

25 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, lefatshe le obamela molao wa bogosi jwa selesetiale, gonne le diragaditsa boikaelelo jo le bo bopetsweng, mme ga le tlole molao—

26 Ke gone, le tlaa itshepisiwa; ee, le fa go ntse jalo le tlaa khutla, le tlaa rudisiwa gape, mme le tlaa itshokela thata e le rudisitsweng ka yone, mme basiami ba tlaa le rua.

27 Gonne le fa gontse jalo ba a swa, le gone ba tlaa tsoga gape, mmele wa semowa.

28 Bao e leng ba Mowa wa selesetiale ba tlaa amogela mmele one oo e neng e le mmele wa tlholego; fela lo tlaa amogela mebele ya lona, mme kgalalelo ya lona e tlaa nna kgalalelo eo e mebele ya lona e rudisiwang ka yone.

29 Lona ba lo rudisiwang ka kabelo ya kgalalelo ya selesetiale ke gone lo tlaa amogela yone eo, le e leng botlalo.

30 Mme ba ba rudisiwang ka kabelo ya kgalalelo ya theresetiale ke gone ba tlaa amogela yone eo, le e leng botlalo.

31 Mme le bone ba ba rudisiwang ka kabelo ya kgalalelo ya thelesetiale ke gone ba tlaa amogela yone eo, le e leng botlalo.

32 Mme bone ba ba salang le gone ba tlaa rudisiwa, le fa go ntse jalo, ba tlaa boela gape kwa lefelong la bone, go itumelela seo se ba ratang go se amogela, ka ntlha ya gore ba ne ba sa rate go itumelela seo se ba ka bong ba se amogetse.

33 Gonne go thusang motho fa a abetswe neo, a bo a sa amogele neo? Bonang, ga a itumele mo go seo se a se neetsweng, le fa e le go itumelela ene yo e leng moabi wa neo.

34 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, gore seo se se laolwang ka molao le sone se dibelwa ka molao mme se dirwa boitekanelo le go itshepisiwa ka one.

35 Bao ba ba robang molao, mme ba sa obamele molao, e bile ba senka go nna molao ka bo bosi, mme ba rata go nna mo sebeng, mme gotlhelele ba nna mo sebeng, ga ba ka ke ba itshepisiwa ka molao, le fa e le ka kutlwelobotlhoko, tshiamiso, le fa e le katlholo. Ke gone ka moo, ba tshwanetse go nna ba leswafetse.

36 Magosi otlhe a na le molao o o neetsweng;

37 Mme go na le magosi a mantsi, gonne ga gona lefaufau le mo go lone go senang bogosi; mme ga gona bogosi jo mo go bone go senang lefaufau, le fa e le bogosi jo bogolo kgotsa jo bo potlana.

38 Mme mo bogosing bongwe le bongwe go neetswe molao; mme mo molaong mongwe le mongwe go na le dilekanyo dingwe le gone le dipeopele.

39 Ditshedi tsotlhe tse di sa obameleng dipeopele tseo ga di a siamisiwa.

40 Gonne botlhale bo ngaparela botlhale; tlhalefo e amogela tlhalefo; boammaaruri bo tlamparela boammaaruri; bomolemo bo rata bomolemo; lesedi le ngaparela lesedi; kutlwelobotlhoko e na le bopelotlhomogi mo kutlwelobotlhokong mme bo batla ba yone; tshiamiso e tswelela mo tseleng ya yone mme e batla ba yone; katlholo e tsamaya fa pele ga sefatlhogo sa yo o ntseng mo setilong sa bogosi le go laola le go diragatsa dilo tsotlhe.

41 O tlhaloganya dilo tsotlhe, mme dilo tsotlhe di fa pele ga gagwe, mme dilo tsotlhe di mo tikologong ya gagwe, mme o feta dilo tsotlhe, le mo dilong tsotlhe, mme o ka dilo tsotlhe, mme o mo tikologong ya dilo tsotlhe; mme dilo tsotlhe di dirilwe ke ene, mme di tswa mo go ene, e bong Modimo, ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae.

42 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, o neetse molao mo dilong tsotlhe, o di sutang ka one mo dinakong tsa tsone le mo dipakeng tsa tsone;

43 Mme ditsela tsa tsone di tlhomamisitswe, e bong ditsela tsa magodimo le lefatshe, tse di akaretsang lefatshe le mabopo otlhe.

44 Mme di neelana lesedi mo dinakong le mo dipakeng tsa tsone, mo metsotsong ya tsone, mo dioureng tsa tsone, mo malatsing a tsone, mo dibekeng tsa tsone, mo dikgweding tsa tsone, mo dingwageng tsa tsone—tse tsotlhe ke ngwaga e le ngwe mo Modimong, mme e seng mo mothong.

45 Lefatshe le dikologa mo diphukeng tsa lone, mme letsatsi le neela lesedi la lone motshegare, mme ngwedi o neela lesedi la one bosigo, mme dinaledi le tsone di neela lesedi la tsone, jaaka di dikologa mo diphukeng tsa tsone mo kgalalelong ya tsone, mo gare ga thata ya Modimo.

46 Ke ka tshwantshanya magosi a le eng, gore lo tle lo tlhaloganye?

47 Bonang, tse tsotlhe ke magosi, mme motho ope yo o boneng lengwe la o ne kgotsa bo botlana jwa one o bone Modimo a tsamaya ka borena jwa gagwe le thata.

48 Ke a lo raya, o mmone, le fa go ntse jalo, ene yo o tlileng mo go ba ga gabo o ne a seka a tlhaloganngwa.

49 Lesedi le phatsima mo lefifing, mme lefifi ga le a amogalana nalo, le fa go ntse jalo, letsatsi le tlaa tla leo lo tlaa tlhaloganyang le e leng Modimo, le rudisiwa mo go ene le ka ene.

50 Ke gone lo tla itse gore lo mpone, gore Ke nna, le gore Ke nna lesedi la boammaaruri le le mo go lona, le gore le mo go nna, fa go sa nna jalo ga lo ka ke lwa tlhogonolofala.

51 Bonang, ke tlaa tshwantshanya magosi a le monna yoo nang le tshimo, mme a romela batlhanka ba gagwe mo tshimong go epa tshimo.

52 Mme a raya wa ntlha: Tsamaya mme o dire mo tshimong, mme mo oureng ya ntlha ke tlaa tla kwa go wena, mme o tlaa bona boitumelo jwa sefatlhogo sa me.

53 Mme a raya wa bobedi: Tsamaya le wena mo tshimong, mme mo oureng ya bobedi Ke tlaa go lekola ka boitumelo jwa sefatlhogo sa me.

54 Mme le gone mo go wa boraro, a re: Ke tlaa go lekola;

55 Mme go wa bone, mme ga ya jalo go fitlha ka wa bolesome le bobedi.

56 Mme morena wa tshimo a ya kwa go wa ntlha mo oureng ya ntlha, mme a ema le ene oura eo yotlhe, mme o ne a itumedisiwa ke lesedi la sefatlhogo sa morena wa gagwe.

57 Mme a tswa kwa go wa ntlha gore a tle a lekole wa bobedi le ene, le wa boraro, le wa bone, le jalo go fitlha ka wa bolesome le bobedi.

58 Mme jaana botlhe ba amogela lesedi la sefatlhogo sa morena wa bone, monna mongwe le mongwe mo oureng ya gagwe, le mo nakong ya gagwe, le mo pakeng ya gagwe—

59 Go simolola ka wa ntlha, le jalo go fitlha ka wa bofelo, mme go tswa go wa bofelo go ya go wa ntlha, le go tswa ka wa ntlha go ya go wa bofelo;

60 Monna mongwe le mongwe go ya ka thulaganyong ya gagwe, go fitlha oura ya gagwe e wela, le e leng go yeng jaaka morena wa gagwe a mo laotse, gore morena wa gagwe a ka galalediwa mo go ene, mme ene mo moreneng wa gagwe, gore botlhe ba tle ba galalediwe.

61 Ke gone ka moo, mo setshwantshong se Ke tlaa tshwantshanya magosi a, le banni ba one—bogosi bongwe le bongwe mo oureng ya jone, le mo nakong ya jone, le mo pakeng ya jone, e le ruri go ya ka tao e Modimo a e dirileng.

62 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, ditsala tsa me, Ke tlogela mafoko a le lona go a akanya mo dipelong tsa lona, le ka taelo e Ke lo e neelang, gore lo mpitse fa Ke santse ke le gaufi—

63 Atamelang kwa go nna mme Ke tlaa lo atamela; mpatleng ka tlhwaafalo mme lo tlaa mpona; kopang, mme lo tlaa amogela; kokotang, mme lo tlaa bulelwa.

64 Le fa e ka nna eng se lo se kopang Rara mo leineng la me lo tlaa se neelwa, seo se se lo tshwanetseng;

65 Mme fa le kopa sengwe fela se se sa lo tshwanelang, se tlaa fetogela tshekiso ya lona.

66 Bonang, seo se lo se utlwang se tshwana le lentswe la mongwe yo o kuang mo nageng—mo nageng, gonne ga lo ka ke lwa mmona—lentswe la me, gonne lentswe la me Ke Mowa; Mowa wa me ke boammaaruri, boammaaruri bo a itshoka mme ga bona bokhutlo; mme fa bo le mo go lona bo tlaa tlhogonofala.

67 Mme fa leitlho la lona le lebeletse fela kgalalelo ya me, mebele ya lona e tlaa tlala lesedi, mme ga go kitla go nna lefifi mo go lona; mme mmele yo o tletseng ka lesedi o tlhaloganya dilo tsotlhe.

68 Ke gone ka moo, lo e itshepiseng gore ditlhaloganyo tsa lona di lebelele fela Modimo, mme malatsi a tlaa tla ao le tlaa mmonang; gonne o tlaa bonatsa sefatlhogo sa gagwe mo go lona, mme e tlaa nna mo nakong ya gagwe, le ka tsela ya gagwe, le go ya ka thato ya gagwe.

69 Gakologelwang tsholofetso e kgolo le ya bofelo e ke e dirileng mo go lona; kgaphelang kgakala dikakanyo tsa lona tsa boithamako le go tshega ga lona mo go feteletseng.

70 Lo diege, diegang mo lefelong le, mme lo bitse phuthego e e masisi, e bong ya bao ba e leng badiri ba ntlha mo bogosing jo jwa bofelo.

71 Mme a bao ba ba tlhagisitseng mo loetong la bone ba bitse Morena, mme ba akanye mo dipelong tsa bone tlhagiso e ba e amogetseng, ka sebakanyana.

72 Bonang, mme lebang, Ke tlaa tlhokomela leruo la lona, mme ke tlaa ba tsosetsa bagolwane mme ke ba romele kwa go tsone.

73 Bonang, Ke tlaa potlakisa tiro ya me mo nakong ya yone.

74 Mme Ke lo neela, ba lo leng badiri ba ntlha mo bogosing jo jwa bofelo, taelo gore lo phuthegeng, le bo lo ithulaganye, mme lo ipaakanye, mme lo e itshepise; ee, intlafatseng dipelo, mme lo tlhape diatla le dinao tsa lona fa pele ga me, gore Ke tle ke lo ntlafatse;

75 Gore Ke ka supa mo go Rraeno, le Modimo wa lona, le Modimo wa me, gore lo ntlafetse mo mading a tshika e e e boikepo, gore Ke tle ke diragatse tsholofetso e, tsholofetso e kgolo e le ya bofelo, e o Ke e dirileng le lona, mogang Ke ratang.

76 Le gone, Ke lo neela taelo gore lo tswelele mo thapelong le mo go itimeng dijo go tswa mo nakong e go ya pele.

77 Mme Ke lo neela taelo gore lo rutane dithuto tsa bogosi.

78 Rutang ka tlhwaafalo, mme tshegofatso ya me e tlaa nna le lona, gore lo tle lo rutwe ka kelelelo bogolo mo thutong, mo melawaneng, mo thutong, mo molaong wa efangele, mo dilong tsotlhe tse di e leng tsa bogosi jwa Modimo, tseo tse lo tshwanetseng go ditlhaloganya;

79 Tsa dilo tse di mo legodimong le tse di mo lefatsheng, le ka fa tlase ga lefatshe; dilo tse di ntseng di le teng, dilo tse di leng, dilo tse di tshwanetseng go diragala ka bokhutshwane; dilo tse di kwa gae, dilo tse di kwa mafatsheng a sele; dintwa le dikakabalo tsa ditšhaba, le dikatlholo tse di mo lefatsheng; mme le yone kitso ya mafatshe le ya magosi—

80 Gore lo etleetsege mo dilong tsotlhe mogang Ke lo romela gape go godisa pitso e ke lo e bileditseng, le thomo e Ke lo laotseng ka yone.

81 Bonang, Ke le romile gore le supe le bo lo tlhagise batho, mme go tshwanetse motho mongwe le mongwe yo o tlhagisitsweng go tlhagisa moagisanyi wa gagwe.

82 Ke gone ka moo, ba tlogetsweng ba sena maipato, mme dibe tsa bone di mo ditlhogong tsa bone.

83 Yoo mpatlang go sa le gale o tlaa mpona, mme ga a kitla a tlogelwa.

84 Ke gone ka moo, diegang lona, mme lo dire ka tlhwaafalo, gore lo tle lo dirwe boitekanelo mo tirelong go tswela pele mo gare ga Baditšhaba la bofelo, bontsi jo molomo wa Morena o tlaa bo bitsang, go bofa molao le go kana bopaki, le go baakanyetsa baitshepi oura ya katlholo e e tlaa tlang;

85 Gore mewa ya bone e ka falola kgalefo ya Modimo, makgapha a a swafatsang a a emetseng baikepi, gotlhe mo lefatsheng le le lefatshe le le tlaa tlang. Ammaaruri, Ke a lo raya, a bao e seng bagolwane ba ntlha ba tswelele mo tshimong ya mofine go fitlha molomo wa Morena o ba bitsa, gonne nako ya bone ga e ise e tle; diaparo tsa bone ga diphepa mo mading a tshika e.

86 Nnang mo kgololesegong e lo gololesegileng ka yone; se ikgweleanyeng le sebe, mme a diatla tsa lona di nne phepa, go fitlha Morena a tla.

87 Gonne e seng mo malatsing a mantsi go tswa fa mme lefatshe le tlaa roroma le go thetheekela jaaka motho a tagilwe; mme letsatsi le tlaa fitlha sefatlhogo sa lone, mme le tlaa gana go neela lesedi; mme ngwedi o tlaa tlhapisiwa mo mading; mme dinaledi di tlaa tenega thata, mme di tlaa itigela fa fatshe jaaka mofeige o wa mo setlhareng sa motlhware.

88 Mme morago ga bopaki jwa lona go tla kgalefo le tenego mo bathong.

89 Gonne morago ga bopaki jwa lona go tle bopaki jwa thoromo ya lefatshe, jo bo tlaa dirang selelo mo gare ga lone, mme batho ba tlaa wela fa fatshe mme ga ba kitla ba nonofela go emelela.

90 Mme le gone go tle bopaki jwa lentswe la ditumo tsa maru, le lentswe la dikgadima, le lentswe la matsubutsubu, le lentswe la makhubu a lewatle a tsholetsega kwa godimo go feta selekanyo sa one.

91 Mme dilo tsotlhe di tlaa nna mo khuduegong, mme ammaaruri, dipelo tsa batho di tlaa idibala; gonne poifo e tlaa tla mo bathong botlhe.

92 Mme baengele ba tlaa fofa mo gare ga legodimo, ba goa ka lentswe le le kwa godimo, baletsa porompeta ya Modimo, ba re: Baakanyang, baakanyang, Ao banni ba lefatshe; gonne katlholo ya Modimo e fitlhile. Bonang, mme lebang, Monyadi o e tla; tswayang le ye go mo kgatlhantsha.

93 Mme ka bonako go tlaa bonala tshupo e kgolo mo legodimong, mme batho botlhe ba tlaa e bona mmogo.

94 Mme moengele yo mongwe o tlaa letsa porompeta ya gagwe, a re: Kereke e kgolo eo, mmaagwe makgapha, e e dirileng gore ditšhaba tsotlhe di nwe mofine wa kgalefo ya kgokafalo ya yone, e e bogisang baitshepi ba Modimo, e e tshololang madi a bone—ene yo o nna mo boidiidi jwa metsi, le mo ditlhaketlhakeng tsa lewatle—bonang, ke mofoka wa lefatshe, o bofilwe mo dingateng; dikgole tsa gagwe di thatafaditswe, ga go motho ope yo o ka di bofololang; ke gone ka moo, o ipaakanyeditse go fisiwa. Mme o tlaa letsa porompeta ya gagwe ka boleele le kwa godimo, mme ditšhaba tsotlhe di tlaa e utlwa.

95 Mme go tlaa nna tidimalo mo legodimong ka sebaka sa sephatlo sa oura; mme ka bonako morago garetene ya legodimo e tlaa phuthololwa, jaaka sekorolo se phuthololwa fa se sena go phuthiwa, mme sefatlhogo sa Morena se tlaa sirololwa;

96 Mme baitshepi ba ba mo lefatsheng, ba ba tshelang, ba tlaa rudisiwa mme ba tsholediwa go mo kgatlhantsha.

97 Mme ba ba robetseng mo mabitleng a bone ba tlaa tswa, gonne mabitla a bone a tlaa bulwa; mme le bone ba tlaa tsholediwa go mo kgatlhantsha mo gare ga dipilara tsa legodimo—

98 Ke ba ga Keresete, mabutswa pele, bao ba tlaa fologang le ene pele, mme bao ba ba mo lefatsheng le ba ba mo mabitleng a bone, ba ba tlaa tsholediwang pele go mo kgatlhantsha; mme tsotlhe tse ka lentswe la tumo ya porompeta ya moengele wa Modimo;

99 Mme morago ga se moengele yo mongwe o tlaa letsa, e e leng porompeta ya bobedi; mme ke gone go tle thekololo ya bao ba e leng ba ga Keresete ka go tla ga gagwe; ba ba amogetseng karolo ya bone mo kgolegelong e ba e baakanyeditswe, gore ba tle ba amogele efangele, mme ba atlholwe jaaka batho mo nameng.

100 Mme gape, porompeta e nngwe e tlaa lela, e e leng porompeta ya boraro; mme ke gone go tle mewa ya batho ba ba tlaa atlholwang, mme ba fitlhelwa ka fa tlase ga tshekiso;

101 Mme ba ke baswi ba ba setseng; mme ba seka ba tshela gape go fitlhelela dingwaga tse di sekete di khutla, le e seng gape, go fitlha bokhutlo jwa lefatshe.

102 Mme porompeta e nngwe e tlaa lela, e e leng porompeta ya bone, e re: Go fitlhelwa mo gare ga bao ba ba tshwanetseng go sala go fitlha letsatsi leo le legolo le la bofelo, e bong bokhutlo, ba ba tlaa nnang ba leswafetse.

103 Mme porompeta e nngwe e tlaa lela, e e leng porompeta ya botlhano, yo e leng moengele wa botlhano yo o neelang efangele e e sa khutleng—a fofa mo gare ga legodimo, kwa ditšhabeng tsotlhe, letso, diteme, le batho;

104 Mme se e tlaa nna tumo ya porompeta ya gagwe, e re mo bathong botlhe, mo legodimong le mo lefatsheng, le ba ba kwa tlase ga lefatshe—gonne tsebe nngwe le nngwe e tlaa le utlwa, mme lengole lengwe le lengwe le tlaa khubama, mme loleme lengwe le lengwe le tlaa ipolela, fa ba utlwa tumo ya porompeta, e re: Boifang Modimo, mme lo mo neele kgalalelo o o ntseng mo setilong sa bogosi, ka bosenang bokhutlo le ka bosaengkae; gonne oura ya katlholo ya gagwe e tlile.

105 Mme gape, moengele yo mongwe o tlaa letsa porompeta, yo o e leng moengele wa borataro, a re: O wele yo o dirileng gore ditšhaba tsotlhe dinwe mofine wa kgalefo ya boaka jwa gagwe; o wele, o wele!

106 Mme gape, moengele yo mongwe o tlaa letsa porompeta ya gagwe, yo e leng moengele wa bosupa, a re: Go weditswe; go weditswe! Kwana ya Modimo e fentse le go gataka segatelo sa mofine a le nosi, e bong segatelo sa mofine wa bogale jwa kgalefo ya Modimo Mothatayotlhe.

107 Mme ke gone baengele ba tlaa rwesiwa ka kgalalelo ya maatla a gagwe, mme baitshepi ba tlaa tlala ka kgalalelo ya gagwe, mme ba amogele boswa jwa bone mme ba lekangwe le ene.

108 Mme ke gone moengele wa ntlha o tlaa letsa gape porompeta mo ditsebeng tsa batshedi botlhe, mme a senole ditiro tsa batho tsa sephiri, le ditiro tsa Modimo tse di maatla mo dingwageng tse di sekete tsa ntlha.

109 Mme ke gone moengele wa bobedi o tlaa letsa porompeta ya gagwe, mme a senole ditiro tsa batho tsa sephiri, le dikakanyo le maikeelelo a dipelo tsa bone, le ditiro tsa Modimo tse di maatla mo dingwageng tsa sekete sa bobedi sa dingwaga—

110 Le go ya jalo, go fitlha moengele wa bosupa a letsa porompeta ya gagwe; mme o tlaa ema mo lefatsheng le mo lewatleng, mme a ikane ka leina la ene yoo ntseng mo setilong sa bogosi, gore go tlaa se tlhole go nna le nako, mme Satane o tlaa bofiwa, noga eo ya bogologolo, yoo bidiwang diabole, mme ga a kitla a bofololwa ka sebaka sa dingwaga tse di sekete.

111 Mme ke gone o tlaa bofololwa ka sebakanyana, gore a tle a phuthe batlhabani ba gagwe.

112 Mme Mikaele, moengele wa bosupa, e bong moengele yoo mogolo, o tlaa phutha batlhabani ba gagwe, e bong masomosomo a legodimo.

113 Mme diabole o tlaa phutha batlhabani ba gagwe; e bong masomosomo a molete, mme o tlaa tla ntweng le Mikaele le batlhabani ba gagwe.

114 Mme ke gone go tle ntwa ya Modimo yo o mogolo; mme diabole le batlhabani ba gagwe ba tlaa latlhelwa kwa lefelong la bone, mo e leng gore ga ba kitla ba tlhola ba nna le thata mo baitsheping gotlhelele.

115 Gonne Mikaele o tlaa lwa dintwa tsa bone, mme o tlaa fenya yo o batlang setilo sa bogosi sa yo o ntseng mo setilong sa bogosi, e bong Kwana.

116 Se ke kgalalelo ya Modimo, le ba ba itshepisitsweng; mme ga ba kitla ba tlhola ba bona loso.

117 Ke gone ka moo, ammaaruri Ke a lo raya, ditsala tsa me, bitsang phuthego ya lona e e masisi, jaaka Ke lo laotse.

118 Mme jaaka botlhe ba sena tumelo, batlang ka tlhwaafalo mme lo rutaneng mafoko a tlhalefo; ee, batlang mo dibukeng tse di molemo bogolo mafoko a tlhalefo; batlang go ithuta, e bong ka go ithuta mme le gone ka tumelo.

119 Ithulaganyeng; baakanyang sengwe le sengwe se se tlhokegang; mme lo tlhomamiseng ntlo, e bong ntlo ya thapelo, ntlo ya go itima dijo, ntlo ya tumelo, ntlo ya thuto, ntlo ya kgalalelo, ntlo ya thulaganyo, ntlo ya Modimo;

120 Gore go tsena ga lona go ka nna mo leineng la Morena; gore go tswa ga lona go ka nna mo leineng la Morena, gore madume a lona otlhe a nne mo leineng la Morena, ka diatla tse di tsholeleditsweng kwa go Mogodimogodimo.

121 Ke gone ka moo, tlogelang puo tsotlhe tsa lona tsa matshamekwane, gotlhe go tshega, tsotlhe dikeletso tsa lona tse di maswe, mo boikgogomoso jotlhe jwa lona le mokgwa wa go tsaya dilo motlhofo, le ditiro tsotlhe tsa lona tsa boikepo.

122 Tlhomang mo gare ga lona morutuntshi, mme a botlhe ba se bue ka nako e le nngwe; mme a a le mongwe a bue ka nako e le nngwe mme a botlhe ba reetse mafoko a gagwe, gore e re botlhe ba buile botlhe ba tle ba nonotshiwe maikutlo ke botlhe, mme gore motho mongwe le mongwe a nne le tshiamelo e e lekanang.

123 Bonang gore lo a ratana, tlogela go nna bohula; ithuteng go abelana jaaka efangele e batla.

124 Tlogela botshwakga; tlogela go sa leswafale; tlogelang go bo nana molato; tlogelang go robala go feta jaaka go batlega; robalang nako e sa le gale, gore lo seka lwa lapa; kubugang, gore mebele le ditlhaloganyo tsa lona di tle di tlhagafadiwe.

125 Mme mo godimo ga dilo tsotlhe, ikapeseng ka sebofo sa lorato la ga Keresete, jaaka e kete ka seaparo, se e leng sebofo sa boitekanelo le kagiso.

126 Rapelang ka metlha, gore lo se lape, go fitlha Ke tla. Bonang, mme lebang, Ke tlaa tla ka bonako, mme Ke lo ikamogelele mo go nna. Amene.

127 Mme gape, thulaganyo ya ntlo e e baakanyeditsweng boporesidente ba sekolo sa baperofeti, e e tlhomamiseditsweng ditaelo tsa bone mo dilong tsotlhe tse di tshwanetseng, e bong ya botlhe badiredi ba kereke, kgotsa ka mafoko a mangwe, bao ba ba bileditsweng tirelo mo kerekeng, go simolola ka baperesiti ba bagolo, le e leng go ya tlase kwa batiakoneng—

128 Mme se e tlaa nna thulaganyo ya ntlo ya boporesidente jwa sekolo: Ene yo o tlhomilweng go nna poresidente, kgotsa morutuntshi, o tlaa bonwa a eme mo lefelong la gagwe, mo ntlong e a tlaa e baakanyediwang.

129 Ke gone ka moo, o tlaa nna wa ntlha mo ntlong ya Modimo, mo lefelong leo phuthego mo ntlong e ka utlwang mafoko a gagwe ka kelelelo le ka tlhamalalo, e seng ka puo e e tlhatlogileng.

130 Mme fa a tla mo ntlong ya Modimo, gonne o tshwanetse go nna wa ntlha mo ntlong—bonang, se se sentle, gore a tle a nne sekao—

131 A a ineele mo thapelo mo mangoleng a gagwe fa pele ga Modimo, mo sekaong kgotsa mo kgakologelong ya kgolagano e e sa khutleng.

132 Mme e re fa mongwe a ka tla morago ga gagwe, a morutuntshi a emelele, mme ka matsogo a a tsholeleditsweng kwa legodimong, ee, ka tlhamalalo, a dumedise mokaulengwe kgotsa bakaulengwe ka mafoko a na:

133 A o morwarre kgotsa mokaulengwe? Ke go dumedisa mo leineng la Morena Jeso Keresete, mo sekaong kgotsa mo kgakologelong ya kgolagano e e sa khutleng, kgolagano e o mo go yone Ke lo amogelang go kopana, mo maikaelelong a a tlhomameng, a a tsepameng, mme a sa fetoge, go nna tsala ya lona le morwarraalona ka tshegofatso ya Modimo mo tshwaraganong ya lorato, go tsamaya mo ditaelong tsotlhe tsa Modimo lo sena molato, mo malebogong, ka metlha le metlha. Amene.

134 Mme yo o fitlhelwa a sa tshwanelwa ke tumediso e ga a kitla a nna le bonno mo gare ga lona; gonne ga lo kitla lo leseletsa gore ntlo ya me itshekololwe ke ene.

135 Mme yo o tsenang mme a le boikanyego fa pele ga me, e bile e le mokaulengwe, kgotsa fa e le bakaulengwe, ba tlaa dumedisa poresidente kgotsa morutuntshi ka diatla tse di tsholeleditsweng kwa legodimong, ka thapelo yone eo le kgolagano, kgotsa ka go re Amene, mo sekaong sa seo.

136 Bonang, ammaaruri, Ke a lo raya, se ke sekai mo go lona sa go dumedisana mo ntlong ya Modimo, mo sekolong sa baperofeti.

137 Mme lo bileditswe go dira se ka thapelo le malebogo, jaaka Mowa o tlaa le neela puo mo dilong tsotlhe tse lo di dirang mo ntlong ya Morena, mo sekolong sa baperofeti, gore e nne lefelo le le boitshepo, motlaagana wa Mowa o o Boitshepo go nonotsho ya lona ya semowa.

138 Mme ga lo kitla lo amogela ope mo gare ga lona mo sekolong se fa e se a ntlafaditswe mo mading a tshika e;

139 Mme o tlaa amogelwa ka tao ya go tlhapisiwa dinao, gonne ka ntlha e tao ya tlhatso ya dinao e ne ya simolodisiwa.

140 Mme gape, tao ya go tlhapisiwa dinao e tshwanetse go dirwa ke poresidente, kgotsa mogolwane yo o okametseng kereke.

141 E tshwanetse go simololwa ka thapelo; mme morago ga go tsaya borotho le mofine, o tlaa itlama go ya ka sekao se se neetsweng mo kgaolong ya bolesome le boraro ya bopaki jwa ga Johane mabapi le nna. Amene.