Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 10


Tsetlana 10

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, kwa Harmony, Pennsylvania, e ka ne e le Moranang 1829, le ntswa dikarolo di ka tswa di ne di amogetswe go sale gale ka selemo sa 1828. Mo go se Morena o bolelela Joseph ka diphetogo tse di dirilweng ke baikepi mo mokwalong wa ditsebe tse 116 mo thanolong ya lokwalo lwa ga Lehi, mo Bukeng ya ga Momone. Ditsebe tse tsa mokwalo di ne tsa latlhega di le mo tlhokomelong ya ga Martin Harris, yo o neng a laetswe dipampiri ka lobakanyana. (Bona setlhogo sa tsetlana 3.) Togamaano e e bosula e ne e le go emela thanolo gape e e solofetsweng ya dilo tse di akareditsweng ke ditsebe tse di utswilweng mme ke gone go nyenyafatsa moranodi ka go supa diphapaano tse di tlhodilweng ke diphetogo. Gore maikaelelo a a boikepo a a ne a gopotswe ke yo o bosula e bile a ne a itsege mo Moreneng le e leng fa Momone, mmatlisisi wa bogologolo wa ditso tsa Banefi, a ne a dira khutswafatso ya dipapetlana tse di kgobokantsweng, go supiwa mo Bukeng ya ga Momone (bona Mafoko a ga Momone 1:3–7).

1–26, Satane o hudua batho ba ba boikepo go ganetsa tiro ya Morena; 27–33, O batla go senya mewa ya batho; 34–52, Efangele e tshwanetse go ya kwa Balamaneng le ditšhaba tsotlhe ka Buka ya ga Momone; 53–63, Morena o tlaa tlhomamisa Kereke ya Gagwe le efangele ya Gagwe mo bathong; 64–70, O tlaa phuthela baikotlhai mo Kerekeng ya Gagwe mme o tlaa boloka bao ba ba ikobang.

1 Jaanong, bona, Ke a go raya, gore gonne o fetiseditse mekwalo e o neng o neetswe thata go e ranola ka mokgwa wa Urime le Thumime, mo diatleng tsa monna yo o boikepo, e go latlhegetse.

2 Mme le gone o latlhegetswe ke neo ya gago ka nako yone eo, mme tlhaloganyo ya gago e ne ya fifala.

3 Le fa go ntse jalo, e buseditswe mo go wena gape; ke gone ka moo bona gore o boikanyego mme o tswelele go fetsa tiro e e setseng ya thanolo jaaka o simolotse.

4 O se ka wa taboga thata kgotsa wa dira go feta nonofo e o nang le yone le mokgwa yo o neetsweng go go thatafaletsa go ranola; mme nna tlhaga go ya bokhutlong.

5 Rapela ka metlha, gore o nne mofenyi; ee, gore o ka fenya Satane, le gore o ka falola diatla tsa batlhanka ba ga Satane bao ba tshegetsang tiro ya gagwe.

6 Bona, ba batlile go go nyeletsa; ee, le e leng monna yo o neng o mo ikanya o batlile go go nyeletsa.

7 Mme ka lebaka le ke rile ke moikepi, gonne o batlile go tlosa dilo tse o laetsweng ka tsone; mme le gone o batlile go senya neo ya gago.

8 Mme gonne o neetse mekwalo mo diatleng tsa gagwe, bona, batho ba ba boikepo ba e tsere mo go wena.

9 Ke gone ka moo, o e neetse, ee, eo e e neng e le boitshepo, mo boikepong.

10 Mme, bona, Satane o tsentse mo dipelong tsa bone go fetola mafoko a o dirileng gore a kwalwe, kgotsa a o a ranotseng, a a duleng mo diatleng tsa gago.

11 Mme bona, ke a go raya, gore gonne ba fetotse mafoko ao, a balega kgatlhanong le ao a o a ranotseng e bile o dirile gore a kwalwe;

12 Mme, ka tsela e, diabole o batlile go baya leano la boferefere, gore o ka senya tiro e;

13 Gonne o tsentse mo dipelong tsa bone go dira se, gore ka maaka ba ka re ba go tshwere ka mafoko a o ipayang o a ranotse.

14 Ammaaruri, ke a go raya, gore ga ke kitla ke leseletsa gore Satane a diragatse togamaano ya gagwe ya bosula mo selong se.

15 Gonne bona, o tsentse mo dipelong tsa bone go go tlhotlheletsa go raela Morena Modimo wa gago, mo go lopeng gore o a ranole gape.

16 Mme ke gone, bona, ba re e bile ba akanya mo dipelong tsa bone—Re tlaa bona fa Modimo a mo neetse thata go ranola; mme fa go ntse jalo, o tlaa mo neela thata gape;

17 Mme fa Modimo a mo neela thata gape, kgotsa fa a ranola gape, kgotsa, ka mafoko a mangwe, fa a ka tlisa mafoko a a tshwanang, bonang, re na le a a tshwanang, mme re a fetotse;

18 Ke gone ka moo ga a kitla a dumalana, mme re tlaa re o akile mo mafokong a gagwe, le gore ga a na neo, le gore ga a na thata;

19 Ke gone ka moo re tlaa mo nyeletsa, le yone tiro; mme re tlaa dira se gore re ka se tlhajwe ke ditlhong kwa bokhutlong, le gore re ka bona kgalalelo ya lefatshe.

20 Ammaaruri, ammaaruri ke a go raya, gore Satane o na le tshwaro e kgolo mo dipelo tsa bone; o ba tlhotlheleletsa boikepo kgatlhanong le seo se se molemo;

21 Mme dipelo tsa bone di bodile, mme di tletse boikepo le makgapha; mme ba rata lefifi bogolo go lesedi, gonne ditiro tsa bone di bosula; ke gone ka moo ga ba kitla ba lopa mo go nna.

22 Satane o a ba tlhotlheletsa, gore a ka gogela mewa ya bone mo tshenyegong.

23 Mme jaana o beile leano la boferefere, a akanya go senya tiro ya Modimo; mme ke tlaa batla se mo diatleng tsa bone, mme mo go tlaa fetoga ditlhong tsa bone le tshekiso mo letsatsing la katlholo.

24 Ee, o tlhotlheletsa dipelo tsa bone go galefa kgatlhanong le tiro e.

25 Ee, o ba raya a re: Tsietsang mme lo lalele go tshwara, gore lo ka senya, bonang, se ga se molato. Mme jaana o a ba oka, le go ba bolelela gore ga se sebe go aka gore ba ka tshwara motho mo maakeng, gore ba ka mo nyeletsa.

26 Mme jaana o a ba oka, le go ba gogela pele go fitlha a gogobisetsa mewa ya bone mo moleteng; mme jaana o ba dira go itshwara mo seraing sa bone.

27 Mme jaana o ya kwa godimo le kwa tlase, a thethekela mo lefatsheng, a batla go senya mewa ya batho.

28 Ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, bohutsana mo go ene yo o akang go tsietsa gonne o gopola gore mongwe o aka go tsietsa, gonne ba ba ntseng jalo ga ba a iteelwa ntle mo tshiamisong ya Modimo.

29 Jaanong, bona, ba fetotse mafoko ao, gonne Satane o ba raya a re: O le tsieditse—mme jaana o ba okela go dira boikepo, go go tlhotlheletsa go raela Morena Modimo wa gago.

30 Bona, ke a go raya, gore o se kitla o ranola gape mafoko ao a a duleng mo diatleng tsa gago;

31 Gonne, bona, ga ba kitla ba diragatsa ditogamaano tsa bone tsa bosula mo go akeng kgatlhanong le mafoko ao. Gonne, bona, fa o ka tlisa mafoko a a tshwanang ba tlaa re o akile le gore o ipeile go ranola, mme gore o ikganeditse.

32 Mme, bona, ba tlaa anamisa se, mme Satane o tlaa thatafatsa dipelo tsa batho go ba tlhotlheleletsa go go galefela, gore ga ba kitla ba dumela mafoko ame.

33 Jaana Satane o akanya go gatelela bopaki jwa gago mo tshikeng e, gore tiro e seka ya tla mo tshikeng e.

34 Mme bona, se ke tlhalefo, mme gonne ke go supegetsa tlhalefo, le go go neela ditaelo mabapi le dilo tse, se o tlaa se dirang, se e supegetse lefatshe go fitlhelela o feditse tiro ya thanolo.

35 Se gakgamalele gore ke go reile ka re: Se ke tlhalefo, se e supegetse lefatshe—gonne ke rile, se e supegetse lefatshe, gore o ka dibelwa.

36 Bona, ga ke reye gore ga o kitla o e supegetsa basiami;

37 Mme jaaka o sa ka ke ka metlha wa lemoga mosiami, kgotsa jaaka o sa ka ke ka metlha wa farologanya moikepi mo mosiaming, ke gone ka moo ke a go raya, didimala go fitlhelela ke tlaa bona go lebane go dira gore dilo tsotlhe di itsiwe mo lefatsheng mabapi le ntlha e.

38 Mme jaanong, ammaruri ke a go raya, gore polelo ya dilo tseo tse o di kwadileng, e e duleng mo diatleng tsa gago, e gabilwe mo dipapetlaneng tsa ga Nefi;

39 Ee, mme o gakologelwa gore go ne go tilwe mo mekwalong eo gore bogolo jwa polelo e e kgethegileng e ne e neetswe ya dilo tse mo dipapetlaneng tsa ga Nefi.

40 Mme jaanong, gonne polelo e e gabilweng mo dipapetlaneng tsa ga Nefi e tlhalositse thata mabapi le dilo tse, mo tlhalefong ya me, ke tlaa di tlisang mo kitsong ya batho mo polelong e—

41 Ke gone ka moo, o tlaa ranola megabo e e mo dipapetlaneng tsa ga Nefi, go ya tlase le go fitlha kwa go buseng ga ga kgosi Benjamine, kgotsa go fitlhelela o fitlha mo go seo se o se ranotseng, se o se tshegeditseng;

42 Mme bona, o tlaa e anamisa jaaka pego ya ga Nefi; mme jaana ke tlaa tlhabisa ditlhong bao ba ba fetotseng mafoko ame.

43 Ga ke kitla ke leseletsa gore ba ka senya tiro ya me; ee, ke tlaa ba supegetsa gore tlhalefo ya me e kgolo go feta boferefere jwa ga diabole.

44 Bona, ba na le karolwana fela, kgotsa khutshwafatso ya pego ya ga Nefi.

45 Bona, go na le dilo di le dintsi tse di kwadilweng mo dipapetlaneng tsa ga Nefi tse di latlhelang diponatshego tse di kgolo mo efangeleng ya me; ke gone ka moo, ke tlhalefo mo go nna gore o tshwanetse go ranola karolwana e ya ntlha ya megabo ya ga Nefi, mme o e romele mo tirong e.

46 Mme, bona, tiro yotlhe e e setseng e na le dikarolo tsotlhe tseo tsa efangele ya me tse baperofeti ba me ba ba boitshepo, ee, le bone barutwana ba me, ba eleditse mo dithapelong tsa bone gore di tshwanetse go tla mo bathong ba.

47 Mme ka ba raya ka re, ba tlaa go neelwa go ya ka tumelo ya bone mo dithapelong tsa bone;

48 Ee, mme se e ne e le tumelo ya bone—gore efangele ya me, e ke ba e neetseng gore ba ka e rera mo malatsing a bone, e ka tla mo bakaulengweng ba bone Balamane, mme le gone le botlhe bao ba ba nnileng Balamane ka ntlha ya boingaodi jwa bone.

49 Jaanong, se ga se sotlhe—tumelo ya bone mo dithapelong tsa bone e ne e le gore efangele e e tshwanetse go itsiwe le gone, fa go ne go kgonega gore ditšhaba tse dingwe di ka rua lefatshe le;

50 Mme jaana ba ne ba tlogela tshegofatso mo lefatsheng le mo dithapelong tsa bone, gore mongwe le mongwe yo o tlaa dumelang mo efangeleng e mo lefatsheng le a nne le botshelo jo bo sa khutleng;

51 Ee, gore le ka gololesega mo go botlhe le fa e le ba tšhaba efe, lotso, teme, kgotsa batho ba ba ka nnang.

52 Mme jaanong, bona, ke go yeng ka tumelo ya bone mo dithapelong tsa bone ke tlaa tlisang karolo e ya efangele ya me mo kitsong ya batho ba me. Bona, ga ke e tlisetse go senya seo se ba se amogetseng, mme go se thatafatsa.

53 Mme ka ntlha e ke rile: Fa tshika e e sa thatafatse dipelo tsa yone, ke tlaa tlhomamisa kereke ya me mo gare ga bone.

54 Jaanong ga ke bue se go senya kereke ya me, mme ke bua se go thatafatsa kereke ya me;

55 Ke gone ka moo, mongwe le mongwe yo e leng wa kereke ya me ga a tlhoke go boifa, gonne ba ba ntseng jalo ba tlaa rua bogosi jwa legodimo.

56 Mme ke bone ba ba sa mpoifeng, le fa e le go tshegetsa ditaelo tsa me mme ba ikagela dikereke go boelwa, ee, le botlhe bao ba dirang boikepo le go aga bogosi jwa ga diabole—ee, ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, gore ke bone ba ke tlaa ba feretlhang, mme ke ba dire gore ba rorome le go ba tshikinya mo gare.

57 Bona, ke Jeso Keresete, Morwa Modimo. Ke tlile mo go bagaetsho, mme bagaetsho ba seka ba nkamogela.

58 Ke lesedi le le phatshimang mo lefifing, mme lefifi la seka la le tlhaloganya.

59 Ke nna yo ke rileng—Dinku tse dingwe ke na le tsone tse eseng tsa lesaka le—mo barutwaneng ba me, mme go ne go na le ba le bantsi ba ba neng ba sa ntlhaloganye.

60 Mme ke tlaa supegetsa batho ba gore ke ne ke na le dinku tse dingwe, le gore e ne e kala ya ntlo ya ga Jakobe;

61 Mme ke tlaa tlisa mo leseding ditiro tsa bone tse di gakgamatsa, tse ba di dirileng mo leineng la me;

62 Ee, mme ke tlaa tlisa le gone mo leseding efangele ya me e ba neng ba e diretswe, mme, bonang, ga ba kitla ba latola seo se lo se amogetseng, mme ba tlaa se thatafatsa, mme ba tlaa tlisa mo leseding dintlha tsa boammaaruri tsa thuto ya me, ee, le thuto fela e e mo go nna.

63 Mme se ke se dira gore ke ka tlhomamisa efangele ya me, gore go seka ga nna le dikganetsano tse di kalo; ee, Satane o tlhotlheletsa dipelo tsa batho go ganetsana mabapi le dintlha tsa thuto ya me; mme mo dilong tse ba dira phoso, gonne ba lwantsha dikwalo tse di boitshepo mme ga ba di tlhaloganye.

64 Ke gone ka moo, ke tlaa ba phuthololela masaitsiweng a magolo a;

65 Gonne, bona, ke tlaa ba phutha jaaka koko e phutha dikokwana tsa yone mo diphukeng tsa yone, fa ba se kitla ba thatafatsa dipelo tsa bone;

66 Ee, fa ba ka tla, ba ka tla, mme ba tlhakanela metsi a botshelo ka kgololesego.

67 Bona, se ke thuto ya me—mongwe le mongwe yo o ikwatlhayang mme a tle mo go nna, ene yoo ke kereke ya me.

68 Mongwe le mongwe yo o bolelang go feta kgotsa go le go nnye bogolo go se, ene yoo ga se wa me, mme o kgatlhanong le nna, ke gone ka moo ga se wa kereke ya me.

69 Mme jaanong, bona, mongwe le mongwe yo e leng wa kereke ya me, mme a itshoka mo kerekeng ya me go ya bokhutlong, ene ke tlaa mo tlhomamisa mo lefikeng la me, mme dikgoro tsa molete ga di kitla di mo fenya.

70 Mme jaanong, gakologelwa mafoko a ene yo e leng botshelo le lesedi la lefatshe, Morekolodi wa gago, Morena wa gago le Modimo wa gago. Amene.