Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 99


Tsetlana 99

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith go John Murdock, Phatwe 29, 1832, kwa Hiram, Ohio. Go feta ngwaga, John Murdock o ne a ntse a rera efangele fa bana ba gagwe—ba sena mmaabo morago ga go tlhokafala ga mosadi wa gagwe, Julia Clapp, ka Moranang 1831—ba nna le malwapa a mangwe mo Ohio.

1–8, John Murdock o biditswe go bolela efangele, mme bao ba ba mo amogelang ba amogela Morena e bile ba tlaa amogela kutlwelobotlhoko.

1 Bonang, go bua jaana Morena go motlhanka wa me John Murdock—o bileditswe go tsena mo mafatsheng a a kwa botlhaba go tswa ntlo go ya ntlong e nngwe, go tswa motse go ya motseng o mongwe, le go tswa toropo go ya toropong e nngwe, go bolela efangele ya me e e sa khutleng mo banning ba tsone, mo gare ga pogiso le boikepo.

2 Mme yo o go amogelang o a nkamogela; mme o tlaa nna le thata ya go bolela lefoko la me ka tshupegetso ya Mowa o o Boitshepo.

3 Mme yo o go amogelang jaaka ngwana yo monnye, o amogela bogosi jwa me; mme ba sego, gonne ba tlaa amogela kutlwelobotlhoko.

4 Mme yo o go ganang o tlaa ganwa ke Rara le ba ntlo ya gagwe; mme o tlaa tlhapa dinao tsa gago mo mafelong a sephiri jaaka bopaki kgatlhanong le bone.

5 Mme bonang, mme lebang, Ke tla ka pela go atlhola, go lemotsha botlhe ditiro tsa bone tsa boikepo tse ba di dirileng kgatlhanong le nna, jaaka go kwadilwe ka ga me mo selekanyong sa buka.

6 Mme jaanong, ammaaruri Ke a go raya, gore ga go a tshwanela gore o tshwanetse go tsamaya go fitlhelela bana ba gago ba tlamelwa, mme ba romelwa ka bopelonomi kwa go bishopo kwa Sione.

7 Mme morago ga dingwaga di sekae, fa o eletsa mo go nna, o ka tlhatlogela le gone kwa lefatsheng le le molemo, go rua boswa jwa gago;

8 Fa go sa nna jalo o tswelele ka go bolela efangele ya me go fitlha o tsewa. Amene.