Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 39


Tsetlana 39

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith go James Covel, kwa Fayette, New York, Ferikgong 5, 1831. James Covel, yoo e ntseng e le modiredi wa Methodist sebaka sa dingwaga di ka nna masome a mane, a golagana le Morena gore o tlaa obamela taelo nngwe le nngwe eo Morena a tlaa e mo senolelang ka Moperofeti Joseph Smith.

1–4, Baitshepi ba na le thata go nna barwa Modimo; 5–6, Go amogela efangele ke go amogela Keresete; 7–14, James Covel o laetswe gore a kolobediwe mme a dire mo tshimong ya mofine ya Morena; 15–21, Batlhanka ba Morena ba tshwanetse go rera efangele pele ga Go Tla ga Bobedi; 22–24, Bao ba ba amogelang efangele ba tlaa phuthiwa ka nako le ka bosakhutleng.

1 Tlhwayang tsebe mme lo reetse lentswe la yoo tswang bosakhutleng jotlhe go ya bosakhutleng jotlhe, Ke Ntse yo Mogolo, e bong Jeso Keresete—

2 Lesedi le botshelo jwa lefatshe; lesedi le le phatshimang mo lefifing mme lefifi la se ka la amogalana nalo;

3 Ene yo o ke tsileng mo bogareng jwa nako kwa go bagaetsho, mme bagaetsho ba seka ba ntshola;

4 Mme botlhe ba ba ntshotseng, Ke ba neetse thata go nna barwaake; mme fela jalo Ke tlaa neela botlhe ba ba ntsholang, thata go nna barwaake.

5 Mme ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, ene yo o amogelang efangele ya me o a nkamogela; mme yo o sa amogeleng efangele ya me ga a nkamogele.

6 Mme se ke efangele ya me—boikotlhao le kolobetso ka metsi, mme ke gone go tle kolobetso ya molelo le ya Mowa o o Boitshepo, e bong Mogomotsi, yo o senolang dilo tsotlhe, le go ruta dilo tsa kagiso tsa bogosi.

7 Mme jaanong, bona, Ke a go raya, motlhanka wa me James, Ke bone ditiro tsa gago mme Ke a go itse.

8 Mme ammaaruri Ke a go raya, pelo ya gago e siame fa pele ga me ka nako e; mme, bona, Ke beile ditshegofatso tse di kgolo mo tlhogong ya gago;

9 Le fa go ntse jalo, o itemogetse bohutsana jo bogolo, gonne o nkganne gantsi ka ntlha ya boikgogomoso le matshwenyego a lefatshe.

10 Mme, bona, malatsi a kgololo ya gago a fitlhile, fa o ka reetsa lentswe la me, le le go rayang le re: Nanoga mme o kolobediwe, o bo o itlhapise dibe tsa gago, ka go bitsa leina la me, mme o tlaa amogela Mowa wa me, le tshegofatso e kgolo thata e o iseng o ke o itse.

11 Mme fa o dira se, Ke go baakanyeditse tiro e kgolo. O tlaa rera botlalo jwa efangele ya me, e ke e rometseng mo malatsing ano a bofelo, kgolagano e Ke e rometseng go busa batho ba me, ba e leng ba ntlo ya Iseraele.

12 Mme go tlaa diragala gore thata e nne mo go wena, o tlaa nna le tumelo e kgolo, mme Ke tlaa nna le wena le go tsamaya fa pele ga sefatlhogo sa gago.

13 O bileditswe go dira mo tshimong ya me ya mofine, le go aga kereke ya me, le go tlhomamisa Sione, gore e ka ipela mo dithabeng mme ya tlhogonolofala.

14 Bona, ammaaruri, ammaaruri, Ke a go raya, ga o a bilediwa go ya kwa mafatsheng a a kwa botlhaba, mme o bileditswe go ya kwa Ohio.

15 Mme e re ka batho ba me ba tlaa iphuthela kwa Ohio, Ke beile mo mabolokelong tshegofatso e e ntseng jaaka e e iseng e itsegeng mo gare ga bana ba batho, mme e tlaa goromeletswa mo ditlhogong tsa bone. Mme go tsweng koo banna ba tlaa tswela pele go ya kwa ditšhabeng tsotlhe.

16 Bonang, ammaaruri, ammaaruri, Ke a lo raya, gore batho ba ba mo Ohio ba mpitsa ka tumelo e kgolo, ba akanya gore Ke tlaa thiba letsogo la me mo katlholong mo ditšhabeng, mme ga ke kake ka itatola lefoko la me.

17 Ke gone simololang go dira ka maatla a lona mme lo bitse badiri ba ba boikanyego go tla mo tshimong ya me ya mofine, gore e ka pomiwa dikala lwa bofelo.

18 Mme e re ka ba ikwatlhaya mme ba amogela botlalo jwa efangele ya me, mme ba itshephisiwa, ke tlaa thiba letsogo la me mo katlholong.

19 Ke gone, tswela pele, o bolela ka lentswe le le kwa godimo, o re: Bogosi jwa legodimo bo atametse; o gowa: Hosana! a go bakwe leina la Modimo Mogodimodimo.

20 Tswela pele o kolobetsa ka metsi, o baakanya tsela fa pele ga sefatlhogo sa me ka nako ya go tla ga me;

21 Gonne nako e atametse; letsatsi kgotsa oura ga go motho ope yo o itseng; mme ruri e tlaa tla.

22 Mme yo o amogelang dilo tse o a nkamogela, mme ba tlaa phutelwa kwa go nna ka nako le ka bosakhutleng.

23 Mme gape, go tlaa diragala gore mo go botlhe ba o tlaa ba kolobetsang ka metsi, o tlaa ba baya diatla, mme ba tlaa amogela neo ya Mowa o o Boitshepo, mme ba tlaa lebelela ditshupo tsa go tla ga me, mme ba tlaa nkitse.

24 Bonang, Ke tla ka bonako. Fela jalo. Amene.