Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 42


Tsetlana 42

Tshenolo e e neetsweng ka dikarolo tse pedi ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Tlhakole 9 le 23, 1831. Karolo ya ntlha e e akaretsa temana 1 go ya go 72, E ne ya amogelwa fa pele ga bagolwane ba ba lesome le bobedi mme mo go diragatseng tsholofetso ya Morena e e dirilweng pele gore “molao” o tlaa neelwa mo Ohio (bona tsetlana 38:32). Karolo ya bobedi e akaretsa ditemana 73 go ya go 93. Moperofeti o tlhalosa tshenolo e jaaka “e e akaretsa molao wa Kereke.”

1–10, Bagolwane ba bileditswe go rera efangele, go kolobetsa basokologi, le go aga Kereke; 11–12, Ba tshwanetse go bidiwa le go tlhomiwa mme ba tshwanetse go ruta melawana ya efangele e e fitlhelwa mo dikwalong tse di boitshepo; 13–17, Ba tshwanetse go ruta le go perofesa ka thata ya Mowa; 18–29, Baitshepi ba laelwa gore ba seka ba bolaya, ba utswa, ba bua maaka, ba dira bofefe, ba dira boaka, kgotsa go bua bosula ka ga ba bangwe; 30–39, Melao e e laolang tshwaelo ya dithoto e bewa pele; 40–42, Boikgogomoso le botshwakga di a kgalwa; 43–52, Balwetse ba tshwanetse go fodisiwa ka ditsamaiso le ka tumelo; 53–60, Dikwalo tse di Boitshepo di laola Kereke mme di tshwanetse go bolelelwa lefatshe; 61–69, Setsha sa Jerusalema yo Mosha le masaitsiweng a bogosi di tlaa senolwa; 70–73, Dithoto tse di tshwaetsweng di tshwanetse go dirisiwa go thusa diofisara tsa Kereke; 74–93, Melao e e laolang kgokafalo, boaka, go bolaya, go utswa, le go ipolela dibe e bewa pele.

1 Tlhwayang tsebe, Ao! lona bagolwane ba kereke ya me, bao lo phuthegileng mo leineng la me, e bong Jeso Keresete Morwa Modimo o o tshedileng, Mmoloki wa lefatshe; e re ka le dumela mo leineng la me mme lo tshegetsa ditaelo tsa me.

2 Gape Ke a lo raya, reetsang lo utlwe lo bo lo obamele molao o Ke tlaa lo o neelang.

3 Gonne ammaaruri Ka re, jaaka lo phuthegile go ya ka taelo e Ke lo laotseng ka yone, mme lo dumalane go ama selo se le sengwe fela se, e bile lo kopile Rara mo leineng la me, fela jalo lo tlaa amogela.

4 Bonang, ammaaruri Ke a lo raya, Ke lo neela taelo e ya ntlha, gore lo tlaa tswela pele mo leineng la me, mongwe le mongwe wa lona, fa e se batlhanka ba me Joseph Smith, Jun., le Sidney Rigdon.

5 Mme Ke ba neela taelo gore ba tlaa tswela pele ka lobakanyana, mme go tlaa neelwa ka thata ya Mowa ka nako e ba tlaa bowang ka yone.

6 Mme lo tlaa tswela pele ka thata ya Mowa, lo rera efangele ya me, bobedi ka bobedi, mo leineng la me, lo tsholetsa mantswe a lona lo gelebetega jaaka porompeta, lo bolela lefoko la me go tshwana le baengele ba Modimo.

7 Mme lo tlaa tswela pele lo kolobetsa ka metsi, lo re: Ikwatlhayeng, ikwatlhayeng, gonne bogosi jwa legodimo bo atametse.

8 Mme go tswa mo lefelong le lo tlaa tswela pele go ya kwa dikgaolong tse di kwa ntlheng ya bophirimatsatsi; mme e re ka lo tlaa fitlhela bone bao ba ba tlaa lo amogelang lo tlaa aga kereke ya me mo kgaolong nngwe le nngwe—

9 Go fitlhelela nako e tla e lo tlaa e senolelwang go tswa kwa godimo, fa toropo ya Jerusalema o Mosha e tlaa tlhomamisiwa, gore lo ka phuthegela golo go le gongwefela, gore lo ka nna batho ba me le nna Ke tlaa nna Modimo wa lona.

10 Mme gape, Ke a lo raya, gore motlhanka wa me Edward Partridge o tlaa ema mo ofising e Ke mo tlhomileng mo go yone. Mme go tlaa diragala, gore fa a tlola taolo yo mongwe o tlaa tlhomiwa mo boemong jwa gagwe. Fela jalo. Amene.

11 Gape Ke a lo raya, gore ga go kitla go neelwa ope go tswela pele go rera efangele ya me, kgotsa go aga kereke ya me, fa e se fela a tlhomilwe ke mongwe yo o nang le taolo, mme go itsiwe mo kerekeng gore o na le taolo e bile o tlhomilwe ka gale ke ditlhogo tsa kereke.

12 Mme gape, bagolwane, baperesiti, le baruti ba kereke e ba tlaa ruta melawana ya efangele ya me, e e mo Baebeleng le Buka ya ga Momone, e mo go yone go nang le botlalo jwa efangele.

13 Mme ba tlaa tlhokomela dikgolagano le melawana ya kereke go di dira, mme e e tlaa nna dithuto tsa bone, jaaka ba tlaa kaelwa ke Mowa.

14 Mme lo tlaa neelwa Mowa ka thapelo ya tumelo; mme fa lo sa amogele Mowa ga lo ka ke lwa ruta.

15 Mme tsotlhe tse lo tlaa tlhokomela go di dira jaaka Ke laetse mabapi le go ruta ga lona, go fitlhelela botlalo jwa dikwalo tse di boitshepo tsa me bo neelwa.

16 Mme fela jaaka lo tlaa tsholetsa mantswe a lona ka Mogomotsi, lo tlaa bua le go porofesa ka fa ke bonang go le molemo ka gone;

17 Gonne, bonang, Mogomotsi o itse dilo tsotlhe, mme o supa tshupo ka Rara le ka Morwa.

18 Mme jaanong, bonang, Ke bua le kereke. O se ka wa bolaya; mme yo o bolayang ga a kitla a nna le boitshwarelo mo lefatsheng le, le fa e le mo lefatsheng le le tlang.

19 Mme gape, Ka re, o se ka wa bolaya; mme yo o bolayang o tlaa swa.

20 O se ka wa utswa; mme yo o utswang a bo a sa ikwatlhaye o tlaa kgaolwa.

21 O se ka wa bua maaka; yo o buang maaka a bo a sa ikwatlhaye o tlaa kgaolwa.

22 O rate mosadi wa gago ka pelo yotlhe ya gago, mme o mo ngaparele e seng ope o sele.

23 Mme ene yo o lebang mosadi fela ka go mo eletsa o tlaa latola tumelo, mme ga a kitla a nna le Mowa; mme fa a sa ikwatlhaye o tlaa kgaolwa.

24 O se ka wa dira boaka; mme yo o dirang boaka, mme a bo a sa ikwatlhaye, o tlaa kgaolwa.

25 Mme yo o dirileng boaka a bo a ikwatlhaya ka pelo ya gagwe yotlhe, mme a bo tlogela, e bile a sa tlhole a bo dira, o mo itshwarele;

26 Mme fa a bo dira gape, ga a kitla a itshwarelwa, mme o tlaa kgaolwa.

27 O se ka wa bua bosula ka moagisanyi wa gago, le fa e le go mo utlwisa botlhoko.

28 O itse melao ya me mabapi le dilo tse di neetsweng mo dikwalong tsa me tse di boitshepo; yo o leofang mme a sa ikwatlhaye o tlaa kgaolwa.

29 Fa o nthata o tlaa ntirela mme o bo o tshegetsa ditaelo tsa me tsotlhe.

30 Mme bona, o tlaa gakologelwa bahumanegi, mme o tshwaele dithoto tsa gago go ba thusa tseo tse o nang le tsone go ba di abela, ka kgolagano le mokwalo wa molao o o sa kakeng wa robiwa.

31 Mme e re ka lo abela bahumanegi dilwana tsa lona, lo tlaa go ntirela; mme di tlaa bewa fa pele ga bishopo wa kereke ya me le bagakolodi ba gagwe, bagolwane ba le babedi, kgotsa baperesiti ba bagolo, ba a tlaa ba tlhomang kgotsa a ba tlhomile mme a ba lomolotse ka boikaelelo jo.

32 Mme go tlaa diragala, gore morago ga di sena go bewa fa pele ga ga bishopo wa kereke ya me, mme morago ga gore o amogetse bopaki jo mabapi le tshwaelo ya dithoto tsa kereke ya me, gore ga di kake tsa tsewa mo kerekeng, go dumalana le ditaelo tsa me, motho mongwe le mongwe o tlaa dirwa gore a nne le boikarabelo mo go nna, molebedi wa dithoto tsa gagwe, kgotsa tseo tse a di amogetseng ka tshwaelo, tsotlhe tse di mo lekaneng le ba lolwapa.

33 Mme gape, fa go na le dithoto mo diatleng tsa kereke, kgotsa motho mongwe fela wa yone, tse di fetang tse di tlhokegang go ba tlamela morago ga tshwaelo e ya ntlha, tse e leng masalela a a tshwanetseng go tshwaelwa kwa go bishopo, a tlaa bewa go direla ba ba senang sepe, nako le nako, gore motho mongwe le mongwe yo o nang le letlhoko o ka neelwa mo go lekanetseng le go amogela go ya ka letlhoko la gagwe.

34 Ke gone, masalela a tlaa bewa mo ntlong ya me ya polokelo, go neelwa bahumanegi le batlhoki, jaaka go tlaa tlhomiwa ke lekgotla le legolo la kereke, le bishopo le lekgotla la gagwe;

35 Mme ka boikaelelo jwa go reka mafatshe go thusa batho botlhe ba kereke, le go aga matlo a kobamelo, le go aga Jerusalema o Mosha o o tlaa senolwang morago ga fa—

36 Gore batho ba me ba kgolagano ba ka phuthelwa golo go le gongwefela mo letsatsing leo ka lone Ke tlaa tlang mo tempeleng ya me. Mme se Ke se direla poloko ya batho ba me.

37 Mme go tlaa diragala, gore yo o leofang mme a sa ikwatlhae o tlaa kgaolwa mo kerekeng, mme ga a kitla a amogela gape seo se a se tshwaetseng bahumanegi le batlhoki ba kereke ya me, kgotsa ka mafoko a mangwe, mo go nna—

38 E re ka le go direla ba ba botlana ba, lo go direla nna.

39 Gonne go tlaa diragala, gore seo se ke se buileng ka melomo ya baperofeti ba me se tlaa diragala; gonne Ke tlaa tshwaela mangwe a mahumo a bao ba ba amogelang efangele ya me mo gare ga Baditšhaba go thusa bahumanegi ba batho ba me ba e leng ba ntlo ya Iseraele.

40 Mme gape, ga lo kitla lo ikgodisa mo dipelong tsa lona, a diaparo tsa lona tsotlhe di se nne le mekgabisa, mme bontle jwa tsone e nne bontle jwa tiro ya diatla tsa lona;

41 Mme a dilo tsotlhe di dirwe ka boitsheko fa pele ga me.

42 O seka wa nna setshwakga; gonne yo o setshwakga ga a kitla a ja dijo le fa e le go apara diaparo tsa modiri.

43 Mme le fa e le mang mo gare ga lona yo o lwalang, mme a sena tumelo ya go fodisiwa, mme a dumela, o tlaa otliwa ka tlekeetso yotlhe, ka ditlhatshana le dijo tse di silegang motlhofo, mme seo e seng ka seatla sa mmaba.

44 Mme bagolwane ba kereke, ba le babedi kgotsa go feta, ba tlaa bidiwa, mme ba tlaa mo rapelela mme ba ba baya diatla mo leineng la me; mme fa ba ka swa ba tlaa swela nna, mme fa ba tshela ba tlaa tshelela nna.

45 Mme lo nneng mmogo ka lerato, mo e leng gore lo tlaa lelele go latlhegelwa ke bone bao ba ba swang, mme segolobogolo bao ba ba senang tsholofelo ya tsogo e e galalelang.

46 Mme go tlaa diragala gore bao ba ba swelang nna ga ba kitla ba utlwa loso gope, gonne lo tlaa nna monate mo go bone;

47 Mme bone ba ba sa sweleng nna, bohutsana mo go bone, gonne loso lwa bone le botlhoko.

48 Mme gape, go tlaa diragala gore ene yo o nang le tumelo mo go nna go fodisiwa, mme a sa laolelwa loso, o tlaa fodisiwa.

49 Yo o nang le tumelo go bona o tlaa bona.

50 Yo o nang le tumelo go utlwa o tlaa utlwa.

51 Motlhotsi yo o nang le tumelo go tlhotsa o tlaa tlhotsa.

52 Mme bone ba ba se nang tumelo go dira dilo tse, mme ba dumela mo go nna, ba na le thata go nna bana ba me; mme e re ka ba sa robe melao ya me o tlaa itshokela makowa a bone.

53 O tlhomame mo lefelong la tebalebelo ya gago.

54 O seka wa tsaya seaparo sa mokaulengwe wa gago; o tlaa duela seo se o tlaa se amogelang mo mokaulengweng wa gago.

55 Mme fa o amogela go feta seo se se tlaa nnang sa go go tlamela, o tlaa se isa kwa ntlong ya me ya polokelo, gore dilo tsotlhe di ka dirwa go ya ka seo se ke se buileng.

56 O tlaa kopa, mme dikwalo tse di boitshepo di tlaa neelwa jaaka Ke laotse, mme di tlaa dibelwa ka pabalesego;

57 Mme go a tshwanela gore o tshwanetse go didimala mabapi le tsone, mme o seka wa di ruta go fitlha o di amogela ka botlalo.

58 Mme Ke go neela taelo gore ka lobaka loo lo tlaa di ruta batho botlhe, gonne di tlaa rutiwa mo ditšhabeng tsotlhe, masika, diteme le batho.

59 O tlaa tsaya dilo tse o di amogetseng, tse o di neetsweng mo dikwalong tse di boitshepo e le molao, go nna molao wa me go laola kereke ya me;

60 Mme yo o dirang go ya ka dilo tse o tlaa bolokwa, mme yo o sa di direng o tlaa hutsiwa fa a tswelela jalo.

61 Fa o kopa, o tlaa amogela tshenolo mo tshenolong, kitso mo kitsong, gore o tle o itse masaitsiweng le dilo tsa kagiso—tse di tlisang boitumelo, tse di tlisang botshelo jo bo sa khutleng.

62 O tlaa kopa, mme o tlaa senolelwa mo nakong ya me ya tshwanetseng kwa Jerusalema o Mosha a tlaa agiwang teng.

63 Mme bonang, go tlaa diragala gore batlhanka ba me ba romelwe kwa botlhaba le kwa bophirima, kwa bokone le kwa borwa.

64 Mme le e leng jaanong, a ene yo o yang kwa botlhaba a rute bone bao ba ba tlaa sokologang go tshabela kwa bophirima, mme se ka ditlamorago tsa seo se se tlang mo lefatsheng, mme ka ntlha ya makunutu a sephiri.

65 Bonang, lo tlhokomele dilo tse tsotlhe, mme tuelo ya lona e tlaa nna kgolo; gonne lo neetswe go itse masaitsiweng a bogosi, mme mo lefatsheng ga go a neelwa go di itse.

66 Lo tlhokomele melao e lo e amogetseng mme nnang boikanyego.

67 Mme morago ga fa lo tlaa amogela dikgolagano tsa kereke, tsotlhe tse di lekaneng go lo tlhomamisa, fano le kwa Jerusalema o Mosha.

68 Ke gone ka moo, yo o tlhokang botlhale, a a nkope, mme ke tlaa mo neela ka botlalo mme ke sa mo kgobe.

69 Thamang mo dipelong tsa lona lo itumele, gonne mo go lona bogosi, kgotsa ka mafoko a mangwe, dilotlele tsa kereke di neetswe. Fela jalo. Amene.

70 Baperesiti le baruti ba tlaa nna le ditebalebelo, fela jaaka maloko.

71 Mme bagolwane kgotsa baperesiti ba bagolo ba ba tlhomilweng go thusa bishopo jaaka bagakolodi mo dilong tsotlhe, ba tshwanetse gore malwapa a bone a tlamelwe go tswa mo dithotong tse di tshwaetsweng kwa go bishopo, ka ga molemo wa bahumanegi, le ka maikaelelo a mangwe, jaaka go umakilwe go le pele.

72 Kgotsa ba tshwanetse go amogela tuelo e e lekalekanang ya ditirelo tsa bone tsotlhe, le fa e le tebatebelo kgotsa fa go sa nna jalo, jaaka go akantswe go le molemo kgotsa go tserwe tshwetso ke bagakolodi le bishopo.

73 Mme bishopo, le ene, o tlaa amogela thuso ya gagwe, kgotsa tuelo e e siameng ya ditirelo tsa gagwe tsotlhe mo kerekeng.

74 Bonang, ammaaruri Ke a lo raya, gore le fa e le mang mo gare ga lona, ba ba tlogetseng balekane ba bone ka ntlha ya kgokafalo, kgotsa ka mafoko a mangwe, fa ba ka supa fa pele ga lona ka boingotlo jotlhe jwa pelo gore go ntse jalo, lo seka lwa ba leleka mo gare ga lona;

75 Mme fa lo ka lemoga gore batho bangwe ba tlogetse balekane ba bone ka ntlha ya boaka, e bile bone ka bo bone e le bakgopisi, mme balekane ba bone ba tshela, ba tlaa lelekwa mo gare ga lona.

76 Mme gape, Ke a lo raya, gore lo nne lo disitse mme lo le kelotlhoko, ka tlhotlhomiso yotlhe, gore lo se amogele bape ba ba ntseng jalo mo gare ga lona fa ba nyetse;

77 Mme fa ba sa nyala, a ba ikwatlhaele dibe tsotlhe tsa bone kgotsa ga lo kitla lo ba amogela.

78 Mme gape, motho mongwe le mongwe yoo e leng wa kereke e ya ga Keresete, a tlhokomele go tshegetsa ditaelo tsotlhe le dikgolagano tsa kereke.

79 Mme go tlaa diragala, gore fa batho bangwe mo gare ga lona ba ka bolaya a ba neelwe mme ba direlwe ka fa melaong ya lefatshe; gonne gakologelwang gore ene yo o senang boitshwarelo; mme go tlaa tlhomamisiwa go ya ka melao ya lefatshe.

80 Mme fa monna kgotsa mosadi ope a ka dira boaka, ene o tlaa sekisiwa fa pele ga bagolwane ba babedi ba kereke, kgotsa go feta, mme lefoko lengwe le lengwe le tlaa tlhomamisiwa kgatlhanong le ene ka basupi ba le babedi ba kereke mme e seng ba baba; mme fa go na le basupi ba ba fetang bobedi go botoka.

81 Mme ene o tlaa sekisiwa ka molomo wa basupi ba babedi; mme bagolwane ba tlaa baya kgang fa pele ga kereke, mme kereke e tlaa tsholetsa diatla kgatlhanong le ene, gore ba tle ba direlwe ka fa molaong wa Modimo.

82 Mme fa go sa retele, go a tlhokega gore bishopo le ene a nne teng.

83 Mme jaana lo tlaa dira mo dikgannyeng tsotlhe tse di tlaa tlang fa pele ga lona.

84 Mme fa monna kgotsa mosadi a thukutha, o tlaa neelwa mo molaong wa lefatshe.

85 Mme fa a utswa, o tlaa neelwa mo molaong wa lefatshe.

86 Mme fa a bua maaka, o tlaa neelwa mo molaong wa lefatshe.

87 Mme fa ene a dira mokgwa ope wa tshiamololo, o tlaa neelwa mo molaong, e bong wa Modimo.

88 Mme fa morwarraago kgotsa kgaitsadio a go kgopisa, o mo tseye lo le babedi fela; mme fa ene a ipolela lo agisanye.

89 Mme fa a sa ipolele o tlaa mo neela kwa kerekeng, e seng kwa malokong, mme kwa bagolwaneng. Mme go tlaa dirwa mo bokopanong, mme seo e seng fa pele ga lefatshe.

90 Mme fa mokaulengwe wa gago kgotsa kgaitsadio a kgopisa ba le bantsi, o tlaa kgalemelwa fa pele ga bontsi.

91 Mme fa mongwe a kgopisa mo pepeneneng, o tlaa kgalemelwa mo pepeneneng, gore ene a tlhabiwe ke ditlhong. Mme fa a sa ipolele, ene o tlaa rolelwa kwa molaong wa Modimo.

92 Fa mongwe a kgopisa mo sephiring, ene o tlaa kgalemelelwa mo sephiring, gore ene a nne le sebaka sa go ipolela mo sephiring mo go ene yo o mo kgopisitseng, le mo Modimong, gore kereke e seka ya bua ka kgobololo ka ene.

93 Mme jaana lo tlaa tsamaisa dilo tsotlhe.