Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 129


Tsetlana 129

Dikaelo tse di neetsweng ke Moperofeti Joseph Smith, kwa Nauvoo, Illinois, Tlhakole 9, 1843, tse di itsiseng dilotlele tse tharo tse dikgolo tse ka tsone mokgwa wa boammaaruri wa baengele ba ba direlang le mewa e e direlang e ka lemogiwang.

1–3, Go na gotlhe le mebele e e tsositsweng le mewa e e tsositsweng kwa legodimong; 4–9, Dilotlele di a neelwa tse ka tsone barongwa go tswa ka kwa ga sesiro ba ka lemogiwang.

1 Go na le mefuta e le mebedi ya batho kwa legodimong, e bong: Baengele, ba e leng bathoba ba tsogileng mo baswing, ba ba nang le mebele ya nama le marapo—

2 Sekai, Jeso o ne a re: Nkapaapang lo bone, gonne Mowa ga o na nama le marapo, jaaka lo mpona ke na le tsone.

3 Sa bobedi: mewa ya basiami e dirwa boitekanelo, bone ba ba sa tsosiwang, le fa go ntse jalo ba rua kgalalelo e e tshwanang.

4 Fa morongwa a tla a re o na le molaetsa go tswa kwa Modimong, mo neele seatla sa gago mme o mo kope gore a go tshware ka seatla.

5 Fa e le moengele o tlaa dira jalo, mme o tlaa utlwa letsogo la gagwe.

6 Fa e le Mowa wa mosiami yo o dirilweng boitekanelo o tlaa tla ka kgalalelo ya gagwe; gonne seo ke yone tsela fela e a ka bonalang ka yone—

7 O mo kope gore a go tshware ka seatla, mme ga a kitla a suta, ka ntlha ya gore go kgatlhanong le thulaganyo ya legodimo gore mosiami a tsietse; mme o tlaa rola molaetsa wa gagwe.

8 Fa e le diabole jaaka moengele wa lesedi, fa o mo kopa gore a go tshware ka seatla o tlaa go neela seatla, mme ga o kitla o utlwa sepe; ke gone ka moo o ka mo lemoga.

9 Tse ke dilotlele tse tharo tse dikgolo tse ka tsone lo ka itseng fa tirelo epe e tswa kwa Modimong.