Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 48


Tsetlana 48

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Mopitlo 10, 1831. Moperofeti o ne a boditse Morena ka mokgwa wa tsamaiso mabapi le go amogela mafatshe a bonno jwa Baitshepi. Se e ne e le selo sa botlhokwa ka ntlha ya phudugo ya maloko a Kereke go tswa botlhabatsatsi jwa United States, go obamela taelo ya Morena gore ba phuthegele kwa Ohio (bona ditsetlana 37:1–3; 45:64).

1–3, Baitshepi mo Ohio ba tshwanetse go kopanela mafatshe a bone le bakaulengwe ba bone; 4–6, Baitshepi ba tshwanetse go reka mafatshe, go aga toropo, le go sala morago kgakololo ya diofisara tsa baeteledipele.

1 Go a tlhokega gore lo tshwanetse go nna ka nako eno mo mafelong a lona a bonno, jaaka go tlaa bo go tshwanetse mabapi le diemo tsa lona.

2 Mme e re ka lo na le mafatshe, lo tlaa abela bakaulengwe ba ba kwa botlhaba;

3 Mme e re ka lo sena mafatshe, a ba reke ka nako eno mo dikgaolong tseo tse di mo tikologong, jaaka ba bona go le molemo mo go bone, gonne go botlhokwa thata gore ba nne le mafelo a bonno mo nakong eno.

4 Go botlhokwa thata gore lo boloke madi otlhe a le ka a kgonang, le gore lo amogela otlhe a le ka a kgonang ka tshiamo, gore morago ga lobakanyana lo ka neelwa nonofo go reka lefatshe la boswa, e bong toropo.

5 Lefelo ga le tle go senolwa jaanong; mme morago ga bakaulengwe ba lona ba sena go bowa go tswa botlhaba go tshwanetse go nna le banna bangwe ba ba tlhomiwang, mme mo go bone go tlaa neelwa go itse lefelo leo, kgotsa mo go bone go tlaa senolwa.

6 Mme ba tlaa tlhomelwa go reka mafatshe, le go dira tshimologo ya go thaya motheo wa toropo; mme ka lobaka loo lo tlaa simolola go phuthega le malwapa a lona, motho mongwe le mongwe go ya ka lolwapa la gagwe, go ya ka diemo tsa gagwe, le jaaka go laotswe mo go ene ke boporesidente le bishopo wa kereke, go ya ka melao le ditaelo tse lo di amogetseng, le tse lo tlaa di amogelang morago ga fa. Fela jalo. Amene.