Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 24


Tsetlana 24

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith le Oliver Cowdery, kwa Harmony, Pennsylvania, Phukwi 1830. Le fa gone go fetile dikgwedi tse di kwa tlase ga bone morago ga go rulaganngwa ga Kereke, pogiso e ne e setse e feteletse, mme baeteledipele ba tshwanelwa ke go batla itshireletso ka go ikgapha ka dinako dingwe mo matlhong a setshaba. Ditshenolo tse tharo tse di latelang di ne di neetswe mo nakong e go nonotsha, go rotloetsa, le go ba ruta.

1–9, Joseph Smith o bilediwa go ranola, go rera, le go atolosa dikwalo tse di boitshepo; 10–12, Oliver Cowdery o bilediwa go rera efangele; 13–19, Molao o a senolwa mabapi le dikgakgamatso, diphutso, go tlhotlhora lerole mo dinaong tsa motho, le go tsamaya o sa tshola kgetsana kgotsa kuana.

1 Bona, o biditswe le go itshenkelwa go kwala Buka ya ga Momone, le mo tirelong ya me; mme ke go ntshitse mo dipogisegong tsa gago, mme ke go gakolotse, gore o golotswe mo babeng botlhe ba gago, mme o golotswe go tswa mo dithateng tsa ga Satane le go tswa mo lefifing!

2 Le fa go ntse jalo, ga o na seipato mo ditlolong tsa gago; le fa gontse jalo, itsamaele mme o seka wa tlhola o leofa.

3 Godisa ofisi ya gago; mme morago ga o sena go jwala ditshimo tsa gago le go di sireletsa, tsamaya ka pela kwa kerekeng e e kwa Colesville, Fayette, le Manchester, mme ba tlaa go tlamela; mme ke tlaa ba segofatsa gotlhe semowa le ka lobaka lono fela;

4 Mme fa ba sa go tshole, ke tlaa ba romelela phutso boemong jwa tshegofatso.

5 Mme o tlaa tswelela mo go bitseng Modimo mo leineng la me, le go kwala dilo tse o tlaa di neelwang ke Mogomotsi, le go atolosa dikwalo tse di boitshepo tsotlhe mo kerekeng.

6 Mme o tlaa neelwa mo sebakeng seo tota se o tlaa se buang le go se kwala, mme ba tlaa se utlwa, kgotsa ke tlaa ba romelela phutso boemong jwa tshegofatso.

7 Gonne o tlaa naya tirelo ya gago yotlhe mo Sione; mme mo go se o tlaa nna le nonofo.

8 Nna pelotelele mo dipogisegong, gonne o tlaa nna le tse dintsi; mme o di itshokele, gonne, bona, Ke na le wena, le e leng go ya bokhutlong jwa malatsi a gago.

9 Mme mo ditirong tsa gago tsa lobaka lono fela ga o kitla o nna le nonofo, gonne se ga se pitso ya gago. Tlhokomela pitso ya gago mme o tlaa nna le gone mo o ka godisang ofisi ya gago ka gone, le go atolosa dikwalo tse di boitshepo tsotlhe, le go tswelela mo go beyeng diatla le go tlhomamisa dikereke.

10 Mme mokaulengwe wa gago Oliver o tlaa tswelela mo go supeng leina la me fa pele ga lefatshe, mme le gone mo kerekeng. Mme a seka a gopola gore o ka bua mo go lekanyeng mo ntlheng ya me; mme bona, ke na le ene go ya bokhutlong.

11 Mo go nna o tlaa nna le kgalalelo, mme e se ka bo ene, le fa e le mo bokoweng kgotsa mo nonofong, le fa e le mo botshwarong kgotsa mo kgololesegong;

12 Mme ka dinako tsotlhe, le mo mafelong otlhe, o tlaa bula molomo le go bolela efangele ya me jaaka e kete ka tumo ya porompeta, gotlhe motshegare le bosigo. Mme ke tlaa mo neela nonofo jaaka e e iseng e itsiwe mo gare ga batho.

13 Se batle dikgakgamatso, fa e se ke go laela, fa e se o kgoromeletsa ntle bodiabole, go fodisa balwetse, le kgatlhanong le dinoga tse di botlhole, le kgatlhanong le botlhole jo bo bolayang;

14 Mme dilo tse o seka wa di dira, fa e se di batliwa mo go wena ke bone ba ba di eletsang, gore dikwalo tse di boitshepo di diragale; gonne o tlaa dira go ya ka seo se se kwadilweng.

15 Mme mo lefelong lengwe le lengwe le o tlaa tsenang mo go lone, mme ba sa go amogele mo leineng la me, o tlaa tlogela phutso boemong jwa tshegofatso, ka go tlhotlhora lerole mo dinaong tsa gago kgatlhanong le bone jaaka bopaki, le go tlhapisa dinao tsa gago fa thoko ga tsela.

16 Mme go tlaa diragala gore le fa e le mang yo o tlaa go tsenyang seatla ka dikgoka, o tlaa laola gore a itewe mo leineng la me; mme, bona, ke tlaa mo itaya go ya ka mafoko a gago, mo nakong ya me e e tshwanetseng.

17 Mme le fa e le mang yo o tlaa go isang ko molaong o tlaa hutswa ke molao.

18 Mme o se tseye kgetsana kgotsa kuana, le fa e le diikokotlelo, le fa e le dibaki tse pedi, gonne kereke e tlaa go neela mo nakong eo tse o di tlhokang mabapi le dijo le diaparo, le ditlhako, le madi le kuana.

19 Gonne o biditswe go poma dikala tsa tshimo ya me ya mofine ka go pomiwa dikala mo go golo, ee, le e leng la bofelo; ee, mme le gone botlhe bao ba o ba tlhomileng, mme ba tlaa dira fela go ya ka sekao se. Amene.