Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 108


Tsetlana 108

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Sedimonthole 26, 1835. Tsetlana e e amogetswe ka kopo ya ga Lyman Sherman, yo o neng a tlhomilwe moperesiti yo mogolo go le pele e bile e le wa ba ba masome a supa mme a tlile go Moperofeti ka kopo ya tshenolo go mo itsise tiro ya gagwe.

1–3, Lyman Sherman o itshwaretswe dibe; 4–5, O tlaa balelwa le bagolwane ba baeteledipele ba Kereke; 6–8, O bileditswe go rera efangele le go nonotsha bakaulengwe ba gagwe.

1 Ammaaruri go bua jaana Morena go wena, motlhanka wa me Lyman: Dibe tsa gago o di itshwaretswe, gonne o utlwile lentswe la me mo go tleng kwano mosong ono go amogela kgakololo ya ene yo Ke mo tlhomileng.

2 Ke gone ka moo, a Mowa wa gago o itapolose mabapi le seemo sa gago sa semowa, mme se ganetse ka gope lentswe la me.

3 Mme simolola go dira mme o nne kelotlhoko thata go tswa fa mo go eletlhokong maikano a gago, a o a dirileng le a o a dirang, mme o tlaa segofadiwa ka ditshegofatso tse di gaisang bogolo.

4 Lebelela ka bopelotelele go fitlhelela phuthego e e masisi e bidiwa ke batlhanka ba me, ke gone o tlaa gakologelwa le ba ntlha ba bagolwane ba me, le go amogela tshwanelo ya go tlhomiwa le ba bangwe ba bagolwane ba me ba ke ba itshenketseng.

5 Bonang, se ke tsholofetso ya ga Rara mo go wena fa o tswelela ka boikanyego.

6 Mme go tlaa diragadiwa mo go wena mo letsatsing leo gore o tlaa nnang le tshwanelo go rera efangele ya me gongwe le gongwe kwa ke tlaa go romelang teng, go tloga mo nakong eo.

7 Ke gone ka moo, nonotsha bakaulengwe ba gago mo dipuisanyong tsotlhe tsa gago, mo dithapelong tsotlhe tsa gago, mo dikgothatsong tsa gago, le mo go tsotlhe tse o di dirang.

8 Mme lebang, mme bonang, Ke na le wena go go segofatsa le go go golola ka bo senang bokhutlo. Amene.