Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 18


Tsetlana 18

Tshenolo go Moperofeti Joseph Smith, Oliver Cowdery, le David Whitmer, e e neetsweng kwa Fayette, New York, Seetebosigo 1829. Go yeng ka Moperofeti, tshenolo e e itsisitse “pitso ya baaposetole ba ba lesome le bobedi mo malatsing a a bofelo, mme le gone ditao tse di amang go agiwa ga Kereke.”

1–5, Dikwalo tse di Boitshepo di supa ka fa go agiwang Kereke ka teng; 6–8, Lefatshe le golela mo boleong; 9–16, Botlhokwa jwa batho bo bogolo; 17–25, Go amogela poloko, batho ba tshwanetse go amogela leina la ga Keresete; 26–36, Pitso le thomo ya ba ba Lesome le bobedi di a senolwa; 37–39, Oliver Cowdery le David Whitmer ba tshwanetse go batla ba ba Lesome le Bobedi; 40–47, Go amogela poloko, batho ba tshwanetse go ikwatlhaya, ba kolobetswe, le go tshegetsa ditaelo.

1 Jaanong, bona, ka ntlha ya selo se, wena motlhanka wa me Oliver Cowdery, o eleditseng go se itse mo go nna, ke go neela mafoko a:

2 Bona, ke go bonatsheditse, ka Mowa wa me gantsi, gore dilo tse o di kwadileng di boammaaruri; ke gone o a itse gore di boammaaruri.

3 Mme fa o itse gore di boammaaruri, bona, ke go neela taelo, gore o ikaege ka dilo tse di kwadilweng;

4 Gonne mo go tsone dilo tsotlhe di kwadilwe mabapi le motheo wa kereke ya me, efangele ya me, le lefika la me.

5 Ke gone, fa o agela kereke ya me, mo motheong wa efangele ya me le lefika la me, dikgoro tsa molete ga di kitla di go fenya.

6 Bona, lefatshe le golela mo boikepong; mme go tlhokega gore bana ba batho ba tlhotlhelelediwe boikotlhao, gotlhe Baditšhaba le bone ba ntlo ya Iseraele.

7 Ke gone, jaaka o kolobeditswe ka diatla tsa motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., go ya ka seo se ke se mo laetseng, o diragaditse selo se ke se mo laetseng.

8 Mme jaanong, se gakgamalele gore ke mmileditse maikaelelo ame, maikaelelo a a itsiweng ke nna; ke gone, fa a nna tlhaga mo go tshegetseng ditaelo tsa me o tlaa segofalediwa botshelo jo bo sa khutleng; mme leina la gagwe ke Joseph.

9 Mme jaanong, Oliver Cowdery, ke bua le wena, mme le gone le David Whitmer, ka mokgwa wa taelo; gonne, bonang, ke laela batho botlhe gongwe le gongwe go ikwatlhaya, mme ke bua le lona, fela jaaka le moaposetole wa me Paulo, gonne lo biditswe le e leng ka pitso e e tshwanang le e a neng a biditswe ka yone.

10 Gakologelwang gore botlhokwa jwa mewa bo bogolo mo ponong ya Modimo;

11 Gonne, bonang, Morena Morekolodi wa lona o bogile loso mo nameng; ke gone o bogetse setlhabi sa batho botlhe, gore batho botlhe ba ikwatlhae mme ba tle kwa go ene.

12 Mme o tsogile gape mo baswing, gore a tlise batho botlhe kwa go ene, mo melawaneng ya boikotlhao.

13 Mme boitumelo jwa gagwe bo bogolo jang mo moweng o o ikwatlhayang!

14 Ke gone, lo bileditswe go bolela boikotlhao mo bathong ba.

15 Mme fa go ka nna jalo gore lo ka dira malatsi otlhe a lona mo go boleleng boikotlhao mo bathong ba, mme lwa tlisa, le fa e le mowa o le mongwe mo go nna, boitumelo jwa lona le one bo tlaa nna bogolo jang mo bogosing jwa ga Rara!

16 Mme jaanong, fa boitumelo jwa lona bo le bogolo ka mowa o le mongwe yo le o tlisitseng mo go nna mo bogosing jwa ga Rara, boitumelo jwa lona bo tlaa nna bogolo jang fa lo ka tlisa mewa e mentsi kwa go nna!

17 Bonang, lo na le efangele ya me fa pele ga lona, le lefika la me, le poloko ya me.

18 Lopang Rara mo leineng la me ka tumelo, lo dumela gore lo tlaa amogela, mme lo tlaa nna le Mowa o o Boitshepo, o o bonatshang dilo tsotlhe tse di tlhokegang mo baneng ba batho.

19 Mme fa lo sena tumelo, tsholofelo, le lorato, ga lo ka ke lwa dira sepe.

20 Se ganetsanyeng le kereke epe, fa e se e le kereke ya ga diabole.

21 Amogelang leina la ga Keresete, mme buang boammaaruri ka tekano.

22 Mme botlhe ba ba ikwatlhayang mme ba kolobediwa mo leineng la me, le e leng Jeso Keresete, le go itshoka go ya bokhutlong, bone bao ba tlaa bolokwa.

23 Bonang, Jeso Keresete ke leina le le neetsweng ke Rara, mme ga go na leina lepe le sele le le neetsweng le motho a ka bolokwang ka lone;

24 Ke gone, batho botlhe ba tshwanetse go amogela leina le le neetsweng ke Rara, gonne ka leina leo ba tlaa bidiwa ka letsatsi la bofelo;

25 Ke gone, fa ba sa itse leina le ba bidiwang ka lone, ga ba ka ke ba nna le bonno mo bogosing jwa ga Rara.

26 Mme jaanong, bonang, go na le ba bangwe ba ba bileditsweng go bolela efangele ya me, gotlhe kwa go Baditšhaba le go Bajuta;

27 Ee, le e leng ba ba Lesome le bobedi, mme ba ba Lesome le bobedi ba tlaa nna barutwana ba me, mme ba tlaa amogela leina la me; mme ba ba Lesome le bobedi ke bao ba ba tlaa eletsang go amogela leina la me ka maikaelelo a a tletseng a pelo.

28 Mme fa ba eletsa go amogela leina la me ka maikaelelo a a tletseng a pelo, ba bilediwa go ya mo lefatsheng lotlhe go rera efangele ya me mo dibopiweng tsotlhe.

29 Mme ba ke bao ba ba tlhomilweng ke nna go kolobetsa mo leineng la me, go ya ka seo se se kwadilweng;

30 Mme lo na le se se kwadilweng fa pele ga lona; ke gone, lo tshwanetse go se dira go ya ka mafoko a a kwadilweng.

31 Mme jaanong ke bua le lona, ba ba Lesome le bobedi—Bonang, tshegofatso ya me e lo lekane; lo tshwanetse go tsamaya ka thokgamo fa pele ga me mme lo se leofe.

32 Mme, bonang, lo bao ba ba tlhomilweng ke nna go tlhoma baperesiti le baruti; go bolela efangele ya me, go ya ka thata ya Mowa o o Boitshepo o o mo go lona, le go ya ka dipitso le dineo tsa Modimo mo bathong;

33 Mme Nna, Jeso Keresete, Morena wa lona le Modimo wa lona, ke e boletse.

34 Mafoko a ga se a batho le fa e le a motho, mme ame; ke gone, lo tlaa paka gore ke ame mme ga se a motho;

35 Gonne ke lentswe la me le le a buang mo go lona; gonne a newa ka Mowa wa me, mme ka thata ya me lo ka balelana; mme fa e ne e se ka thata ya me lo ka bo lo sena nao;

36 Ke gone, lo ka paka gore lo utlwile lentswe la me, le go itse mafoko ame.

37 Mme jaanong, bonang, ke a lo neela, Oliver Cowdery, mme le gone David Whitmer, gore le batle ba ba Lesome le bobedi, ba ba tlaa nnang le dikeletso tse ke buileng ka tsone;

38 Mme ka dikeletso tsa bone le ditiro tsa bone lo tlaa ba itse.

39 Mme fa lo ba bone lo tlaa ba bontsha dilo tse.

40 Mme lo wele tlase lo obamele Rara mo leineng la me.

41 Mme lo tshwanetse go rerela lefatshe, lo re: Lo tshwanetse go ikwatlhaya le go kolobediwa, mo leineng la ga Jeso Keresete;

42 Gonne batho botlhe ba tshwanetse go ikwatlhaya le go kolobediwa, mme e seng fela banna, mme basadi, le bana ba ba fitlhileng mo dingwageng tsa boikarabelo.

43 Mme jaanong, morago ga go amogela se, lo tshwanetse go tshegetsa ditaelo tsa me mo dilong tsotlhe;

44 Mme ka diatla tsa lona ke tlaa dira tiro e e gakgamatsang mo gare ga bana ba batho, le go lemotsha bontsi dibe tsa bone, gore ba ka ikwatlhaya, le gore ba ka tla mo bogosing jwa ga Rara.

45 Ke gone, ditshegofatso tse ke lo di neelang di dikgolo go feta dilo tsotlhe.

46 Mme morago ga gore lo amogele se, fa lo sa tshegetse ditaelo tsa me ga lo ka ke lwa bolokwa mo bogosing jwa ga Rara.

47 Bonang, Nna, Jeso Keresete, Morena wa lona le Modimo wa lona, le Morekolodi wa lona, ka thata ya Mowa wa me ke e boletse. Amene.