Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 28


Tsetlala 28

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith mo go Oliver Cowdery, kwa Fayette, New York, Lwetse 1830. Hiram Page, leloko la Kereke, o ne a na le letlapa lengwe mme a bolela fa a amogela ditshenolo ka thuso ya lone mabapi le go agiwa ga Sione le thulaganyo ya Kereke. Maloko a le mmalwa a ne a tsiediwa ke menagano e, le e leng Oliver Cowdery o ne a fetolwa maikutlo ka phoso ka gone moo. Pele fela ga khonferense e e neng e laotswe, Moperofeti a botsa Morena ka tlhoafalo mabapi le se, mme tshenolo e ya latela.

1–7, Joseph Smith o tshotse dilotlele tsa masaitsiweng, mme ke ene fela yo o amogelang ditshenolo tsa Kereke; 8–10, Oliver Cowdery o tlaa rerela Balamane; 11–16, Satane o tsieditse Hiram Page le go mo neela ditshenolo tse e seng tsone.

1 Bona, ke a go raya, Oliver, gore o tlaa neelwa gore o utlwiwe ke Kereke mo dilong tsotlhe le fa e ka bo e le eng fela se o tlaa se ba rutang ka Mogomotsi, mabapi le ditshenolo le ditaelo tse ke di neetseng.

2 Mme, bona, ammaaruri, ammaaruri, ke a go raya, ga go ope yo o tlaa tlhomiwang go amogela ditaelo le ditshenolo mo kerekeng e fa e se montlhanka wa me Joseph Smith, Jun., gonne o di amogela fela jaaka Moše.

3 Mme o tlaa ikobela dilo tsotlhe tse ke tlaa di mo neelang, fela jaaka Arone, go bolela ka boikanyego ditaelo le ditshenolo, ka thata le ka taolo mo Kerekeng.

4 Mme fa o gogwa nako nngwe ke Mogomotsi go bua kgotsa go ruta, kgotsa ka nako tsotlhe ka tsela ya taelo mo kerekeng, o ka go dira.

5 Mme o seka wa kwala ka tsela ya taelo, mme ka tlhalefo;

6 Mme o seka wa laola ene yo o kwa tlhogong ya gago, le kwa tlhogong ya kereke;

7 Gonne ke mo neetse dilotlele tsa masaitsiweng, le ditshenolo tse di kannweng, go fitlha ke tlhoma mo go bone yo mongwe mo boemong jwa gagwe.

8 Mme jaanong, bona, ke a go raya go re o ye kwa Balamaneng mme o ba rerele efangele ya me, mme e re ka ba amogela dithuto tsa gago o tlaa dira gore kereke ya me e tlhomamisiwe mo gare ga bone; mme o tlaa nna le ditshenolo, mme se di kwale ka tsela ya taelo.

9 Mme jaanong, bona, ke a go raya gore ga go a senolwa, mme ga go motho ope yo o itseng kwa toropo ya Sione e tlaa agiwang teng, mme go tlaa senolwa morago ga fa. Bona, ke a go raya gore e tlaa nna mo melolwaneng go bapa le Balamane.

10 O seka wa tloga mo lefelong le go fitlha morago ga khonferense; mme motlhanka wa me Joseph o tlaa tlhomiwa go okamela khonferense ka lentswe la yone, mme se a se go bolelelang o tlaa se bolela.

11 Mme gape, o tseye mokaulengwe wa gago, Hiram Page, ma gareng ga lona fela, mme o mmolelele gore dilo tse a di kwadileng go tswa mo letlapeng leo ga se tsa me le gore Satane o a mo tsietsa;

12 Gonne, bona, dilo tse ga di a tlhomiwa mo go ene, le fa e le sepe fela se se tlaa tlhomiwang mo go ope wa kereke e kgatlhanong le dikgolagano tsa kereke.

13 Gonne dilo tsotlhe di tshwanetse go dirwa ka thulaganyo, le ka tumalano ya botlhe mo kerekeng, ka thapelo ya tumelo.

14 Mme o tlaa thusa go rarabolola dilo tse tsotlhe, go ya ka dikgolagano tsa kereke, pele ga o tsaya loeto lwa gago mo gare ga Balamane.

15 Mme o tlaa neelwa go tsweng mo nakong e o tlaa tsamayang, go fitlha nako e o tlaa boang, seo o tlaa se dirang.

16 Mme o tshwanetse go bula molomo wa gago ka nako tsotlhe, o bolela efangele ya me ka modumo wa boitumelo. Amene.