Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 63


Tsetlana 63

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Phatwe 30, 1831. Moperofeti, Sidney Rigdon, le Oliver Cowdery ba ne ba gorogile mo Kirtland Phatwe 27 go tswa mo loetong la bone kwa Missiouri. Ditso tsa ga Joseph Smith ditlhalosa tshenolo e: “Mo malatsing a masha a a Kereke, gone go na le matshwenyego a magolo go amogela lefoko la Morena mo setlhogong sengwe le sengwe seo ka tsela epe se neng se amanale poloko ya rona; mme jaaka lefatshe la Sione e ne jaanong ele maikaelelo a tshekatsheko a lobaka lono fela a a botlhokwa thata, Ke ne ka botsa Morena go amogela kitso e nngwe mabapi le go phuthega ga Baitshepi, le theko ya lefatshe, le dilo tse dingwe.”

1–6, Letsatsi la tšhakgalo le tlaa tla mo baikeping; 7–12, Ditshupo di tla ka tumelo; 13–19, Bagokagadi mo pelong ba tlaa itatola tumelo mme ba latlhelwe mo bodibeng jwa molelo; 20, Ba ba boikanyego ba tlaa amogela boswa mo lefatsheng le le fetotsweng; 21, Pego e e tletseng ya ditiragalo tsa Thaba ya Phetolo ga e ise e senolwe; 22–23, Ba ba boikobo ba amogela masaitsiweng a bogosi; 24–31, Boswa mo Sione bo tshwanetse go rekwa; 32–35, Morena o bolela dintwa, mme baikepi ba bolaya baikepi; 36–48, Baitshepi ba tshwanetse go phuthegela mo Sione mme ba ntshe madi go e aga; 49–54, Ditshegofatso di netefalediwa ba ba boikanyego ka Go Tla ga Bobedi, mo Tsogong, le ka Meleniamo; 55–58, Se ke letsatsi la tlhagiso; 59–66, Leina la Morena le dirisediwa lefelafela ke bao ba ba le dirisang ba sena taolo.

1 Utlwang, Ao! lona batho, mme lo bule dipelo tsa lona lo sekegele tsebe lo le kgakala; mme lo reetse, lona ba le ipitsang batho ba Morena, mme lo utlwe lefoko la Morena le thato ya gagwe mabapi le lona.

2 Ee, ammaaruri, Ka re, utlwang lefoko la ene yo bogale jwa gagwe bo tukelang baikepi le batsuologi;

3 Yo o ratang go tsaya e bong bone ba a ratang go ba tsaya, mme a boloke mo botshelong bone ba a ratang go ba boloka;

4 Yo o agang ka go rata ga gagwe le kgatlhego; mme a senya fa a rata, mme a nonofile go latlhela mowa mo moleteng.

5 Bonang, Nna, Morena, ke ntsha lentswe, mme le tlaa obamelwa.

6 Ke gone, ammaaruri Ka re, a baikepi ba itise, mme a batsuolodi ba boife mme ba rorome; mme a ba ba sa dumeleng ba itshware melomo, gonne letsatsi la kgalefo le tlaa tla mo go bone jaaka sefefo, mme nama yotlhe e tlaa itse gore Nna Ke Modimo.

7 Mme yo o batlang ditshupo o tlaa bona ditshupo, mme e seng tse di isang polokong.

8 Ammaaruri, Ke a lo raya, go na le bao mo gare ga lona ba ba batlang ditshupo, mme gontse go na le ba ba ntseng jalo fela go tswa kwa tshimologong;

9 Mme, bonang, tumelo ga e tle ka ditshupo, mme ditshupo di sala morago bao ba ba dumelang

10 Ee, ditshupo di tla ka tumelo, e seng ka thato ya batho, le fa e le jaaka ba rata, mme ka thato ya Modimo

11 Ee, ditshupo di tla ka tumelo, go diragatsa ditiro tse di maatla, gonne kwa ntle ga tumelo ga go na motho ope yo o kgatlhang Modimo; mme yo Modimo a mo galefetseng ga a mo itumelele; ke gone, mo go ba ba ntseng jalo ga a supe ditshupo, fa e se fela mo tšhakgalong go ba sekisa.

12 Ke gone, Nna, Morena, ga ke kgatlhegele bao mo gare ga lona ba batlang ditshupo le dikgakgamatso gore ba tle ba nne le tumelo, mme e seng ka go thusa batho go nkgalaletsa.

13 Le fa gontse jalo, Ke neela ditaelo, mme ba le bantsi ba fapogile mo ditaolong tsa me mme ga ba a di tshegetsa.

14 Go ne go na le bagokafadi le baakafadi mo gare ga lona; bangwe ba ba tlogileng mo go lona, mme bangwe ba setse le lona ba ba tlaa senolwang morago ga fa.

15 A bao ba eletlhoko mme ba ikwatlhae ka bofefo, e sere kgotsa katlholo e ba wele jaaka serai, mme boeleele jwa bone bo tla bonadiwa, mme ditiro tsa bone di tlaa ba sala morago mo matlhong a batho.

16 Mme ammaaruri Ke a lo raya, jaaka ke buile pele, yo o lebang mosadi ka go mo eletsa, kgotsa fa ope a dira boaka mo pelong ya gagwe, ga a kitla a nna le Mowa, mme o tlaa latola tumelo mme a boife.

17 Ke gone, Nna, Morena, ke buile gore magatlapa, le ba ba sa dumeleng, le baaki botlhe, le mongwe le mongwe yo o ratang mme a dira maaka, le mogokafadi, le moloi, ba tlaa nna le karolo ya bone mo bodibeng jo bo tukang ka molelo leselefura, se e leng loso lwa bobedi.

18 Ammaruri Ka re, gore ga ba kitla ba nna le karolo mo tsogong ya ntlha.

19 Mme jaanong bonang, Nna Morena, ke a lo raya gore ga le a siamisiwa, gonne dilo tse di mo gare ga lona.

20 Le fa gontse jalo, yo o itshokang mo tumelong mme a dira thato ya me, ene yoo o tlaa fenya, mme o tlaa amogela boswa mo lefatsheng fa letsatsi la phetogo ya ponalo le tla;

21 Fa lefatshe le fetolwa ponalo, fela go yeng ka sekao se se neng sa supediwa baaposetole ba me mo thabeng; botlalo jwa polelo e lo iseng lo e amogele.

22 Mme jaanong, ammaaruri Ke a lo raya, gore jaaka Ke buile gore Ke tlaa lo itsise thato ya me, bonang Ke tlaa lo e itsise, e seng ka tsela ya taelo, gonne go na le ba le bantsi ba ba sa tlhokomeleng go tshegetsa ditaelo tsa me.

23 Mme mo go ene yo o tshegetsang ditaelo tsa me Ke tlaa mo neela masaitsiweng a bogosi jwa me, mme one ao e tlaa nna motswedi wa metsi a a tshedileng, a a tswelelelang mo botshelong jo bo sa khutleng.

24 Mme jaanong, bonang, se ke thato ya Morena Modimo wa gago mabapi le baitshepi ba gagwe, gore ba phutegele mo lefatsheng la Sione, e seng ka potlako, e sere kgotsa go nne le tsietsego, e e tsisang kgogodi.

25 Bonang lefatshe la Sione—Nna, Morena, ke le tshotse mo diatleng tsa me;

26 Mme le fa gontse jalo, Nna Morena, ke neela Kaisara dilo tse e leng tsa ga Kaisara

27 Ke gone, Nna Morena ke solofela gore lo reke mafatshe, gore le tle le ipapalele lefatshe, gore lo nne le tshwanelo mo lefatsheng, gore ba tle ba seka ba tlhotlhelelediwa bogale.

28 Gonne Satane o tsentse mo dipelong tsa bone go le galefela, le go tsholola madi.

29 Ke gone, lefatshe la Sione ga le kitla le amogelwa fa e se fela le rekwa kgotsa ka madi a mahibidu, fa go sa nna jalo ga gona boswa bope jwa lona.

30 Mme fa e le ka go rekwa, bonang lo sego;

31 Mme fa e le ka madi a mahibidu, jaaka le ilediwa go tsholola madi, bonang, baba ba lona ba le okame, mme lo tlaa itewa go tswa toropo le toropo, le go tswa sinagoge le sinagoge, mme ke fela ba sekae ba ba tlaa itshokela go amogela boswa.

32 Nna, Morena, ke galefeletse baikepi; Ke kganetse Mowa wa me mo banning ba lefatshe.

33 Ke ikanne mo tšhakgalong ya me, mme ke boletse dintwa mo sefatlhogong sa lefatshe, mme baikepi ba tlaa bolaya baikepi, mme poifo e tlaa tla mo mothong mongwe le mongwe;

34 Mme baitshepi le bone ba tlaa falola ka bothata; le fa gontse jalo, Nna, Morena, ke na le bone, mme ke tlaa fologa mo legodimong go tswa mo boleng teng jwa ga Rara mme ke laile baikepi ka molelo o o sa timegeng.

35 Mme bonang, se ga se ise se nne, mme moragonyana.

36 Ke gone, ke bona gore Nna, Morena, ke boletse dilo tse tsotlhe mo sefatlhogong sa lefatshe, Ke rata gore baitshepi ba me ba phuthegele mo lefatsheng la Sione;

37 Le gore motho mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya tshiamo mo diatleng tsa gagwe mme a apare boikanyego mo mathekeng a gagwe, mme a tsholetse lentswe la tlhagiso mo banning ba lefatshe; mme a bolele ka lefoko la me le ka go tshaba gore tshwafalo e tlaa diragalela baikepi.

38 Ke gone, a barutwa ba me mo Kirtland ba rulaganye dilo tsa bone tse e leng tsa lobaka lono fela, ba ba nnang mo tshimong e.

39 A motlhanka wa me Titus Billings, yo o nang le taolo ya lone, a rekise lefatshe leo, gore a bo a ipaakantse mo dikgakologong tse di tlang go tseela loeto lwa gagwe kwa Sione, le bao ba ba nnang mo sefatlhego sa lone, fa e se fela bao ba Ke tlaa ba itshadisetsang, ba ba se kitlang ba tsamaya go fitlha ke ba laela.

40 Mme a madi otlhe a a ka sadisiwang, ga go re sepe mo go nna le fa a le mannye kgotsa mantsi, a romelwe kwa lefatsheng la Sione, kwa go bone ba ke ba laotseng go a amogela.

41 Bonang, Nna Morena, ke tlaa neela motlhanka wa me Joseph Smith, Jun., thata gore o ka nonofela go lemoga ka Mowa bao ba ba tlaa tlhatlogelang kwa lefatsheng la Sione, le bao ba barutwana ba me ba ba tlaa salang.

42 A motlhanka wa me Newel K. Whitney a sale ka lebentlele la gagwe, kgotsa ka mafoko a mangwe, lebentlele leo, e tswa ka sebakanyana.

43 Le fa gontse jalo, a a abe madi otlhe a ka kgonang go a aba, go romelwa kwa lefatsheng la Sione.

44 Bonang, dilo tse di mo diatleng tsa gagwe, a a dire go yeng ka tlhalefo.

45 Ammaruri Ka re, a a tlhomiwe jaaka moemedi wa barutwana ba ba tlaa salang, mme a tlhomiwe mo thateng e.

46 Mme jaanong ka bofefo a etele dikereke, a atolosa dilo tse mo go bone, a na le motlhanka wa me Oliver Cowdery. Bonang, se ke thato ya me, go amogela madi fela jaaka Ke kaetse.

47 Yo o boikanyego mme a itshoka o tlaa fenya lefatshe.

48 Yo o romelang matlotlo kwa lefatsheng la Sione o tlaa amogela boswa mo lefatsheng le, mme ditiro tsa gagwe di tlaa mo sala morago, mme le gone le tuelo mo lefatsheng le le tlaa tlang.

49 Ee, mme go sego baswi ba ba swelang mo Moreneng, go tloga fa Morena a tlaa tla, mme dilo tse dikgologolo di tlaa feta, mme dilo tsotlhe di tlaa nna di sha, ba tlaa tsoga mo baswing mme morago ga ba kitla ba a swa, mme ba tlaa amogela boswa fa pele ga Morena, mo toropong e e boitshepo.

50 Mme yo o tshelang fa Morena a tla, mme a tshegeditse tumelo, o sego, le fa gontse jalo, o laoletswe go swa mo dingwageng tsa motho.

51 Ke gone, bana ba tlaa gola go fitlhelela ba nna bagolo; banna bagolo ba tlaa swa; mme ga ba kitla ba robala mo leroleng, mme ba tla a fetolwa ka ponyo ya leitlho.

52 Ke gone, ka lebaka le go rerileng baaposetole mo lefatsheng ka tsogo ya baswi.

53 Dilo tse ke dilo tse lo tshwanetseng go di solofela; mme, lo bua ka fa mokgweng wa Morena, jaanong di atametse, mme mo nakong e e tlaa tlang, e bong mo letsatsing la go tla ga Morwa Motho.

54 Mme go fitlha oura eo go tlaa nna le makgarebane a dieleele mo gare ga a a botlhale; mme ka oura eo go tla kgaogano e e feletseng ya basiami le baikepi; mme mo letsatsing leo Ke tlaa romela baengele ba me go phamola baikepi le go ba latlhela mo molelong o o sa timegeng.

55 Mme jaanong bonang, ammaaruri Ke a lo raya, Nna, Morena, ga ke itumelele motlhanka wa me Sidney Rigdon; o ikgodisa mo pelong ya gagwe, mme ga a amogele kgakololo, mme o utlwisitse Mowa botlhoko;

56 Ke gone mokwalo wa gagwe ga o amogelesege mo go Morena, mme o tlaa dira yo mongwe; mme fa Morena a sa o amogele, bonang ga a sa tlhole a ema mo ofising e ke mo e laoletseng.

57 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, bao ba ba eletsang mo dipelong tsa bone, ka bopelonolo, go tlhagisa baleofi go ikwatlhaya, a ba tlhongwe mo thateng e.

58 Gonne se ke letsatsi la tlhagiso, mme e seng letsatsi la mafoko a mantsi. Gonne Nna, Morena, ga ke a tla go sotlwa mo malatsing a bofelo.

59 Bonang, Ke tswa kwa godimo, mme thata ya me e kwa tlase. Ke mo godimo ga tsotlhe, le mo go tsotlhe, le ka tsotlhe, mme ke sekaseka dilo tsotlhe, mme letsatsi le etla leo dilo tsotlhe di tlaa nnang mo taolong ya me.

60 Bonang, Ke Alefa le Omega, e bong Jeso Keresete.

61 Ke gone, a batho botlhe ba eletlhoko ka fa ba dirisang ka gone leina la me mo melomong ya bone—

62 Gonne bonang, ammaaruri Ka re, gore go na ba le bantsi ba ba ka fa tlase ga tshekiso e, ba ba dirisang leina la Morena, mme ba le dirisetsa lefela, ka ntlha ya gore ga ba na taolo.

63 Ke gone, a kereke e ikwatlhaele dibe tsa yone, mme Nna, Morena, ke tlaa ba rua; fa go sa nna jalo ba tlaa kgaolwa.

64 Gakologelwang gore seo se se tswang kwa godimo se boitshepo, mme se tshwanetse go buiwa ka kelotlhoko, le ka patelelo ya Mowa; mme mo go se ga gona tshekiso, mme lo amogela Mowa ka thapelo, ke gone, kwa ntle ga se go sala tshekiso.

65 A batlhanka ba me, Joseph Smith, Jun., le Sidney Rigdon, ba ipatlele lelwapa, jaaka ba rutwa ka thapelo ke Mowa.

66 Dilo tse di saletse go fenya ka bopelotelele, gore ba ba ntseng jalo ba tle ba amogele segolo se se feteletseng sa bokete jo bo sa khutleng jwa kgalalelo, fa go sa nna jalo, tshekiso e kgolo. Amene.