Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 53


Tsetlana 53

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith go Algernon Sidney Gilbert, kwa Kirtland, Ohio, Seetebosigo 8, 1831. Ka kopo ya ga Sidney Gilbert, Moperofeti a botsa Morena mabapi le tiro le go tlhomiwa ga Mokaulengwe Gilbert mo kerekeng.

1–3, Pitso le boitshenkelo jwa ga Sidney Gilbert mo Kerekeng ke go tlhomiwa mogolwane; 4–7, O tshwanetse le gone go dira jaaka moemedi wa ga bishopo.

1 Bona, Ke a go raya, motlhanka wa me Sidney Gilbert, gore Ke utlwile dithapelo tsa gago; mme o mpiditse gore o ka itsisiwe, ke Morena Modimo wa gago, mabapi le pitso le boitshenkelo jwa gago mo kerekeng, e Nna, Morena, ke e tsositseng mo malatsing ano a bofelo.

2 Bona, Nna, Morena, yo o ke neng ka bapolelwa dibe tsa lefatshe, ke go neela taelo gore o tlogele lefatshe.

3 Amogela tlhomo ya me, e bong eo ya bogolwane, go rera tumelo le boikotlhao le boitshwarelo jwa dibe, go yeng ka lefoko la me, le kamogelo ya Mowa o o Boitshepo ka peo ya diatla;

4 Mme le gone go nna moemedi mo kerekeng mo lefelong le le tlaa laolwang ke bishopo, go yeng ka ditaelo tse di tlaa neelwang morago ga fa.

5 Mme gape, ammaaruri Ke a go raya, o tlaa tsaya loeto lwa gago le batlhanka ba me Joseph Smith, Jun., le Sidney Rigdon.

6 Bona, tse ke ditao tsa ntlha tse o tlaa di amogelang; mme masalela a tla a itsisiwe mo nakong e e tlaa tlang, go yeng ka ditiro tsa gago mo tshimong ya me ya mofine.

7 Mme gape, Ke rata gore o ithute gore ke ene fela yo o itshokang go ya bokhutlong yo o tlaa bolokwang. Fela jalo. Amene.