Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 33


Tsetlana 33

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith go Ezra Thayre le Northrop Sweet, kwa Fayette, New York, Phalane 1830 Mo go itsiseng tshenolo e, ditso tsa ga Joseph Smith di tlhomamisa gore “Morena … ka metlha o ipaakanyeditse go ruta bao ka tlhwaafalo ba batlang ka tumelo.”

1–4, Badiri ba bileditswe go bolela efangele mo nakong ya lesome le motso; 5–6, Kereke e tlhomamisitswe, mme baitshenkedwi ba tshwanetse go phuthiwa; 7–10, Ikwatlhayeng, gonne bogosi jwa legodimo bo atametse; 11–15, Kereke e agilwe mo lefikeng la efangele; 16–18, Baakanyetsang go tla ga Monyadi.

1 Bonang, ke a lo raya, batlhanka ba me Ezra le Northrop, bulang ditsebe tsa lona mme lo reetse lentswe la Morena Modimo wa lona, yo o lefoko la gagwe le tshidileng e bile le le tlhaga, le bogale go feta tšhaka e e magale mabedi, go kgaoganya ditokololo le moko, pelo le mowa, mme le lemoga megopolo le maikaelelo a pelo.

2 Gonne ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya lo bileditswe go tsholetsa mantswe a lona lo gelebetega jaaka porompeta, go bolela efangele ya me mo tshikeng e e kgopo e bile e le logwadi.

3 Gonne bonang, tshimo e setse e le tshweu go robiwa; mme ke oura ya lesome le motso, mme ke nako ya bofelo e ke tlaa bitsang badiri mo tshimong ya me ya mofine.

4 Mme tshimo ya me ya mofine e leswefaditswe gongwe le gongwe; mme ga gona ope yo o dirang molemo fa e se ba se kae; mme ba dira phoso gantsi ka ntlha ya boperesiti jwa manweenwee, botlhe ba na le ditlhaloganyo tse di bodileng.

5 Mme ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, gore kereke e ke e tlhomamisitse le go e bitsa go tswa mo nageng.

6 Mme fela jalo ke tlaa phutha baitshenkedwi ba me go tswa kwa dikhutlong tse nne tsa lefatshe, le e leng botlhe ba ba tlaa dumelang mo go nna, mme ba reetsa lentswe la me.

7 Ee, ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, gore tshimo e setse e le tshweu go robiwa, ke gone, latlhelang disekele tsa lona, mme lo robe ka maatla otlhe a lona, tlhaloganyo, le nonofo.

8 Bulang melomo ya lona mme e tlaa tladiwa, mme lo tlaa nna fela jaaka Nefi wa bogologolo, yo o tsereng loeto go tswa Jerusalema mo nageng.

9 Ee, bulang melomo ya lona mme le se rekegele sepe, mme lo tlaa beleswa ka dingata mo mekwatleng ya lona, gonne bonang, ke na le lona.

10 Ee, bulang melomo ya lona mme e tlaa tladiwa, lo re: Ikwatlhayeng, ikwatlhayeng, mme lo baakanye tsela ya Morena, mme lo siamise ditsela tsa gagwe; gonne bogosi jwa legodimo bo atametse;

11 Ee, ikwatlhayeng lo bo lo kolobediwe, mongwe le mongwe wa lona, go bona boitshwarelo jwa dibe tsa lona, ee, lo kolobediwe le e leng ka metsi, mme morago go tle kolobetso ya molelo le ya Mowa o o Boitshepo.

12 Bonang, ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, se ke efangele ya me; mme gakologelwang gore ba tshwanetse go nna le tumelo mo go nna kgotsa ga ba ka ke ba bolokwa ka mokgwa ope;

13 Mme ke tlaa aga kereke ya me mo lefikeng le; ee, lo agilwe mo lefikeng le, mme fa lo tswelela, di nonofo tsa bobipo ga di kitla di lo fenya.

14 Mme lo tlaa gakologelwa mekwalo ya kereke le dikgolagano go di tshegetsa.

15 Mme le fa e le mang yo o nang le tumelo lo tlaa mo tlhomamisa mo kerekeng ya me, ka go mmaya diatla, mme Ke tlaa mo naya neo ya Mowa o o Boitshepo.

16 Mme Buka ya ga Momone le dikwalo tse di boitshepo di neetswe ke nna go le kaela; mme thata ya Mowa wa me e rudisa dilo tsotlhe.

17 Ke gone, ikanyegeng, lo rapele ka metlha, mme baakanyang dipone tsa lona di tuka, lo na le leokwane, gore lo bo lo iketleeditse ka go tla ga Monyadi—

18 Gonne bonang, ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, gore ke tla ka pela. Fela jalo. Amene.