Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 101


Tsetlana 101

Tshenolo e e neetsweng Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Sedimonthole 16 le 17, 1833. Ka nako e Baitshepi ba ba phuthegetse mo Missouri ba ne ba boga pogiso e kgolo. Digagautlhi di ne di ba lelekile mo magaeng a bone mo Jackson Khaunthi mme bangwe ba Baitshepi ba lekile go ipaya mo Van Buren, Lafayette, le Ray Khaunthi, mme dipogiso tsa ba sala morago. Bontsi jwa Baitshepi mo nakong eo ba ne ba le mo Clay Khaunthi, Missouri. Matshosetsi a di polao kgatlhanong le bangwe ba Kereke a ne a le mantsi. Baitshepi mo Khaunthi ya Jackson ba ne ba latlhegelwa ke dilwana tsa matlo, diaparo, leruo, le dilwana tse dingwe; le bontsi jwa dijwalo tsa bone bo ne bo sentswe.

1–8, Baitshepi ba otlhaiwa mme ba bogisiwa ka ntlha ya ditlolo tsa bone; 9–15, Morena o tlaa tenegela ditšhaba, mme batho ba Gagwe ba tlaa phuthiwa mme ba gomodiwe; 16–21, Sione le dimapo tsa gagwe ba tlaa tlhomamisiwa; 22–31, Tlholego ya botshelo ka nako ya lebaka la dingwaga tse di sekete bo a tlhalosiwa; 32–42, Baitshepi ba tlaa segofala le go duelwa ka nako eo; 43–62, Setshwantsho sa monna yo o molemo le setlhare sa motlhware di supa mathata le thekololo ya Sione e e tla diragalang kwa bofelong; 63–75, Baitshepi ba tshwanetse go tswelela ba phuthega; 76–80, Morena o tlhomamisitse Molao Motheo wa United States; 81–101, Baitshepi ba tshwanetse go kopa ka tlhwaafalo tefetso ya bosetlhogo, go yeng ka setshwantsho sa mosadi le moatlhodi yo o sa siamang.

1 Ammaaruri Ke a lo raya, mabapi le bakaulengwe ba lona ba ba tlhokofaditsweng, le go bogisiwa, le go lelekiwa mo lefatsheng la boswa jwa bone—

2 Nna, Morena, ke leseleditse pogisego go ba diragalela, e ba tlhokofaditsweng ka yone, ka ditlamorago tsa ditlolo tsa bone;

3 Le fa gontse jalo Ke tlaa ba rua, e bile e tlaa nna ba me mo letsatsing leo Ke tlaa tlang go dira khumo e e tlhaolegileng.

4 Ke gone ka moo, ba tshwanetse go otlhaiwa le go lekwa, fela jaaka Aborahama, yo o neng a laetswe go ntsha morwae yo o esi.

5 Gonne botlhe bao ba ba se kitlang ba itshokela kwatlhao, mme ba intatola, ga ba ka ke ba itshepisiwa.

6 Bonang, Ke a lo raya, gone go na le dikgogakgogano, le dikganetsanyo, le mafufa, le dikomano, le kgatlhego le dikeletso tsa buhula mo gare ga bone; ke gone ka moo ka dilo tse ba itshekolotse boswa jwa bone.

7 Ba ne ba le bonya go utlwa lentswe la Morena Modimo wa bone; ke gone ka moo, Morena Modimo wa bone o bonya go utlwa dithapelo tsa bone, go ba araba mo letsatsing la letshwenyego la bone.

8 Mo letsatsing la kagiso ya bone ba tsaya dikgakololo tsa me motlhofo; mme, mo letsatsing la letshwenyego la bone, ka ntlha ya letlhoko la bone ba a mpatla.

9 Ammaaruri Ke a lo raya, le fa go ntse jalo dibe tsa bone, dijelo tsa me di tletse ka bopelotlhomogi. Ga Ke kitla ke ba latlha gotlhelele, mme mo letsatsing la kgalefo Ke tlaa gakologelwa kutlwelobotlhoko.

10 Ke ikanne, mme tao e tswetse pele ka taelo ya pele e Ke lo e neetseng, gore ke tlaa leseletsa tšhaka ya kgalefo ya me go ba itaya mo boemong jwa batho ba me, mme fela jaaka ke buile, go tlaa diragala.

11 Kgalefo ya me e tloga e goromelediwa go sena selekanyo mo ditshabeng tsotlhe, mme se ke tlaa se dira fa senwelo sa bone sa boikepo se tletse.

12 Mme mo letsatsing leo botlhe ba ba tlaa fitlhelwang mo kagong ya tebelo, kgotsa ka mafoko a mangwe, Iseraele wa me otlhe, o tlaa bolokwa.

13 Mme ba ba ntseng ba phatlhaladitswe ba tlaa phuthiwa.

14 Mme botlhe ba ba neng ba hutsafetse ba tlaa gomodiwa.

15 Mme botlhe bone ba ba neetseng matshelo a bone ka ntlha ya leina la me ba tlaa rwesiwa korone.

16 Ke gone ka moo, a dipelo tsa lona di gomotsege mabapi le Sione, gonne nama yotlhe e mo diatleng tsa me, nnang fela mme lo itse fa Ke le Modimo.

17 Sione ga a kitla a sutisiwa mo lefelong la gagwe, le fa gontse jalo bana ba gagwe ba phatlhaladitswe.

18 Bone bao ba ba salang, mme ba itshekile mo dipelong, ba tlaa bowa, mme ba tle kwa bosweng jwa bone, bone le bana ba bone, ka dipina tsa boitumelo jo bo sa khutleng, go aga matlotla a Sione—

19 Mme dilo tse tsotlhe gore baperofeti ba diragadiwe.

20 Mme, bonang, ga gona lefelo lepe le lengwe le le laotsweng fa e se leo le Ke le laotseng; le gone ga go kitla go nna le lefelo le lengwe le ke laotsweng fa e se leo le Ke le laotseng, go dira tiro ya go phuthega ga baitshepi ba me—

21 Go fitlha letsatsi le ba tla se tlholeng ba bonelwa phatlha; mme ke gone Ke na le mafelo a mangwe a Ke tlaa ba a laolelang, mme a tlaa bidiwa dimapo, go nna meraro kgotsa nonofo ya Sione.

22 Bonang, ke thato ya me, gore botlhe ba ba bitsang leina la me mme ba nkobamela go ya ka efangele ya me e e sa khutleng ba tshwanetse go phuthega, mme ba eme mo mafelong a a boitshepo;

23 Mme ba ipaakanyetse tshenolo e e tlaa tlang, fa sesiro se se bipileng tempele ya me, mo motlaaganeng wa me, se se fitlhang lefatshe, se tlaa ntshiwa, mme nama yotlhe e tlaa mpona mmogo.

24 Mme sengwe le sengwe se se bolang, gotlhe sa motho, kgotsa sa dibatana tsa naga, kgotsa sa dinonyane tsa legodimo, kgotsa sa ditlhapi tsa lewatle, tse di nnang mo sefatlhogong sotlhe sa lefatshe, di tlaa nyelediwang;

25 Mme le tsone dintlha tsa tlholego di tlaa nyera ke mogote o o tukang; mme dilo tsotlhe di tlaa ntšhafala, gore kitso ya me le kgalalelo di ka nna mo lefatsheng lotlhe.

26 Mme mo letsatsing leo bobaba jwa motho, le bobaba jwa dibatana, ee, bobaba jwa nama yotlhe, bo tlaa fela fa pele ga sefatlhogo sa me.

27 Mme mo motlheng oo le fa e le eng se motho ope a tlaa se kopang, o tlaa se neelwa.

28 Mme mo letsatsing leo Satane ga a kitla a nna le thata go raela motho ope.

29 Mme ga go kitla go nna le khutsafalo gonne ga gona loso.

30 Mo letsatsing leo losea ga lo kitla le e swa go fitlha le tsofala; mme botshelo jwa gagwe bo tlaa nna jaaka dingwaga tsa setlhare;

31 Mme fa a swa ga a kitla a robala, ke gore mo lefatsheng, mme o tlaa fetolwa ka ponyo ya leitlho, mme o tlaa tsholediwa, e bile felo la tapologo ya gagwe le tlaa nna kgalalelo.

32 Ee, ammaaruri Ke a lo raya, mo motlheng oo Morena a tlaa tlang, o tlaa senola dilo tsotlhe.

33 Dilo tse di fitileng, le dilo tse di fitlhegileng tse motho ope a sa di itseng, dilo tsa lefatshe, tse le dirilweng ka tsone, le boikaelelo le bokhutlo jwa lone—

34 Dilo tse ditlhokegang thata, dilo tse di kwa godimo, le dilo tse di kwa tlase, dilo tse di mo lefatsheng, le tse di mo godimo ga lefatshe, le mo legodimong.

35 Le botlhe ba ba bogisiwang ka ntlha ya leina la me, mme ba itshoka mo tumelong, le fa ba bilediwa go mpeela matshelo a bone le fa go ntse jalo ba tlaa tlhakanela kgalalelo e yotlhe.

36 Ke gone, se boifeng le go ya losong; gonne mo lefatsheng le boitumelo jwa lona ga bo a felela, mme mo go nna boitumelo jwa lona bofeletse.

37 Ke gone ka moo, se kgathaleleng mmele, le fa e le botshelo jwa mmele; mme lo kgathalele mowa, le botshelo jwa mowa.

38 Mme batlang sefatlhogo sa Morena ka metlha, gore ka bopelotelele lo ka rua mewa ya lona, e bile lo tlaa nna le botshelo jo bo sa khutleng.

39 Fa batho ba bilediwa efangele ya me e e sa khutleng, mme ba golagana ka kgolagano e e sa khutleng, ba kaiwa jaaka letswai la lefatshe le tatso ya batho;

40 Ba bilediwa go nna tatso ya batho; ke gone ka moo, fa letswai la lefatshe le latlhegetswe ke tatso, bonang, ga le sa tlhole le na le mosola fa e se fela go latlhelwa kwa ntle le go gatakwa ka fa tlase ga dinao tsa batho.

41 Bonang, botlhale ke jo mabapi le bana ba Sione, le e leng ba bantsi, mme e seng botlhe, ba fitlhetswe e le batlodi, ke gone ka moo ba tshwanetse go otlhaiwa—

42 Yoo ikgodisang o tlaa ngotlofadiwa, mme yoo ingotlofatsang o tlaa godisiwa.

43 Mme jaanong, Ke tlaa lo supegetsa setshwantsho, gore lo tle lo itse thato ya me mabapi le thekololo ya Sione.

44 Motlotlegi mongwe o ne a na le sebata sa lefatshe, se se tlhaolesegileng thata; mme a raya batlhanka ba gagwe a re: tsamayang lo ye kwa tshimong ya me ya mofine, e bong mo kabetlaneng e e tlhaolegileng thata ya lefatshe, mme lo tlhome ditlhare tsa motlhware di le lesome le bobedi;

45 Mme lo tlhome balebedi mo tikologong ya tsone, mme lo age kago e e godileng, gore mongwe a ka okama lefatshe le le mo tikologong, go nna molebedi mo kagong e e godileng, gore metlhware ya me e ka se robege fa mmaba a tla go thopa le go itseela leungo la tshimo ya me ya mofine.

46 Jaanong, batlhanka ba motlotlegi ba tsamaya mme ba dira jaaka morena wa bone a ba laetse, mme ba tlhoma ditlhare tsa motlhware, le go aga logora mo tikologong, le go tlhoma balebedi, mme ba simolola go aga kago e e godileng.

47 Mme ya re fa ba santse ba thaya motheo wa yone, ba simolola go botsana mo gare ga bone: Morena o tlhokela eng kago e e godileng e?

48 Mme ba gakololana lobaka lo lo leele, ba re mo gare ga bone: Morena o tlhokela eng kago e e godileng, a bona gore e ke nako ya kagiso?

49 A madi a a ka bo a sa neelwe baananyang madi? Gonne dilo tse ga di tlhokege.

50 Mme ya re ba santse ba emelelane mongwe le yo mongwe ba nna ditshwakga thata, mme ba seka ba reetsa ditaelo tsa morena wa bone.

51 Mme mmaba a tla bosigo, a rutlolola legora; mme batlhanka ba motlotlegi ba tsoga e bile ba tshaba, mme ba sia, mme mmaba a senya ditiro tsa bone, mme a roba ditlhare tsa motlhware.

52 Jaanong, bonang, motlotlegi, morena wa tshimo ya mofine, a bitsa batlhanka ba gagwe, mme a ba raya a re, Ka ntlhayang! bosula jo bogolo jo bo dirwa eng?

53 A ga lo a tshwanela go ka bo lo dirile fela jaaka Ke lo laetse, mme—fa lo sena go tlhoma tshimo ya mofine, le go aga logora mo tikologong, le go tlhoma balebedi mo maboteng a yone—lwa aga kago e e godileng le yone, mme lwa tlhoma balebedi mo kagong e e godileng, mme lwa lebelela tshimo ya me ya mofine, mme lwa seka lwa robala, e sere kgotsa mmaba a lo tlhasela.

54 Mme bonang, balebedi mo kagong e e godileng ba ka bo ba bone mmaba a sale kgakala; mme ke gone lo ka bo lo ipaakantse mme lwa thibela mmaba go rutlolola logora la yone, mme lwa boloka tshimo ya me ya mofine mo diatleng tsa basinyi.

55 Mme morena wa tshimo ya mofine a raya mongwe wa batlhanka ba gagwe a re: Tsamaya mme o phuthe masalela a batlhanka ba me, mme o tseye nonofo ya ntlo ya me, ba e leng batlhabani ba me, makawana ame, le bone bao ba ba dingwaga tse di fa gare mo gare ga botlhe batlhanka ba me, ba e leng nonofo ya ntlo ya me, fa e se fela bao Ke ba tlhomileng gore ba nne.

56 Mme akofang lo ye kwa lefatsheng la tshimo ya me ya mofine, mme lo rekolole tshimo ya me ya mofine, gonne ke ya me; Ke e rekile ka madi.

57 Ke gone ka moo, akofang lo tsene mo lefatsheng la me, thubang mabota a baba ba me, digang kago ya bone e e godileng, mme lo phatlhalatse balebedi ba bone.

58 Mme e re ka ba phutegela go le lwantsha, mpusolosetseng mo babeng ba me, gore moragonyana Ke ka tla le masalela a ba ntlo ya me mme ka rua lefatshe.

59 Mme motlhanka a raya morena wa gagwe a re: Dilo tse di tlaa nna leng?

60 Mme a raya motlhanka wa gagwe a re: mogang ke rata; akofa o tsamaye, mme o dire dilo tsotlhe le fa e le eng se Ke go se laetseng;

61 Mme se e tlaa nna sekano sa me le tshegofatso mo go wena—molebedi yo o boikanyego e bile a le botlhale mo gare ga ba ntlo ya me, mmusi mo bogosing jwa me.

62 Mme motlhanka wa gagwe a akofa a tsamaya, mme a dira dilo tsotlhe le fa e le eng se morena wa gagwe a se mo laetseng; mme morago ga malatsi a mantsi dilo tsotlhe di ne di diragaditswe.

63 Gape, ammaaruri Ke a lo raya, Ke tlaa le supegetsa botlhale jwa me mabapi le dikereke tsotlhe, e re ka ba rata go kaelwa ka mokgwa o o siameng le o o lolameng go dira poloko ya bone—

64 Gore tiro ya go phuthega ga baitshepi ba me e ka tswelela, gore Ke ka ba agela mo leineng la me mo mafelong a a boitshepo; gonne nako ya thobo e tlile, mme lefoko la me le tshwanetse go diragadiwa.

65 Ke gone ka moo, Ke tshwanetse go phutha batho ba me go ya ka setshwantsho sa korong le mohero, gore korong e tle e sirelediwe mo polokelong go rua botshelo jo bo sa khutleng, mme e rweswe ka kgalalelo ya selesetiale, mogang ke tlang mo bogosing jwa ga Rara go duela motho mongwe le mongwe ka fa tirong ya gagwe e tlaabo e ntse ka gone.

66 Fa mofoka o tlaa bofiwa ka dingata, mme dikgole tsa one di thatafadiwe, gore di tle di fisiwe ka molelo o o sa timegeng.

67 Ke gone ka moo, Ke e neelang diphutego tsotlhe taelo, gore di tswelele go phuthegela mo mafelong a Ke a laotseng.

68 Le fa go ntse jalo, jaaka ke buile mo taelong ya pele, a go phuthega ga lona go se nne ka potlako, le fa e le ka go tshaba, mme a dilo tsotlhe di baakangwe fa pele ga lona.

69 Mme gore dilo tsotlhe di baakangwe fa pele ga lona, tlhokomelang taelo e Ke e neetseng mabapi le dilo tse—

70 E e reng, kgotsa e e rutang, go reka mafatshe otlhe ka madi, a a ka rekiwang ka madi, mo kgaolong e e mo tikologong ya lefatshe le ke le laotseng go nna lefatshe la Sione, ya tshimologo ya go phuthega ga baitshepi ba me;

71 Lefatshe lotlhe le le ka rekwang mo kgaolong ya Jackson, le dikgaolo tse di mo tikologong, mme le tlogele masalela mo seatleng sa me.

72 Jaanong, ammaaruri Ke a lo raya, a diphuthego tsotlhe di kgobokanye madi otlhe a tsone, a dilo tse tsotlhe di dirwe mo nakong ya tsone, mme e seng ka potlako, mme tlhokomelang gore dilo tsotlhe di baakangwe fa pele ga lona.

73 Mme a batho ba ba tlotlegang ba tlhomiwe, e bong batho ba ba botlhale, mme lo ba romele go reka mafatshe a.

74 Mme diphutego tse di mo mafatsheng a a ka kwa botlhaba, fa di agilwe, fa di reetsa kgakololo e di ka reka mafatshe mme tsa phutegela mo go one; mme ka mokgwa o di ka tlhomamisa Sione.

75 Go setse le jaanong jaana go na le mo go lekanyeng mo mabolokelong, ee, e leng ka letlotlo, go rekolola Sione, le go tlhomamisa matlotla a gagwe, ga a tlhole a tlaa pirigangwa, e ne e le dikereke, tse di ipitsang ka leina la me tse di ratang go reetsa lentswe la me.

76 Mme gape ke a lo raya, bao ba ba phatlhaladitsweng ke baba ba bone, ke thato ya me gore ba tswelele go kopa ka tlhwaafalo tefetso, le thekololo, ka diatla tsa bao ba ba beilweng e le babusi mme ba le mo taolong mo godimo ga lona—

77 Go ya ka melao le molao motheo wa batho, o ke leseleditseng gore e tlhomamisiwe, mme o tshwanetse go tshegeletswa ditshwanelo le tshireletsego ya nama yotlhe, go ya ka melawana e e siameng e bile e le boitshepo;

78 Gore motho mongwe le mongwe a ka dira mo thutong le molawana tse e leng tsa lobaka lo lo kwa pele, go ya ka boitsholo jwa boikgethelo jo ke bo mo neetseng, gore motho mongwe le mongwe a tle a arabele dibe tsa gagwe mo letsatsing la katlholo.

79 Ke gone ka moo, ga go a tshwanela gore motho ope a nne mo botshwarong mongwe go yo mongwe.

80 Mme ka boikaelelo jo Ke tlhomamisitse Molao motheo wa lefatshe le, ka diatla tsa batho ba ba botlhale bao Ke ba tsoseditseng boikaelelo jone jo, mme ka rekolola lefatshe ka tshololo ya madi.

81 Jaanong, Ke tlaa tshwantshanya bana ba Sione le eng? ke tlaa ba tshwantshanya le setshwantsho sa mosadi le moatlhodi yo o sa siamang, gonne batho ba tshwanetse go rapela ka metlha yotlhe ba sa ngosele, se se reng—

82 Go ne go na le moatlhodi mo toropong yo o sa boifeng Modimo, le motho a sa mo tseye tsia.

83 Mme ga bo go le motlholagadi mo toropong eo, mme a ya kwa go ene, a re: Ntshekela mo moganetsing wa me.

84 Mme a nna a gana ka lobaka, mme ya re kwa morago a ipolelela a re: Le fa ke sa boife Modimo, le motho ke sa mo tseye tsia, e re ka motlholagadi o a ntshwenya Ke tlaa mo sekela e sere kgotsa a ntapisa ka go bowa bowa ga gagwe.

85 Jaana Ke tlaa tshwantshanya bana ba Sione.

86 A ba kope ka tlhwaafalo kwa dinaong tsa moatlhodi;

87 Mme fa a ba tlhokomologa, a ba kope ka tlhwaafalo kwa dinaong tsa mmusi;

88 Mme fa mmusi a ba tlhokomologa, a ba kope ka tlhwaafalo kwa dinaong tsa ga tautona;

89 Mme fa tautona a ba tlhokomologa, ke gone Morena o tlaa emelela mme a tswe mo bo iphitlhelong jwa gagwe, mme mo tšhakgalong ya gagwe a tlhokofatse tšhaba;

90 Mme mo bogaleng jwa gagwe jo bo tukang, le mo bogaleng jo bo bogolo jwa gagwe, mo nakong ya gagwe, o tlaa kgaola baikepi bao, ba ba senang boikanyego, le balebedi ba ba sa siamang, mme a ba laolele kabelo ya bone mo gare ga baitimokanyi, le ba ba sa dumeleng;

91 Le e leng mo lefifing le le kwa ntle, kwa go nang le selelo le khutsafalo, le phuranyo ya meno.

92 Rapelang, ke gone ka moo, gore ditsebe tsa bone di tle di bulegele dilelo tsa lona, gore Ke tle ke ba utlwelebotlhoko, gore dilo tse di se ka tsa ba diragalela.

93 Se ke se buileng mo go lona se tshwanetse go nna, gore batho botlhe ba sale ba sena seipato;

94 Gore batho ba ba botlhale le babusi ba tle ba utlwe le go itse seo se ba iseng ba ke ba se tlhaloganye ka gope;

95 Gore ke ka tswelela go diragatsa tiro ya me, e le go dira ka go sele, le go dira tiro ya me, e le tiro ya me e sele, gore batho ba ka lemoga fa gare ga basiami le baikepi, go bua Modimo wa lona.

96 Mme gape, Ke a lo raya, go kgatlhanong le taelo le thato ya me gore motlhanka wa me Sidney Gilbert o ka rekisa ntlo ya me ya polokelo, e Ke e laoletseng batho ba me, mo diatleng tsa baba ba me.

97 A seo se Ke se laotseng se se itshekololwe ke baba ba me, ka tumalano ya bao ba ba ipitsang ka leina la me;

98 Gonne se ke sebe se se botlhoko thata e bile se le setlhogo kgatlhanong le nna, le kgatlhanong le batho ba me, ka ditlamorago tsa dilo tseo tse Ke di laotseng mme tse di tlogang di wela ditšhaba.

99 Ke gone ka moo, ke thato ya me gore batho ba me ba batle tshwanelo ya bone, mme ba tshegetse tshwanelo mo go seo se ke se ba laoletseng, le fa ba se kitla ba letlelelwa go nna mo go lone.

100 Le fa go ntse jalo, ga Ke re ga ba kitla ba nna mo go lone; gonne e re ka ba ungwa leungo la ditiro tse di tshwanetseng bogosi jwa me ba tlaa nna mo go lone.

101 Ba tlaa aga, mme yo mongwe ga a kitla a le rua, ba tlaa tlhoma ditshimo tsa mofine, e bile ba tlaa ja leungo la tsone. Fela jalo. Amene.