Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 23


Tsetlana 23

Tatelelo ya ditshenolo tse tlhano tse di neetswe ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Manchester, New York, Moranang 1830, mo go Oliver Cowdery; Hyrum Smith; Samuel H. Smith; Joseph Smith Sr.; le Joseph Knight Sr. Ka maduo a keletso e tlhwaafetseng mo lotlhakoreng la batho ba batlhano ba ba boletsweng go itse ditiro tsa bone tse di ba lebaganeng, Moperofeti a botsa Morena mme a amogela tshenolo ya motho mongwe le mongwe.

1–7, Barutwana ba ba pele ba bilediwa go rera, kgothatsa, le go nonotsha Kereke.

1 Bona, ke bua le wena, Oliver, mafoko a se kae. Bona, o sego, mme ga o ka fa tlase ga tshekiso. Mme itise mo boikgogomosong, e sere kgotsa wa tsena mo thaelong.

2 Itsise pitso ya gago mo kerekeng, mme le gone le fa pele ga lefatshe, mme pelo ya gago e tlaa bulegela go rera boammaaruri go tloga fa le ka bosaengkae. Amene.

3 Bona, Ke bua le wena, Hyrum, mafoko a se kae; gonne le wena ga o ka fa tlase ga tshekiso, mme pelo ya gago e bulegile, le loleme lwa gago le hunolotswe; mme pitso ya gago ke ya go kgothatsa, le go nonotsha kereke ka gale. Ke gone tiro ya gago e mo kerekeng ka metlha le metlha, mme se ka ntlha ya ba lolwapa lwa gago. Amene.

4 Bona, Ke bua mafoko a se kae mo go wena, Samuel; gonne le wena ga o ka fa tlase ga tshekiso, mme pitso ya gago ke go kgothatsa, le go nonotsha kereke; mme ga o ise o bilediwe go rera fa pele ga lefatshe. Amene.

5 Bona, Ke bua mafoko a se kae mo go wena, Joseph; gonne le wena ga o ka fa tlase ga tshekiso, mme pitso ya gago le yone ke go kgothatsa, le go nonotsha kereke; mme se ke tiro ya gago go tloga fa le ka go bosenang bokhutlo. Amene.

6 Bona, Ke bonatsha mo go wena, Joseph Knight, ka mafoko a, gore o tshwanetse go tsaya sefapaano sa gago, se mo go sone o tshwanetseng go rapela o ntsha lentswe fa pele ga lefatshe le mo sephiring, le mo lolwapeng lwa gago, le mo gare ga ditsala tsa gago, le mo mafelong otlhe.

7 Mme, bona, ke tiro ya gago go lomagana le kereke ya boammaaruri, le go neela puo ya gago mo go kgothatseng ka gale, gore o ka amogela tuelo ya modiri. Amene.