Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 90


Tsetlana 90

Tshenolo go Moperofeti Joseph Smith, e e neetsweng kwa Kirtland, Ohio, Mopitlo 8, 1833. Tshenolo e ke kgatelopele mabapi le tlhomamiso ya Boporesidente jwa Ntlha (bona setlhogo sa tsetlana 81); ka ditlamorago tsa yone, bagakolodi ba ba umakilweng ba ne ba tlhomiwa Mopitlo 18, 1833.

1–5, Dilotlele tsa bogosi di neelwa go Joseph Smith mme ka ene mo Kerekeng; 6–7, Sidney Rigdon le Frederick G. Williams ba tshwanetse go direla mo Boporesidenteng jwa Ntlha; 8–11, Efangele e tshwanetse go rerelwa ditšhaba tsa Iseraele, Baditšhaba, le Bajuta, motho mongwe le mongwe a e utlwa ka loleme la gagwe; 12–18, Joseph Smith le bagakolodi ba gagwe ba tshwanetse go rulaganya Kereke; 19–37, Batho ba ba farologaneng ba gakololwa ke Morena go tsamaya ka tlhokgamo le go direla mo bogosing jwa Gagwe.

1 Go bua jaana Morena, ammaaruri, ammaaruri Ke a go raya morwaaka, dibe tsa gago o di itshwaretswe, go ya ka topo ya gago, gonne dithapelo tsa gago le dithapelo tsa bakaulengwe ba gago di tlhatlhogetse mo ditsebeng tsa me.

2 Ke gone ka moo, o sego go tloga fa yo o tshotseng dilotlele tsa bogosi jo o bo neetsweng; bogosi jo bo tlang la bofelo.

3 Ammaaruri Ke a go raya, dilotlele tsa bogosi ga di kitla di tsewa mo go wena, fa o santse o le mo lefatsheng, le fa e le mo lefatsheng le le tlaa tlang;

4 Le fa go ntse jalo, ka wena ditshenolo di tlaa neelwa go yo mongwe, ee, e bong go kereke.

5 Mme botlhe ba ba amogelang ditshenolo tsa Modimo, a ba itise gore ba di tshegetsa jang e sere kgotsa di kaiwe jaaka dilo tse di motlhofo, mme ba tsisiwe ka fa tlase ga tshekiso ka gone moo, mme ba kgotswe mme ba we fa phefo e e matsubutsubu e fologa, mme diphefo di foka, mme pula e fologa, mme tsa itaaka mo matlong a bone.

6 Mme gape, ammaaruri Ke raya bakaulengwe ba gago, Sidney Rigdon le Frederick G. Williams ke re, ba itshwaretswe dibe tsa bone le bone, mme ba kaiwa jaaka balekane le wena mo go tshegetseng dilotlele tsa bogosi jo jwa bofelo;

7 Jaaka le gone ka tirelo ya gago ya dilotlele tsa sekolo sa baperofeti, tse Ke laotseng gore se rulagangwe;

8 Gore ka gone moo ba tle ba dirwe boitekanelo mo tirelong ya bone ya poloko ya Sione, le ya ditšhaba tsa Iseraele, le ya Baditšhaba, bontsi jo bo tlaa dumelang;

9 Gore ka tirelo ya gago ba ka amogela lefoko, mme ka tirelo ya bone lefoko le ka tswela pele kwa dikhutlong tsa lefatshe, kwa go Baditšhaba pele, mme ke gone, bonang, mme lebang, ba tlaa fetogela kwa Bajuteng.

10 Mme ke gone go tle letsatsi leo letsogo la Morena le tlaa senolwang ka thata go tlhotlheleletsa ditšhaba, ditšhaba tsa baheitane, ntlo ya ga Josefa, mabapi le efangele e e leng ya poloko ya bone.

11 Gonne go tlaa diragala mo letsatsing leo, gore motho mongwe le mongwe a utlwe botlalo jwa efangele ka teme ya gagwe, le ka puo ya gagwe, ka bao ba ba tlhomilweng mo thateng e, ka tirelo ya Mogomotsi, o o goromelediwa mo go bone ka tshenolo ya ga Jeso Keresete.

12 Mme jaanong, ammaaruri Ke a lo raya, Ke lo neela taelo gore lo tswelele mo tirelong le boporesidente.

13 Mme fa lo feditse thanolo ya makwalo a baperofeti, o tlaa re go tswa foo lo okamele merero ya kereke le sekolo;

14 Mme nako le nako, jaaka go tlaa bonatshiwa ka Mogomotsi, lo amogela ditshenolo go phutholola masaitsiweng a bogosi;

15 Mme rulaganyang dikereke, le akanya le go ithuta, le tlwaelane le dibuka tsotlhe tse di molemo, le dipuo, diteme, le batho.

16 Mme se e tlaa nna tiro ya lona le thomo mo matshelong otlhe a lona, go okamela mo lekgotleng le go rulaganya merero yotlhe ya kereke e le bogosi.

17 O se tlhabiwe ke ditlhong, le fa e le go tseangwa; mme lo otlhaiwe mo go botlhe boikgantsho jwa lona le boikgogomoso, gonne di tlisa seru mo meweng ya lona.

18 Rulaganyang matlo a lona, tlosetsang botshwakga le go leswafala kgakala le lona.

19 Jaanong, ammaaruri Ke a lo raya, a go nne le bonno jo bo baakantsweng, ka bonako jo bo kgonegang, jwa lelwapa la mogakolodi le mokwadi wa gago, e bong Frederick G. Williams.

20 Mme a motlhanka wa me yo o tsofetseng, Joseph Smith, Sen., a nne le lolwapa la gagwe mo lefelong le jaanong a nnang mo go lone; mme a le se rekisiwe go fitlha molomo wa Morena o kaya.

21 Mme a mogakolodi wa me, e bong Sidney Rigdon, a nne kwa a nnang teng jaanong go fitlha molomo wa Morena o kaya.

22 Mme a bishopo a batle ka tlhwaafalo go bona moemedi, mme a e nne monna yo o nang le dikhumo mo mabolokelong—monna wa Modimo, le wa tumelo e e nonofileng—

23 Gore ka gone moo a ka nonotshiwa go duela sekoloto sengwe le sengwe; gore ntlo ya polokelo ya Morena e se nyatsege fa pele ga matlho a batho.

24 Batlang ka tlhwaafalo, rapelang ka metlha, mme lo dumele, mme dilo tsotlhe di tlaa dirisanya mmogo go lo direla molemo, fa lo tsamaya ka thokgamo le gakologelwa kgolagano e lo golaganyeng ka yone.

25 A malwapa a lona a nne mannye, segolo bogolo la motlhanka wa me yo o tsofetseng Joseph Smith, Sen., mabapi le bao ba e seng ba malwapa a lona;

26 Gore dilo tseo tse lo di baakanyeditsweng, go diragatsa tiro ya me, di seka tsa tsewa mo go lona mme tsa neelwa bao ba sa tshwanelang—

27 Mme ka gone moo la kgoreletsega mo go diragatseng dilo tseo Ke di lo laoletseng.

28 Mme gape, ammaaruri Ke a lo raya, ke thato ya me gore lelata la me Vienna Jaques le tshwanetse go amogela madi go duela ditshenyegelo tsa gagwe, mme a tlhatlogele kwa lefatsheng la Sione;

29 Mme masalela a madi ke ka a tshwaelwa, mme a duelwe mo nakong ya me e e tshwanetseng.

30 Ammaruri Ke a lo raya, gore go tshwanetse mo matlhong ame gore o tshwanetse go tlhatlogela kwa lefatsheng la Sione, mme a amogele boswa mo seatleng sa bishopo;

31 Gore a nne ka kagiso e re ka a le boikanyego, mme a se nne setshwakga mo malatsing a gagwe go tswa foo.

32 Mme bonang, ammaaruri Ke a lo raya, gore lo kwale taelo e, mme lo reye bakaulengwe ba lona kwa Sione lo re, ka madume a lorato, gore le lona Ke lo biditse go okamela Sione mo nakong ya me e e tshwanetse.

33 Ke gone ka moo, a ba emise go ntshwenya mabapi le se.

34 Bonang, ke a lo raya gore bakaulengwe ba lona kwa Sione ba simolotse go ikwatlhaya, mme baengele ba a ba ipelela.

35 Le fa gontse jalo, ga Ke itumele thata ka dilo tse dintsi; mme ga Ke itumele thata ka motlhanka wa me William E. McLellin, le fa e le ka motlhanka wa me Sidney Gilbert; mme le ene bishopo, le ba bangwe ba na le dilo tse dintsi go di ikwatlhaela.

36 Mme ammaaruri Ke a lo raya, gore Nna, Morena, ke tlaa ganetsanya le Sione, mme ke kope ba gagwe ba ba thata, mme ba mo otlhaye go fitlha a fenya e bile a ntlafetse fa pele ga me.

37 Gonne ga a kitla a sutisiwa mo lefelong la gagwe. Nna, Morena, ke e buile. Amene.