Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 78


Tsetlana 78

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith, kwa Kirtland, Ohio, Mopitlo 1, 1832. Mo letsatsing leo, Moperofeti le baeteledipele ba bangwe ba ne ba kopane go buisana ka tiro ya Kereke. Tshenolo e kwa tshimologong e ne e laela Moperofeti, Sidney Rigdon, le Newel K. Whitney go ya kwa Missouri mme ba rulaganye marekisetso a kereke le maiteko a go gatisa ka go dira “madirelo” a a tlaa okamelang maiteko a, ba dira madi go tlhomamisa Sione le go thusa bahumanegi. Madirelo a, a itsiwe jaaka United Firm, a ne a rulagantswe ka Moranang 1832 mme a kgaogangwa ka 1834 (bona tsetlana 82). Nako nngwe morago ga go emesiwa, ka fa tlase ga kaelo ya ga Joseph Smith, tselana “ditsa ntlo ya mabolokelo a bahumanegi” e emetse “kgwebo le kanamiso ya ditshimologo” mo tshenolong, le lefoko “thulaganyo” le emisetsa lefoko “madirelo.”

1–4, Baitshepi ba tshwane go rulaganya le go tlhomamisa ntlo ya polokelo; 5–12, Tiriso ya dithoto ka botlhale e tlaa isa polokong; 13–14, Kereke e tshwanetse go ikemela ka nosi mo dithateng tsa selefatshe; 15–16, Mikaele (Atamo) o direla ka fa tlase ga taelo ya Moitshepi (Keresete); 17–22, Go sego ba ba boikanyego, gonne ba tlaa rua dilo tsotlhe.

1 Morena o buile le Moperofeti Joseph Smith Jun., a re: Ntheetsang, go bua Morena Modimo wa lona, lona ba lo tlhomilweng mo boperesiting jo bogolo jwa kereke ya me, ba lo phuthegileng;

2 Mme reetsang kgakololo ya ene yo o le tlhomileng go tswa kwa godimo, yo o tlaa buang mafoko a tlhalefo mo ditsebeng tsa lona, gore poloko e tle e nne mo go lona mo selong seo se lo se beileng fa pele ga me, go bua Morena Modimo.

3 Gonne ammaaruri ke a lo raya, nako e tlile, mme jaanong e gaufi; mme lebang, e bile bonang, go a tlhokega gore go nne le thulaganyo ya batho ba me, mo go laoleng le mo go tlhomamiseng merero ya ntlo ya polokelo go thusa bahumanegi ba batho ba me, gotlhe mo lefelong le le mo lefatsheng la Sione—

4 Madirelo a se nnela ruri le a a sa khutleng le thulaganyo mo kerekeng ya me, go tsweledisa ntlha, e lo inaakantseng le yone, go isa polokong ya batho, le kgalaletso ya Rara yo o kwa legodimong;

5 Gore lo ka lekana mo ditumalanong tsa dilo tsa selegodimo, ee, le dilo tsa selefatshe le tsone, gore lo amogele dilo tsa selegodimo.

6 Gonne fa lo sa lekane mo dilong tsa lefatshe ga lo kake lwa lekana mo go amogeleng dilo tsa selegodimo;

7 Gonne fa lo rata gore Ke lo neele bonno mo lefatsheng la Selesetiale, le tshwanetse go ipaakanya ka go dira dilo tse Ke lo di laetseng e bile di batliwa mo go lona.

8 Mme jaanong, ammaaruri go bua jaana Morena, go tshwanetse gore dilo tsotlhe di direlwe kgalaletso ya me, ke lona ba le kopanyeng mo thulaganyong e;

9 Kgotsa, ka mafoko a mangwe, a motlhanka wa me Newel K. Whitney le motlhanka wa me Joseph Smith Jun., le motlhanka wa me Sidney Rigdon ba nne mo lekgotleng le baitshepi ba ba mo Sione;

10 Fa go sa nna jalo Satane o batla go kgaphela dipelo tsa bone kgakala le boammaaruri, gore ba foufale mme ba se tlhaloganye dilo tse ba di baakanyeditsweng.

11 Ke gone, taelo Ke a lo e neela, go ipaakanya le go ithulaganya ka tumalano kgotsa kgolagano e e sakhutleng e e sa kakeng ya robiwa.

12 Mme ene yo o e robang o tlaa latlhegelwa ke ofisi ya gagwe le seemo mo kerekeng, mme o tlaa neelwa mo dikiteong tsa ga Satane go fitlha letsatsi la thekololo.

13 Bonang, se ke paakanyo e Ke lo baakanyang ka yone, le motheo, le sekao tse Ke lo di neelang, tse lo ka diragatsang ditaelo tse lo di neetsweng ka tsone;

14 Gore ka tlamelo ya me, le fa gontse jalo pitlagano e e tlaa le welang, gore kereke e ka ikemela ka nosi go feta dibopiwa tse dingwe tsotlhe ka fa tlase ga lefatshe la selesetiale;

15 Gore lo ka fitlhelela korone e lo e baakanyeditsweng, mme lwa dirwa babusi mo magosing a mantsi, go bua Morena Modimo, Moitshepi wa Sione, yo o tlhomamisitseng metheo ya Adam-ondi-Ahman;

16 Yoo tlhomileng Mikaele kgosana ya lona, mme a tlhomamisa dinao tsa gagwe, mme a mo tlhoma mo godimo, mme a mo neela dilotlele tsa poloko ka fa tlase ga kgakololo le taelo ya Moitshepi, yo o senang tshimologo ya malatsi kgotsa bokhutlo jwa botshelo.

17 Ammaaruri, ammaaruri, Ke a lo raya, lo bana ba bannye, mme ga lo ise lo tlhaloganye gore di dikgolo jang ditshegofatso tse Rara a di tshotseng mo diatleng tsa gagwe e bile a le di baakanyeditseng;

18 Mme ga lo ka ke lwa itshokela dilo tsotlhe jaanong; le fa gontse jalo, nametsegang, gonne ke tlaa lo etelelapele. Bogosi ke jwa lona le ditshegofatso tsa jone ke tsa lona, le mahumo a bosakhutleng ke a lona.

19 Mme yoo amogelang dilo tsotlhe ka malebogo o tlaa galalediwa; mme dilo tsa lefatshe o tlaa di okelediwa, e leng ga lekgolo, ee, le go feta.

20 Ke gone, dirang dilo tseo Ke lo di laoletseng, go bua Morekolodi wa lona, e bong Morwa Ahman, yo o baakanyang dilo tsotlhe pele a lo tsaya;

21 Gonne lo kereke ya Motsalwapele, mme o tlaa lo tsholetsa mo marung, mme a laolela motho mongwe le mongwe kabelo ya gagwe.

22 Mme yoo ikanyegang e bile e le molebedi yo o botlhale o tlaa rua dilo tsotlhe. Amene.