Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 136


Tsetlana 136

Lefoko le go rata ga Morena, tse di neetsweng ka Poresidente Brigham Young kwa Winter Quarters, kampa ya Iseraele, Tšhaba ya Omaha, mo letshitshing la bophirima jwa Noka ya Missouri, gaufi le Lekgotla la Bluffs, Iowa.

1–16, Ka fa khudugo ya Iseraele e tshwanetseng go rulaganngwa ka teng go tsamaela ntlheng ya bophirima go a tlhalosiwa; 17–27, Baitshepi ba laelwa go tshela go yeng ka dielo tse dintsi tsa efangele; 28–33, Baitshepi ba tshwanetse go opela, go bina, go rapela, le go ithuta tlhalefo; 34–42, Baperofeti ba bolawa gore ba ka neelwa tlotla mme baikepi ba sekisiwa.

1 Lefoko le go Rata ga Morena mabapi le Khudugo ya Iseraele mo metsamao ya bone go ya Bophirima:

2 A batho botlhe ba Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo, le bao ba ba tsamayang le bone, ba rulaganngwe mo ditlhopheng, ka kgolagano le tsholofetso go tshegetsa ditaelo tsotlhe le melao ya Morena Modimo wa rona.

3 A ditlhopha di rulagangwe ka bakapoteini ba makgolo, bakapoteini ba masome a matlhano, le bakapoteini ba masome, go na le poresidente le bagakolodi ba gagwe ba babedi kwa pele ga bone, ka fa tlase ga kaelo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi.

4 Mme se e tlaa nna kgolagano ya rona—gore re tlaa tsamaya mo ditaong tsotlhe tsa Morena.

5 A setlhopha sengwe le sengwe se itlamele ka dipane tsotlhe, dikara, ditlamelo, diaparo, le tse dingwe tse di tlhokegang tsa loeto, tse ba di nonofetseng.

6 Fa ditlhopha di sena go rulaganngwa a di tswelele ka maatla a tsone, go baakanyetsa bao ba ba tshwanetseng go nna.

7 A setlhopha sengwe le sengwe, ka bakapoteni le boporesidente ba bone, ba tseye tshwetso gore ke ba le kae ba ba ka tsamayang dikgakologo tse di latelang; ke gone ba itshenkele palo e e lekaneng ya banna ba ba itekanetseng e bile ba le ditshwerere, go tsaya dipane, dipeo, le di dirisiwa tsa temo, go tsamaya jaaka basimolodi go baakanyetsa go lema dijwalo tsa dikgakologo.

8 A setlhopha sengwe le sengwe se tseye seabe se se lekanang, go yeng ka kabelo ya dithoto tsa bone, go tsaya bahumanegi, batlholagadi, masiela, le malwapa a bao ba ba tseneng mo batlhabani, gore dilelo tsa motlholagadi le masiela di se tlhatlogele mo ditsebeng tsa Morena kgatlhanong le batho ba.

9 A setlhopha sengwe le sengwe se baakanyetse matlo, le ditshimo go lemela mabele, bao ba ba tshwanetseng go sala mo pakeng e; mme se ke go rata ga Morena mabapi le batho ba gagwe.

10 A monna mongwe le mongwe a dirise thata ya gagwe yotlhe le dithoto go hudusetsa batho ba kwa lefelong le Morena a tlaa hudusetsang lomapo lwa Sione teng.

11 Mme fa lo dira se ka pelo e e itshekileng, ka boikanyegong jotlhe, lo tlaa segofadiwa; lo tlaa segofadiwa mo metlhapeng ya lona, le mo dikgomong, le mo ditshimong tsa lona, le mo matlong a lona, le mo malwapeng a lona.

12 A batlhanka ba me Ezra T. Benson le Erastus Snow ba rulaganye setlhopha.

13 A batlhanka ba me Orson Pratt le Wilford Woodruff ba rulaganye setlhopha.

14 Le gone, a batlhanka ba me Amas Lyman le George A. Smith ba rulaganye setlhopha.

15 Mme tlhomang boporesidente, le bakapoteini ba makgolo, le masome a matlhano, le ba masome.

16 Mme a batlhanka ba me ba ba ntseng ba tlhomilweng ba tsamaye le go ruta se, go rata ga me, kwa baitsheping, gore ba ka ipaakanyetsa go ya kwa lefatsheng la kagiso.

17 Tsamayang mme lo dire jaaka ke lo boleletse, mme lo se boifeng baba ba lona; gonne ga ba kitla ba nna le thata go emisa tiro ya me.

18 Sione o tlaa rekololwa mo nakong ya me e e tshwanetseng.

19 Mme fa motho mongwe a batla go ikaga, mme a sa batle kgakololo ya me, ga a kitla a nna le thata, mme boeleele jwa gagwe bo tlaa bonatshiwa.

20 Batlang; mme lo tshegetseng ditsholofetso tsa lona mongwe le yo mongwe; mme lo se eletse se e leng sa mokaulengwe wa lona.

21 Itibeleng mo bosuleng go dirisetsa leina la Morena lefela, gonne ke nna Morena Modimo wa lona, e bong Modimo wa bo rraalona, Modimo wa ga Aberahame le Isake le Jakobe.

22 Ke nna yo ke gogileng bana ba Iseraele go tswa mo lefatsheng la Egepeto; mme letsogo la me le otlolotswe mo malatsing a bofelo, go boloka batho ba me Iseraele.

23 Emisang go ganetsana mongwe le yo mongwe; emisang go bua bosula mongwe ka yo mongwe.

24 Emisang botagwa; mme a mafoko a lona a ganelele go nonotsha maikutlo mongwe le yo mongwe.

25 Fa o adima mo moagisanying wa gago, o tlaa busa seo se o se adimileng; mme fa o sa kgone go duela ke gone tlhamalala mme o bolelele moagisanyi wa gago, e sere kgotsa a go sekise.

26 Fa o ka bona seo se moagisanyi wa gago a se latlhileng, o tlaa batla ka tlhwaafalo go fitlhelela o se mo neela gape.

27 O tlaa tlhwaafala mo go dibeleng se o nang le sone, gore o nne molebedi yo o botlhale; gonne ke neo ya Morena Modimo wa gago, mme o molebedi wa gagwe.

28 Fa o itumetse, ga laletsa Morena ka go opela, ka mo opelo, ka go bina, le ka thapelo ya kgalaletso le malebogo.

29 Fa o hutsafetse, bitsa Morena Modimo wa gago ka kokotlelo, gore mewa ya lona e ka itumela.

30 Se boife baba ba gago, gonne ba mo diatleng tsa me mme ke tlaa dira go kgatlhega ga me mo go bone.

31 Batho ba me ba tshwanetse go lekwa mo dilong tsotlhe, gore ba ka baakanyediwa go amogela kgalalelo e ke ba e tsholetseng, e bong kgalalelo ya Sione; mme yo o sa kitlang a itshokela kwatlhao ga a tshwanela bogosi jwa me.

32 A ene yo o senang kitso a ithute tlhalefo ka go ikokobetsa le go bitsa Morena Modimo wa gagwe, gore matlho a gagwe a buduloge gore o ka bona, le ditsebe tsa gagwe di kabologe gore o ka utlwa;

33 Gonne Mowa wa me o rometswe mo lefatsheng go sedimosetsa ba ba boikokobetso le ba ba ngomogileng, le mo tshekisong ya baikepi.

34 Bakaulengwe ba gago ba go ganne le bopaki jwa gago, e bong tšhaba e e go lelekileng;

35 Mme jaanong go tlaa tla letsatsi la masetlapelo a bone, le e leng malatsi a kutlobotlhoko, jaaka mosadi yo o mo ditlhabing, mme go hutsafala ga bone go tlaa nna gogolo fa e se ba ikwatlhaya ka pela, ee, ka pela thata.

36 Gonne ba bolaile baperofeti, le bone bao ba ba neng ba rometsweng kwa go bone; e bile ba tsholotse madi a a senang molato, a a gowang go tswa mo lefatsheng kgatlhanong le bone.

37 Ke gone ka moo, se gakgamaleleng dilo tse, gonne ga lo ise lo itsheke; ga lo ka ke lwa itshokela kgalalelo ya me; mme lo tlaa e bona fa lo ikanyega mo go tshegetseng mafoko otlhe ame a ke a lo neetseng, go tswa mo malatsing a ga Atame go ya kwa go Aberahame, go tswa kwa go Aberahame go ya kwa go Moše, go tswa kwa go Moše go ya kwa go Jeso le baaposetole ba gagwe, le go tswa kwa go Jeso le baaposetole ba gagwe go ya kwa go Joseph Smith, yo ke mmiditseng ka baengele ba me, batlhanka ba me ba ba ntirelang, le lentswe la me go tswa kwa magodimong, go tlisa tiro ya me;

38 Motheo yo a o thaileng, mme a le boikanyego; mme ke mo itseetse.

39 Ba le bantsi ba gakgametse ka ntlha ya loso lwa gagwe; mme go ne go batlega gore o tshwanetse go kanela bopaki jwa gagwe ka madi a gagwe, gore a tle a tlotlwe mme baikepi ba tle ba sekisiwe.

40 A ga ke a lo golola mo babeng ba lona, fela mo go seo ke tlogetse bosupi jwa leina la me?

41 Jaanong, ke gone ka moo, reetsang, Ao! lona batho ba kereke ya me; mme lona bagolwane utlwang mmogo; lo amogetse bogosi jwa me.

42 Nnang tlhaga mo go tshegetseng ditaelo tsa me tsotlhe, e sere kgotsa dikatlholo di le wele, mme tumelo ya lona e tlhaele, le baba ba lona ba le fenye. Ke gone ka moo ga ke sa tlhole ke senola sepe mo bo gompienong. Amene mme Amene.