Scriptures
Dithuto le Dikgolagano 49


Tsetlana 49

Tshenolo e e neetsweng ka Moperofeti Joseph Smith go Sidney Rigdon, Parley P. Pratt, le Leman Copley, kwa Kirtland, Ohio, Motsheganong 7, 1831. Leman Copley o ne a amogetse efangele mme o ne a santseng a dumela mo dithutong tsa Shakers (United Society of Believers in Christ’s Second Appearing), tse a neng e le wa tsone pele. Dingwe tsa ditumelo tsa ba Shakers e ne e le gore Go Tla ga Bobedi ga ga Keresete go setse go diragetse le gore O bonetse mo popegong ya mosadi, Ann Lee. Ba ne ba sa tseye kolobetso ka metsi e le botlhokwa; Ba ne ba gana lenyalo mme ba dumela mo botshelong jwa bo ikgapho jo bo feletseng. Bagwe ba Shakers le bone ba ne ba kganela go jewa ga nama. Jaaka ketapele ya tshenolo e, Ditso tsa ga Joseph Smith di bolela gore“Gore go nne le tlhaloganyo e e feletseng mo setlhogong se, Ke ne ka botsa Morena, mme ka amogela e e latelang.” Tshenolo e ganetsa megopolo ya botlhokwa ya mokgatlho wa Shakers. Bakaulengwe ba ba umakilweng pele ba tsaya moriti wa tshenolo go o isa kwa morafeng wa ba Shaker (go bapa le Cleverland Ohio) mme ba e ba balela ka botlalo jwa yone, mme ene ya ganwa.

1–7, Letsatsi le oura ya go tla ga ga Keresete di tlaa nna di sa itsiwe go fitlha A tla; 8–14, Batho ba tshwanetse go ikwatlhaya, ba dumela efangele, mme ba obamela ditao go amogela poloko; 15–16, Lenyalo le tlhomilwe ke Modimo; 17–21, Go jewa ga nama go letleletswe; 22–28, Sione o tlaa tlhogonolofala mme Balamane ba tlaa thunya jaaka sethunya pele ga Go Tla ga Bobedi.

1 Tlhwaelang tsebe lefoko la me, batlhanka ba me Sidney, le Parley, le Leman; gonne bonang, ammaaruri Ke a lo raya, gore Ke lo neela taelo gore lo tsamaye mme lo rere efangele ya me e lo e amogetseng, fela jaaka lo e amogetse, kwa go ba Shakers.

2 Bonang, Ke a lo raya, gore ba eletsa go itse ka bontlha bongwe boammaruri, mme e seng gotlhelele, gonne ga ba a siama fa pele ga me mme ba tshwanetse go ikwatlhaya.

3 Ke gone, Ke lo romelang, batlhanka ba me Sidney le Parley, go ba rerela efangele.

4 Mme motlhanka wa me Leman a tlaa tlhongwa mo tirong e, gore a akantshane le bone, e seng go ya ka seo se a se amogetseng mo go bone, mme go ya ka seo se a tlaa se rutiwang ke lona batlhanka ba me, mme ka go dira jalo Ke tlaa mo segofatsa, fa go sa nna jalo ga a kitla a tlhogonolofala.

5 Go bua jaana Morena; gonne Ke nna Modimo, mme ke rometse Morwa wa me yo o Tsetsweng a le Esi mo lefatsheng ka ga thekololo ya lefatshe, mme ke laotse gore yo o mo tsholang o tlaa bolokwa, mme yo o sa mo tsholeng o tlaa hutsiwa—

6 Mme ba dirile Morwa Motho fela jaaka ba ratile; mme o amogetse thata ya gagwe ka fa seatleng sa moja sa kgalalelo ya gagwe, mme jaanong a busa mo magodimong, mme o tlaa busa go fitlha a fologelela mo lefatsheng go baya baba botlhe ka fa tlase ga dinao tsa gagwe, nakong e e atametse—

7 Nna, Morena Modimo, ke e buile; mme oura le letsatsi ga go itse motho ope, le fa e le baengele ba ba kwa legodimong, le fa e le go tlaa ba itse go fitlha a tla.

8 Ke gone, Ke rata gore batho botlhe ba ikwatlhaye, gonne botlhe ba ka fa tlase ga sebe, fa e se bao ba ke ba itshadiseditseng, batho ba ba boitshepo ba le sa itseng ka bone.

9 Ke gone, Ke a lo raya gore Ke lo romeletse kgolagano ya me e e sa khutleng, e bong e e sa leng e nna mo tshimologong.

10 Mme eo e ke e solofeditseng Ke e diragaditse jaana, mme ditšhaba tsa lefatshe di tlaa e obamela; mme, fa e se ka bo bone, ba tlaa kokobediwa, gonne seo se jaanong se ikgodisang se tlaa ngotliwa ka thata.

11 Ke gone, Ke lo neela taelo gore lo tsamaye mo gare ga batho ba, mme lo ba reye lo re, jaaka moaposetole wa me wa bogologolo, yo o leina la gagwe e neng e le Petere:

12 Dumelang mo leineng la Morena Jeso, yo o neng a le mo lefatsheng, mme a tlaa tla, tshimologo le bokhutlo;

13 Ikwatlhayeng lo bo lo kolobelediwe mo leineng la ga Jeso Keresete, go ya ka taelo e e boitshepo, go boitshwarelo jwa dibe;

14 Mme le fa e le mang yo o dirang se o tlaa amogela neo ya Mowa o o Boitshepo, ka peo ya diatla tsa bagolwane ba kereke.

15 Mme gape, ammaaruri ke a lo raya, gore le fa e le mang yo o itsang batho go nyala ga a a tlhomiwa ke Modimo, gonne lenyalo le tlhomilwe ke Modimo mo mothong.

16 Ke gone, go ka fa molaong gore o tshwanetse go nna le mosadi a le mongwe, mme boo babedi ba tlaa nna nama e le nngwe, mme tsotlhe tse gore lefatshe letle le diragatse bokhutlo jwa lebopo la lone;

17 Mme gore le tle le tlale ka selekanyo sa motho, go ya ka lebopo lwa gagwe pele ga lefatshe le dirwa.

18 Mme le fa e le mang yo o laolang motho go ikitsa dinama, gore motho ga a tshwanela go e ja, ga a tlhomiwa ke Modimo;

19 Gonne, bonang, dibatana tsa naga le dinonyane tsa loapi, le tse di tswang mo mmung, di tlhometswe go dirisiwa ke motho e le dijo le diaparo, mme gore a tle a nne le tsone ka letlotlo.

20 Mme ga go a neelwa gore motho a le mongwe a ka rua seo se se fetang sa yo mongwe, ke gone lefatshe le mo sebeng.

21 Mme bohutsana bo nne mo mothong yo o tshololang madi kgotsa a senya nama mme a sa tlhoke.

22 Mme gape, ammaaruri ke a lo raya, gore Morwa Motho ga a tle mo popegong ya mosadi, le fa e le ya motho yo o tsamayang mo lefatsheng.

23 Ke gone, lo se tsiediwe, mme tswelelang mo tlhomamong, mme lo lebelele go tshikinyega ga magodimo, le lefatshe go roroma le go thethekela jaaka motho yo o tagilweng, le makhubu a godisiwa, mme dithaba di kokobediwe, mme le mafelo a a magwata go rethefadiwa—mme tsotlhe tse ka nako e moengele a tlaa letsang porompeta ya gagwe.

24 Mme pele ga letsatsi le legolo la Morena le tla, Jakobe o tlaa tlhogonolofala mo nageng, mme Balamane ba tlaa thunya jaaka sethuya.

25 Sione o tlaa tlhogonolofala mo mantsweng le go ipela mo dithabeng, mme o tlaa phuthegela mo lefelong le Ke le tlhomileng.

26 Bonang, Ke a lo raya, tswelang pele jaaka Ke lo laetse; ikwatlhaeleng dibe tsotlhe tsa lona; kopang mme lo tlaa amogela; kokotang mme lo tlaa bulelwa.

27 Bonang, Ke tlaa lo etelelapele mme ke tlaa nna tshimega ya lona; mme ke tlaa nna mo gare ga lona, mme ga lo kitla lo tlhabisiwa ditlhong.

28 Bonang, ke Jeso Keresete, mme Ke tla ka bonako. Fela jalo. Amene.